East Hanahai

East Hanahai ke motse wa Botswana. Go ya palobatho ya (2001) motse o,o ne o na le baagi ba le 405.Ke motse mo Kgaolong ya Ghanzi. O kwa bogareng jwa kgaolo, gaufi le Central Kalahari Game Reserve, e e ka nnang dikilometara di le masome a matlhano kwa borwabotlhaba jwa Ghanzi. East Hanahai ke motse o o nang le sekolo se sepotlana le kokelwana ya boitekanelo. Go agiwa ga tsela ya Trans-Kalahari Highway go bapa le tsela ya yone e ntšhwa, go na le go dirisa tsela ya Gaborone - Ghanzi e kgologolo go nnile le ditlamorago tse di sa siamang kwa Botlhaba le Bophirima jwa Hanahai ka ntlha ya go fokotsega go gogolo ga pharakano. Tlhaelo ya ditiro e raya gore maloko a le mantsi a setšhaba a ikaegile ka ditiro tse di seng tsa sepe (tse di itsegeng jaaka thuso ya komelelo) le/kgotsa diroto tsa dijo tsa puso. Palo ya batho e ne e le 532 ka ngwaga wa 2011 mme e dirwa ke motswako wa Basarwa le Batswana.[1]
Puiso e nngwe
[fetola | Fetola Motswedi]- Ditsela tsa bonno jwa Basarwa
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ 2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Archived from the original (PDF) on 23 September 2015. Retrieved 8 August 2016.