Fatshe leno la rona
Jump to navigation
Jump to search
Fatshe leno la rona ke pina ya setšhaba ya lefatshe la Botswana. E tlhamilwe ke Rre Kgalemang T. Motsete, ya bo e amogelwa ke puso ya Botswana fa lefatshe la Botswana le sena go tsaya boipuso.
Mafoko a yone[paakanyo | edit source]
- 1
- Fatshe leno la rona,
- Ke mpho ya Modimo,
- Ke boswa jwa borraetsho,
- A le nne ka kagiso.
- KHORASE
- Tsogang, tsogang! banna, tsogang!
- Emang, basadi, emang, tlhagafalang!
- Re kopaneleng go direla,
- Lefatshe la rona.
- 2
- Ina lentle la tumo,
- La tšhaba ya Botswana,
- Ka kutlwano le kagisano,
- E bopagantswe mmogo.
- KHORASE