Domboshaba

Domboshaba ke lefelo la ngwao le ditso mo lefatsheng la Botswana le le simolotseng go nniwa ka nako ya phelelo ya Great Zimbabwe (go tswa ka ngwaga wa sekete, makgolo a mabedi le masome a matalhno go tsena ngwaga wa sekete, makgolo a mane, le masome a matlhano morago ga loso lwaga Keresete). Lefelo le le a tlotlega mo bathong ba ba nnang mo go lone. Go na le ditumelo di le dintse ka lefelo le la Domboshaba, go dumelwa gore kgosi o ne a nna kwa godimo ga thaba le barongwa ba gagwe, ba lelapa la gagwe e le ngwe ya go ka nna a bona baba ba gagwe ka nako tsotlhe.[1][2]
Lefoko la Dombo le raya thaba, lefoko la Shaba le raya bohibidu (le ranotswe go tswa mo puso ya Sekalaka go raya bohibidu kgotsa thaba).[3] Domboshaba gape le bidiwa Luswingo ekile ya bo e le lefelo la bonno la kgosikgolo wa nako eo. Matlotla a a tshwana le Mwenemotapa. Mohumagadi wa ga Kgosi o ne a nna kwa tlase ga thaba. Domboshaba e na le dithaba tse dingwe, lekadiba la metsi kwa Matenge, le le bidiwa Matenge le le sekeng le kgala, lekadiba le le boteng jwa dimithara[3] di supa, le fa godimo ga lejwe.[4][5]
Ngwao Boswa
[fetola | Fetola Motswedi]
Domboshaba ke lefelo le le bulegileng la diheketara di feta borobabobedi. Kwa godimo ga thaba go na le mabotana a majwe a a omeletseng a a dirang malwapa. Bontsi jwa mabotana a, a bo kwa godimo jwa mithara o le mongwe le borobabobedi. Mabotana a eme a le nosi ke a le palo potlana fela a a nang le dirala a e leng bontlha jwa kgoro. Go na le fa fatshe fa go dililweng go supa fa go ne go na le matlo a setswana. Lefelo le le etetswe ke beng ge ebile le sireleditswe ka dikeletso tsa mo gae go fitlhelela ka nako ya bokolone, go tswa ka nako eo go ya pele go ne ga nna le go tsoma dintlenyane, lefelo le ne la epololwa ke batsomi ba dintlenyane le baitsenape ba marope.[3]
Melao kwa lefelong
[fetola | Fetola Motswedi]
Melao
[fetola | Fetola Motswedi]Domboshaba ke lefelo la segopotso le le mo tlhokomelong ya motlobo wa ditso wa Botswana, le sireleditswe ke molao o o fetotsweng wa digopotso (ngwaga wa dikete pedi le motso).[6]
Tshilo (lejwe la tshilwana)
[fetola | Fetola Motswedi]Tshilo e ne e dirisiwa go sila dilo tse di tshwanang le motsokwe, manoko le mabele. Se se papamatsa gore amaruri lefelo le e ele boremelelo jwa papadisanyo ebile go nna balemi barui. Di dirisiwa tse di patane ke gore di pedi, letlapa lele itshetletseng fa fatse lele bidiwa tshilo le le dirisiwang go sila ka ditla le bidiwa tshilwana ya pele le nyeletse, dipelaelo e le gore mongwe o le ikadimile.

Bodilo jwa matlo
[fetola | Fetola Motswedi]Masalela a matlo a a ko domboshaba a supa fa a ne a agilwe ka mmu o tlhakantswe le boloko jwa dikgomo. Mo bogompienong re fitlhela fela go setse bodilo jwa matlo a jo bo bipolotsweng ke kgotlhego ya mmu fa jo bongwe bo bipolotswe ke kepo ya ditso. Go lemosegile gore mo motswakong wa mmu o o dirisitsweng mo bodilong jwa mmu wa mmopa o montsi thata go na le wa lekgarapana. Bodilo jo bo ritetswe gantsi e ne ere ntlo e setse e feditswe bodilo bo fisiwe ka molelo gore bo tie.
Dinepe tsa Domboshaba
[fetola | Fetola Motswedi]- Grinding stone information
- Lentswe la thaba kwa Domboshaba monument
- Kgoro ya lefelo la Domboshaba Monument(Gate house)
- Domboshaba
- Ditlhare kwa lefelong la Domboshaba
Ntlo ya kgoro ya Domboshaba
[fetola | Fetola Motswedi]Ntlo ya kgoro ya Domboshaba e agilwe ya bo ya bulwa ke setshaba sa Kalakamati ka lenaneo la Ipelegeng ba tshwaragane le lephata le ditso le digopotso.[7]


Lelwapa la Kgosi
[fetola | Fetola Motswedi]Mabotana a a omeletseng a majwe ke mokgwa wa kago wa go aga ka majwe go sena semente go tshwaraganya majwe mmogo. Kwa godimo ga thaba ke lelwapa la bogosi, mogakolodi wa gagwe wa sedumedi le ba ba gaufi le ene. Kwa godimo ga thaba go na le mabotana a le marataro fa kwa tlase go na le le lengwe le le kgaogantsweng kwa mohumagadi wa ga Kgosi le lolwapa ba nnang teng.[8]

Tshilwana
[fetola | Fetola Motswedi]Le ke lejwana le le silang le le neng le dirisiwa kwa Domboshaba go sila motsokwe, manoko le mabele. Se se gatelela gore lefelo le e ne e le lefelo le le tlhomogileng la kgwebo le nniwa ke batho ba motlha wa tshipi ba e neng e le balemi barui. Matlapa a Quern a bereka a le mabedi. Lejwe le le kwa tlase le bidiwa Quern, le le kwa godimo le bidiwa letlapa la letsogo. Lejwe la pele le sentswe ke batho ba ba sa itsegeng.

Bodilo
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le masalela a bodilo kwa lefelong la segopotso la Domboshaba, jo bo dirilweng ka mmu o tlhakantswe le boloko jwa kgomo mo lefelong leo ka kakaretso. Bodilo jo bogologolo bo ne jwa upololwa ke baitseanapae ba marape le kgothego ya mmu mo tsamaong ya nako. Bodilo bo bo ne bo dirilwe ka mmu o o nang le lokgarapana. Go dumelwa fa bodilo jwa matlo bo ne bo tshubiwa go bo thatafatsa gore bo kgone go nna sebaka.[2]
Moletlo wa ngwao wa Domboshaba
[fetola | Fetola Motswedi]Moletlo wa ngwao wa Domboshaba o simolotse ka ngwaga wa dikete pedi fa letsholo a Mukani le Balumbidzi ba Bakalaka ba ne ba batla ditsela tse ba ka rotloetsang le go ipelela ngwao le ditso tsa Bakalaka ka teng.[9] Lefelo la segopotso la Domboshaba le tshwara moletlo wa ngwaga le ngwaga kwa go lone.[10][11] Moletlo o akaretsa baeng ba tlotla go tswa kwa ditsong tse di farologaneng go tla go bogela ngwao le ditso tsa Bakalaka. Moletlo o a tlotliwa ebile o thusiwa ka madi ke lephata la bojanala la Botswana e le tsela ya go tsibosa batho ka moletlo le lefelo, mo gape ke nako ya go abelana maitemogelo a ngwao le go utlwa tatso ya dijo tsa setso tsa Delele, Nyembah, Topii, Morogo wa dinawa, Zengwe, Lebelebele le tse dingwe. Moletlo wa Domboshaba ga o kgatlhe Batswana le batho ba Zimbabwe fela, mme meletlo e e diriwang koo e supa ngwao ya Bakalaka.[12][13]
Moletlo wa setso
[fetola | Fetola Motswedi]

Lenaneo la moletlo
[fetola | Fetola Motswedi]Moletlo wa Domboshaba o nna ngwaga le ngwaga ka Lwetse a le masome mabedi le borataro go tsena a le masome mabedi le borobabobedi.
Letlole la Domboshaba
[fetola | Fetola Motswedi]Letlole la Domboshaba kgotsa DTC ke bangwe ba ba thusang ka madi mo moletlong fa e sale o tlhamiwa ka ngwaga wa dikete pedi le bosupa, ke moletlo wa ngwaga le ngwaga o o tsisang batho mmogo go tswa ka banana ba Bakalaka le dilthopha tse dingwe go ithuta ngwao le ditso tsa Bakalaka.[14]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Domboshaba ruins". Republic of Botswana, Government portal. Retrieved 23 July 2026
- 1 2 Walker, Nick (2010). "Recent Research at Domboshaba Ruin, North East District, Botswana". Botswana Notes and Records. 42: 147–153. ISSN 0525-5090. JSTOR 23237979.
- 1 2 3 Brook, Michael C. (2017). Botswana Monuments, Heritage sites and Museums. Gaborone, Botswana: Kwena Pools. p. 100. ISBN 9789996805660
- ↑ "Conservation and Development of Mantenge Conservation Area (Botswana) - Sécheresse info". www.secheresse.info. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Exploring Tourism Botswana". Archived from the original on 3 December 2019.
- ↑ Deacon, Harriet; Dondolo, Luvuyo; Mrubata, Mbulelo; Prosalendis, Sandra (2004). The Subtle Power of Intangible Heritage: Legal and Financial Instruments for Safeguarding Intangible Heritage. HSRC Press. ISBN 978-0-7969-2074-4.
- ↑ Allafrica. "Domboshaba gate house". Allafrica.com. Gladys Olebeng. Retrieved 23 July 2026
- ↑ Chiefs residence at Domboshaba". FortuneofAfrica. Archived from the original on 29 June 2017. Retrieved 23 July 2026
- ↑ Priti, Jain; Nathan, Mnjama (21 December 2016). Managing Knowledge Resources and Records in Modern Organizations. IGI Global. ISBN 978-1-5225-1966-9.
- ↑ "Domboshaba Cultural festival". Botswana Tourism. BTO. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Domboshaba Festival, the heart of the Bakalanga people". Sunday Standard. 10 October 2010. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Domboshaba festival". Botswana daily news online. Archived from the original on 28 June 2021. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Domboshaba Festival of Culture and History". Music In Africa. 9 September 2016. Retrieved 23 July 2026
- ↑ "Domboshaba cultural trust". Daily news online. BDNO. Archived from the original on 18 August 2017. Retrieved 23 July 2026