Jump to content

Edwin Moalosi

Go tswa ko Wikipedia

Edwin Moalosi (yo o tshotsweng ka Phatwe a le masome mabedi le borataro 1988) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa Motswana yo jaanong a tshamekelang setlhopha sa Botswana sa Township Rollers. O simolotse mo setlhopheng sa setshaba sa Botswana ka 2018 kgatlhanong le Lesotho.

Tiro ya gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Moalosi o gapile leitlho la setshaba fa a dira sentle kwa setlhopheng sa BMC mo dikgaisanong tsa Botswana Premier League ka ngwaga wa 2007 goya ko go wa 2008. Mme moragonyana a ya kwa setlhopheng sa Gaborone Township Rollers, kwa a tshamekileng dikarolo dile pedi pele fa a fudugela kwa Amerika go tsweledisa dithuto tsa gagwe. Fa a le kwa ntle jalo o ne a emela dithopha tsa dikolo tse a neng a tsena kwa go tsone. Moalosi o ne a boela gae ka ngwaga wa 2014 mme a boela kwa setlhopheng sa gagwe sa Rollers[1]

Tiro ya boditšhabatšhaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Edwin Moalosi o ne a dira lekgetlho la ntlha la boditšhabatšhaba ka Mopitlo a le masome mabedi le bone 2018 mo motshamekong wa botsalano kgatlhanong le Lesotho ka go tla e le moemedi wa metsotso e le masome matlhano le borataro. O sa ntse a tla tlhagelela gape mo Zebras.

Mokgatlho

[fetola | Fetola Motswedi]

Township Rollers

Botswana Premier League:5

2009-10, 2015-16, 2016-17, 2017-18, 2018-19

Ditlotla tsa fa ale mongwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Maize Cup - News and Stats about Edwin Moalosi". Archived from the original on 2022-12-05. Retrieved 2022-12-05.
  2. "Rollers sweep Coca-Cola awards | Sunday Standard". 6 June 2010
  3. "Dambe makes it a double as Rollers sweep board". 7 June 2010.

Tse di kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]