Jump to content

Dorot

Go tswa ko Wikipedia

Dorot ke kibbutz e e kwa borwa jwa Iseraele. E kwa Route 334 gaufi le Sderot, e wela ka fa

Dorot
Coordinates: 31°30′23″N 34°38′43″E / 31.50639°N 34.64528°E / 31.50639; 34.64528Coordinates: 31°30′23″N 34°38′43″E / 31.50639°N 34.64528°E / 31.50639; 34.64528
Founded byGerman Jews

tlase ga taolo ya mmasepala wa Khansele ya Kgaolo ya Sha'ar HaNegev. Ka ngwaga wa 2022 e ne e na le baagi ba le 915.[1]

Histori[fetola | Fetola Motswedi]

Dorot e ne ya tlhomiwa ka nako ya Hanukkah ka 1941 ke batshabi ba Bajuda ba ba neng ba tswa kwa Jeremane, ba ba neng ba lema mabele, ditlhare tsa maungo le merogo. Go senyega ga mmu e ne e le bothata jo bo kgethegileng mo kibbutz[2]. E ne ya reelelwa ka maloko a le mararo a lelapa la ga Hoz, Dov, Rivka le Tirtza, ba ba neng ba tlhokafala mo kotsing ya koloi ngwaga pele ga moo. Moragonyana batho ba ba neng ba simolola mokgatlho ono ba ne ba kopanngwa le Baiseraele ba ba tlholegileng koo le bafaladi ba ba tswang kwa Czechoslovakia le Latvia. Ka 1947 e ne e na le baagi ba le 300.[3]

Ka selemo sa 1946, Dorot le motse o o bapileng le one wa Ruhama di ne tsa thopiwa ke masole a Boritane. Ka go batla dibetsa tse di seng ka fa molaong mo motseng, masole a Boritane a ne a senya motse thata. Ka nako ya ntwa ya 1948 [4]magareng ga Baarabia le Iseraele, le ntwa ya Negev, Dorot e ne ya kgaolwa mme ya tshwanelwa ke go tlamelwa ka sefofane go fitlha e gololwa ka Diphalane 1948.

Morago ga 1948, Dorot e ne ya atolosiwa mo lefatsheng la motse wa Maarabia wa Palesetina wa Huj, o o neng o se na batho ka nako ya Ntwa ya 1948 ya Maarabia le Iseraele.[5]

Jewish National Fund e ne ya tlhoma sekgwa mo lefatsheng la lefelo la bonno le le bidiwang Sekgwa sa Basadi ba Babulatsela, se se neng sa duelelwa ka meneelo ya baithaopi go tswa kwa United States

Dinepe tsa histori[fetola | Fetola Motswedi]


Yiftach 3rd Battalion



Dorot airfield ka 1948




Meswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Regional Statistics". Israel Central Bureau of Statistics. Retrieved 21 March 2024.[1]
  2. Jewish National Fund (1949). Jewish Villages in Israel. Jerusalem: Hamadpis Liphshitz Press. pp. 32–33.[2]
  3. Jewish National Fund (1949). Jewish Villages in Israel. Jerusalem: Hamadpis Liphshitz Press. pp. 32–33.[3]
  4. Jewish National Fund (1949). Jewish Villages in Israel. Jerusalem: Hamadpis Liphshitz Press. pp. 32–33.[4]
  5. Khalidi, Walid (1992). All That Remains: The Palestinian Villages Occupied and Depopulated by Israel in 1948. Washington D.C.: Institute for Palestine Studies. p. 103. ISBN 0-88728-224-5.[5]