Folaga ya Botswana

Folaga ya setshaba ya Botswana e na e ena le mmala o o botala jwa loapi le o o kgabaganyang folaga ka bogare ole montsho , le o o mosweu. E simolotse go dirisiwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le borataro go emelela Union Jack, e sale e nna folaga ya Botswana fa e sale lefatshe le tsaya boipuso ngwaga one o o. Ke nngwe ya difolaga tsa Aforika di le mmalwa tse di sa diriseng mebala ya letsholo la Aforika o o kopaneng kgotsa mebala ya phathi e e busang ya sepolotiki.
Popego
[fetola | Fetola Motswedi]
Folaga e e dikhutlonne e, e supiwa fa e na le dipalo tsa bobedi mo borarong.[1] Lotso ke ntlha e e botlhokwa ya folaga e.[2] E dirilwe go farologana le folaga ya Aforika Borwa ka nako ya puso ya tlhaolele.[3]
Mmala wa botala jwa loapi o amangwa le loapi le metsi ka a a tlhaela.[3] Moono wa lefatshe, Pula, o raya metsi, pula le botshelo jo bo tswang mo go yone.[1][4]
Mmala o montsho le o mosweu e na raya dilo tse pedi tse di farologaneng. Santlha e emetse kagiso le tirisanommogo gareng ga batho ba ditso tse di farologaneng ba ba nnang mo Botswana, ga mmogo le pharologanyo ya ditso mo Botswana. Sa bobedi e emetse pitse ya naga e e leng sekano sa lefatshe la Botswana.[1][4]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]
Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi, masome a robabobedi le botlhano, lefatshe la Botswana le ne la nna mo tlhokomelong ya Great Britain mo bogosing jwa lone jwa kolone, ka leina la Bechuanaland Protectorate. Se se diragetse morago ga baeteledipele ba Batswana ba sena go kopa ba bo ba buisana le ba Britain go ba sireletsa kgatlhanong le Maburu, ba ba neng ba sutlhela mo lefatsheng la bone go tswa kwa lefatsheng le le mabapi la South African Republic.[5] Lefatshe la Bechuanaland le tsere boipuso ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le borataro, lefatshe le lesha la fiwa leina la Botswana.[4] Folaga e ntsha e ne ya fofisiwa bosigogare ka Lwetse a le masome mararo ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le borataro, letsatsi le Botswana a tsereng boipuso ka lone, go nna lefatshe le le ikemetseng.[6] E dirilwe gore e farologane le ya Aforika Borwa, ka ntlha ya tsamaiso ya puso ya tlhaolele ya lefatshen leo. Ke nngwe ya difolaga di se kae mo Aforika tse di sa diriseng mebala ya letsholo la Aforika o o kopaneng kgotsa mebala ya phathi ya polotiki e e busang.[1]
Go tswa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi, masome a robabobedi le botlhano go tsena ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le borataro, folaga ya Botswana e ne e le jeke ya bokopano.[7] Mo molaong wa Britain, go ne go sena folaga e e tlhomamisitsweng, letshwao la lefatshe le ntswa go ne go na le sekano.[8]
Tsamaiso
[fetola | Fetola Motswedi]Tetla go tswa kwa pusong e a tlhokega go fofisa folaga.[7] Kopo ya semmuso e tshwanetse go romelwa kwa mokwaleding mogolo wa ofisi ya ga tautona.[9] Go laelwa gore folaga e seka ya kgoma fa fatshe, le go netefatsa gore e ema ka tlhamalalo ka dinako tsotlhe. Go laelwa gape gore go salwe morago tsamaiso ya go e pega maphakela le go e folosa maitseboa. Melao gape e laela go fofisetsa folaga fa tlase go supa go nna mo sbakeng sa kutlo botlhoko kgotsa go supa tlotla. Fa folaga e senyega, go nna le moletlo wa go e tshuba. Fa go sa kgonagale gore e tshubiwe, go laelwa gore e latlhiwe ka tsela e e supang tlotla.[10]
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 DK (19 May 2014). Complete Flags of the World: The Ultimate Pocket Guide. DK. ISBN 978-1-4654-3405-0.
- ↑ Kgalemang, Malebogo (2020). "Ethnic Reasoning and the Making of the Nation of Botswana" (PDF). Alternation: Interdisciplinary Journal for the Study of the Arts and Humanities in Southern Africa. doi:10.29086/2519-5476/2020/sp36a11. eISSN 2519-5476. ISSN 1023-1757. Archived (PDF) from the original on 10 July 2024.
- 1 2 Kgalemang 2020, p. 261.
- 1 2 3 Smith, Whitney (13 November 2018). "Flag of Botswana". Britannica. Archived from the original on 27 February 2024. Retrieved 14 July 2026
- ↑ "History of Botswana". The Editors of Encyclopædia Britannica. Britannica. Archived from the original on 15 May 2024. Retrieved 14 July 2026
- ↑ Paine, David J. (29 September 1966). "New nation raises flag". The Leader-Post. Regina. Associated Press. Archived from the original on 23 June 2023. Retrieved 14 July 2026
- 1 2 "Flag of Botswana - A Brief History" (PDF). Flagmakers. Archived (PDF) from the original on 13 July 2024. Retrieved 14 July 2026
- ↑ Flagmakers, p. 2.
- ↑ "Use of National Emblems". Government of Botswana. Archived from the original on 5 March 2024. Retrieved 14 July 2026
- ↑ "Flag of Botswana in 2024 § National Flag Etiquette and Protocol". RJ Travel Agency. 2024. Archived from the original on 13 July 2024. Retrieved 14 July 2026