Bob Morley

Go tswa ko Wikipedia
Bob Morley
Morley in 2016
Tsalo
Robert Alfred Morley

(1984-12-20) 20 December 1984 (age 39)
Maina amangweBobby Morley
TiroActor
Dingwaga tsa a le mo tirong2005–present
O itsegi kaHome and Away

Neighbours The 100 (TV series)|The 100

Love Me (Australian TV series)|Love Me
Mosadimarriage|Eliza Taylor|5 May 2019
Bana1

Robert Alfred Morley o tshotswe ka ngwaga wa 1984, Morule a le malatsi a le masome a mabedi, o itsege mo go tsa tiro ka leina la Bob Morley, ke modiragatsi wa kwa lefatsheng la Australia. O itsege thata ka moanelwa Bellamy Blake o a neng a mo tshameka mo setshwantshong sa motshikinyego sa motswedi wa tshedimosetso sa The CW se se bidiwang The 100, se se supilweng go tswa ka ngwaga wa 2014 go tsena ka 2020.

O simolotse go itsege fa a tshameka Drew Curtis mo motseletseleng wa ditshwantsho wa kwa Australia wa Home and Away wa ngwaga wa 2006, a tlhagelela gape mo thulaganyong ya ditalente tsa mmino ya It Takes Two ka ngwaga wa 2007, a tshameka mo The Strip ka ngwaga wa 2008. O tshamekile Aidan Foster mo Neighbours ka ngwaga wa 2011 a nna moanelwa mogolo mo thulaganyong ya metshameko ya Blinder ka ngwaga wa 2013.

Botshelo jwa pele le thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Robert Alfred Morley[1] o tshotswe ka ngwaga wa 1984 ka Morule a le malatsi a le masome mabedi,[2] o goletse kwa tshimong kwa Kyneton, toropo e e kwa Victoria kwa Australia. Ke ngwana wa mme wa lotso lwa Filipina le rre wa ditso tsa Australia le Irish, o o tlhokafetseng fa Bob a sale mmotlana. Morley o na le bokgaitsadie ba batona mo go ene le mogolowe wa monna.[2]


O ithutetse tsa bodiragatsi kwa sekolong go fitlhelela a dira ngwaga wa bolesome le bongwe, go fitlhelela a bolelelwa gore a seka a tswelela.[3] Morley o boleletse The Age gore o ne a le moithuti o o sa utlweng ka jalo a sa tlhwafalele sepe.[4] Morago ga go fetsa ngwaga wa bolesome le bobedi, o ne a fudugela kwa Melbourne a simolola dithuto tsa botegeniki.[4] Morago ga ngwaga o e a tsaya tshwetso ya go tsenelela botaki jwa botlhami kwa La Trobe University a nna le agente.[2][4]

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Morley o ne a itsege ka leina la Bobby mo dingwageng tsa a santse a le monnye,[2] mme janong o dirisa leina la Bob Morley mo go tsa tiro.[5] O simolotse tiro ya gagwe ka go diragatsa kwa metshamekong ya sekolo se segolwane sa ithutelo ditiro, e akaretsa Falling to Perfect le Tale From Vienna Woods le difilimi tse dikhutshwane.[2][4] O tlhageletse mo filiming e e tshosang ya ngwaga wa 2005 ya Dead Harvest e e eng e kaelwa ke Damian Scott,[2] a diragatsa gape e le motlaleletsi mo Neighbours.[4] Ngwaga o a nnileng le karolo mo Angels with Dirty Faces mme se sa mmaya mo maemong a a siameng go bonwa ke bakaedi ba Home and Away. Morley o ne a tsena mo Home and Away e le Drew Curtis ka ngwaga wa 2006[4]. Mo karolong ya gagwe ya ga Drew, o ne a tlhophiwa go phadisanela seetsele sa borre ba basha ba ba gaisitseng tsa Logie Awards.


O tlhageletse mo karolong ya bobedi ya kgaisano ya baopedi kwa Australia ya It Takes Two ka Motsheganong ngwaga wa 2007. Ka Seetebosigo a le malatsi a le lesome le bobedi ngwaga wa 2007, o ne a amogela matshao a a kwa godimo mme a ntshiwa. Morley o ne a tswa kwa Home and Away mme a tshameka Tony Moretti mo The Strip.[6] E ne ya kgaolwa ka e ne e sa lebelelwe ke batho ba le bantsi. Morley o ne a ya go tlhagelela gape mo Scorched ka ngwaga wa 2008. O ne a tlhophelwa seetsele sa Bachelor of the Year ka ngwaga wa 2009 sa makasine wa Cleo.[7] Ka ngwaga wa 2009, o ne a nna moanelwamogolo Lorca mo motshamekong wa Palindrome for a Dead Poet. Ngwaga o o latelang Morley o ne a tlhagelela mo karolong ya bone ya Sea Patrol.[8]


Ka ngwaga wa 2011, o ne a tlhagelela mo Road Train e mokaedi wa yone e leng Dean Francis. Ka Seetebosigo 2011,[9] go ne ga bolelwa gore Morley o tla tshameka mo Neighbours e le Aidan Foster, mopati wa ga Chris Pappas. Baanelwa ba ga Morley le Mason ba ne ba nna baratani ba ntlha ba bong bo bo tshwanang.[10] Morley o ne a tsaya nakwana a tlhagelela mo The Blinder, a boela Neighbours ka Seetebosigo 2012.[11] O ne a tsena mo filiming ya Lost in The White City ka 2013.[12] Ngwaga one oo o ne a tshameka Bellamy Blake mo The 100.[13] Ka ngwaga wa 2018, Morley o ne a fetsa thuto ya Warner Bros ya bakaedi, [14]a kaela karolo ya bo lesome le motso ya season ya borataro e e bidiwang Ashes to Ashes ya The 100.[15]


O ne a tlhagelela mo karolong ya boraro ya tsa sepodisi ya The Rookie ka ngwaga wa 2021.[16] Morley o tshamekile moanelwa o o emang nokeng mo motshamekong wa lorato wa Love Me o o neng o na le badiragatsi ba akaretsa Hugo Weaving le Bojana Novakovic. [17][18]Ka ngwaga wa 2003, Morley le Eliza Taylor ba ne ba tlhagelela mmogo ba tshameka Marcus le Julie mo filiming ya I'll be Watching.Filimi e e mo maranyaneng.[19][20][21]

Go dira molemo[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Lwetse a le masome mabedi le bongwe ka ngwaga wa 2016, o ne a tsenya tsela ya go reka dikipa tse a neng a di diretse go kgobokanyetsa Beyond Blue madi.[22] Beyond Blue ke lekgotla le le fang kitso le bo le ema nokeng batho ba ba lwalang bolwetsi jwa tlhaloganyo kwa Australia. O ne a dira sekipa se sengwe gape ka ngwaga wa 2017, se madi a sone a neng a abelwa JED Foundation, lekgotla le le senang dipoelo la maikutlo le go emisa go ikgapela botshelo.[23]

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Bob o buile ka go kgalelwa go nna le mmele o motona fa a ne a gateletswe ke maikutlo morago ga loaro lwa lengole ka ngwaga wa 2018.[24]

Ka Motsheganong a le malatsi a matlhano, Morley o ne a nyala Eliza Taylor, o ba neng ba tshameka mmogo mo The 100.[25] Ba begile lonyalo lwa bone ka Seetebosigo a le malatsi a supa ka ngwaga wa 2019. Ka 2020 Morley le Taylor ba ne ba supa fa ba latlhegetswe ke ngwana o ba neng ba mo solofetse fa ba gatisa karolo ya bofelo ya The 100.[26] Ka Lwetse 2019, Morley o ne a abelana le batho fa a kile a leka go ikgapela botshelo makgetho a le mantsi.[27]

Ka Tlhakole 2022, Taylor le Morley ba ne ba bega mo maranyaneng a Instragram gore ba solofetse ngwana,[28] mme ka Mopitlo 2022 ba nna le ngwana wa mosimane.[29]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Bob Morley". en.24smi.org. 1 October 2019. Retrieved 29 June 2023.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 2.4 2.5 "Bobby Morley". Yahoo!7. Archived from the original on 6 January 2007. Retrieved 20 June 2011.
  3. Gallagher, Heather (13 August 2006). "Yak Attack – Bobby Morley, 21, actor". The Age. p. 29. Archived from the original on 5 June 2012. Retrieved 19 June 2011.
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 4.4 4.5 Kalina, Paul (9 October 2008). "An actor going through a stage". The Age. p. 16. Archived from the original on 5 June 2012. Retrieved 20 June 2011.
  5. "Bob Morley". Showcast. Archived from the original on 6 May 2023. Retrieved 6 May 2023.
  6. Ellis, Scott (21 September 2008). "Star sheds teen image". The Sun-Herald. p. 5. Archived from the original on 2 June 2014. Retrieved 20 June 2011.
  7. "Cleo announces Top 50 Bachelors of 2008". Perth Now. 18 February 2008. Archived from the original on 24 April 2023. Retrieved 26 April 2023.
  8. Creepy, Uncle (5 November 2009). "AFM: Take the Road Train to Terror". Dreadcentral.com. Archived from the original on 27 September 2012. Retrieved 19 March 2014.
  9. Creepy, Uncle (7 July 2010). "New Clip and Stills from Road Kill". Dreadcentral.com. Archived from the original on 16 October 2012. Retrieved 19 March 2014.
  10. Dennehy, Luke (19 June 2011). "TV soap introduces new gay character". Herald Sun. Archived from the original on 1 January 2020. Retrieved 18 June 2011.
  11. "Bob Morley nurses sharper hair cut". Herald Sun. 11 June 2012. Retrieved 14 June 2012.
  12. "Indie Drama 'The White City' Casts Thomas Dekker, Haley Bennett & Bob Morley". Deadline Hollywood. PMC). 25 April 2013. Archived from the original on 14 December 2013. Retrieved 11 December 2013.
  13. Ng, Philiana; Goldberg, Lesley (21 February 2013). "The CW's 'Hundred' Casts Aussie Soap Star and 'Emily Owens' Actor (Exclusive)". The Hollywood Reporter. Archived from the original on 28 June 2018. Retrieved 22 February 2013.
  14. "Bob Morley | Television Workshop". Archived from the original on 30 May 2020. Retrieved 4 July 2019.
  15. Coley, Samantha (25 July 2019). "The 100 Review: Ashes to Ashes (Season 6 Episode 11)". telltaletv.com.
  16. Houghton, Rianne (14 May 2021). "The 100 star Bob Morley confirmed for The Rookie in TV return". Digital Spy. Archived from the original on 14 May 2021. Retrieved 18 May 2021.
  17. Frater, Patrick (14 August 2021). "Hugo Weaving Stars in 'Love Me' Warner Television-Aquarius Series Shooting in Australia (Exclusive)". Variety. Archived from the original on 14 August 2021. Retrieved 10 November 2021.
  18. "Bob Morley: Love Me star on sex scenes, marriage and Hollywood fame". perthnow.com.au. Andrei Harmsworth. 25 April 2023. Retrieved 25 April 2023.
  19. Wiseman, Andreas (4 February 2022). "'The 100' Stars Eliza Taylor & Bob Morley Set For Sci-Fi Thriller 'I'll Be Watching' — EFM". Deadline Hollywood. Archived from the original on 4 February 2022. Retrieved 9 February 2022.
  20. Foertsch, Rachel (2 April 2023). "Eliza Taylor Faces Off Against Home Invader In I'll Be Watching Trailer". Screen Rant. Retrieved 16 April 2023.
  21. "Eliza Taylor Stars in The Nail Biting Thriller I'll Be Watching Acquired by Uncorkd Entertainment". andersonvision.com. Troy Anderson. Retrieved 24 April 2023.
  22. Represent.com. "Bob Morley – Official Tee". represent.com. Archived from the original on 25 April 2018. Retrieved 25 April 2018.
  23. Represent.com. "Bob Morley's "What's Wrong With Chaos" Tee". represent.com. Archived from the original on 25 April 2018. Retrieved 25 April 2018.
  24. "'The 100's' Bob Morley Sounds off About Fat Shaming, Depression on Social Media". CBS News.
  25. "'The 100' Stars Eliza Taylor and Bob Morley Announce They're Married!". Entertainment Tonight. 7 June 2019. Archived from the original on 31 May 2020. Retrieved 8 June 2019.
  26. Coley, Samantha (5 February 2020). "Everything We Learned at Unity Days 2020, Including Teasers for 'The 100' Season 7". Tell-Tale TV. Archived from the original on 29 September 2020. Retrieved 13 October 2020.
  27. Morin, Alyssa (25 September 2019). "The 100's Bob Morley Shares He's Attempted Suicide Multiple Times". Enews. Archived from the original on 20 August 2022. Retrieved 6 April 2023.
  28. Bjornson, Greta (8 February 2022). "The 100 Stars Bob Morley and Eliza Taylor Expecting Baby: 'We Cannot Wait!'". People. Archived from the original on 8 February 2022. Retrieved 8 February 2022.
  29. Powers, Catie (21 March 2022). "Home and Away alum Bob Morley and Neighbours star Eliza Taylor welcome their first child". TV Week. Archived from the original on 22 March 2022. Retrieved 22 March 2022.