Jump to content

Frank Lesokwane

Go tswa ko Wikipedia
Frank Lesokwane
Leina la MatsaloFrank Lesokwane
O itsegi gape eleFranco
Tsalo (1971-05-05) 5 May 1971 (age 54)[1]
LetsoBotswana-Gabane
MefotaRumba - Kwasa Kwasa[2]
DitiroSinger-producer
Dingwaga tsa a le mo boopeding2001-present
LabelsFranco and Afro Musica

Frank Lesokwane ke moopedi wa Motswana yo o itsegeng thata ka leina la Franco. O itsiwe ka go dira dipina tsa Kwasa Kwasa tse di ratiwang thata. Frank gape o itsege ka go nna moeteledipele wa setlhopha sa mmino sa Franco and Afro Musica se se diragatsang bontle thata mo Botswana.

Ke lela le lona

[fetola | Fetola Motswedi]

Ke lela le lona ke pina ya Setswana e e golotsweng ke Frank ka ngwaga wa 2001, pina e e dirilwe go hitisetsa molaetsa ko bathong ba ba utlwileng botlhoko kwa ntle kwa, ba ba lebaganeng le mathata ka go farologana. Morago ga kgololo ya pina e e ratilweng thata e ya "Ke lela le lona" Franco o ne a nna mongwe wa badiragatsi ba ba atlegileng thata ka ngwaga wa 2001.[3]

Sephiri se dule

[fetola | Fetola Motswedi]

Sephiri se dule ke pina ya Setswana ya ga Franco e e kayang fa 'sephiri se dule.' O dirile pina e go fetisetsa molaetsa kwa balateding ba gagwe gore go sa kgathalesege gore ke eng se motho a se dirang ga se kitla se fitlhegela ruri, pina eo e ne e direlwa segolobogolo batho ba ba dirang ditiro tse di bosula go ba itsise gore ga e kitla e nna sephiri go fitlhelela; letsatsi lengwe go tla apoga mo go ba bangwe gore o mang. Go lebega pina ya gagwe e amile bontsi jwa mapolotiki ka ba ne ba le kgatlhanong le pina eo mme moragonyana o ne a tlhalosa gore pina eno ga e a gololwa go dira gore ope a ikotlhaele gore ke mang kgotsa go tlhasela ope.[4]

Bodiragatsi

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Ke lela le lona (2001)
  • Ba ntatola (2002)
  • Robala Nnana (2003)
  • O nyala leng (2004)
  • Mmamane Robala (2005)
  • Khutsanyana (2006)
  • Spekere (2007)
  • Koti Koti (2008)[5]
  • Baesekele (2009)
  • sephiri se dule (2011)
  • maja ka thata (2012)
  • Ke Fela Pelo (2013)
  • Ke lorile sengwe (2014)
  • Zeng zeng ke eng (2015)
  • Eya le nna Babilone (2017)
  • Mene Mene Tekele (2018)[6]
  1. "Rumba star Franco celebrates 50 years birthday". 2021. https://www.botswanayouth.com/rhumba-star-franco-celebrates-50-years/. 
  2. "Franco Still The Rhumba King". Franco Still The Rhumba King. October 15, 2007.
  3. Botswana: Franco's 9th Rumba Album Out Today Monkagedi Gaotlhobogwe, Retrieved 14 Mopitlo 2025.
  4. "Sephiri Se Dule touches politicians". June 3, 2011. Retrieved 14 Mopitlo 2025.
  5. Botswana: Franco Launches Koti Koti . 20 Phalane 2008.Retrieved 14 Mopitlo 2025.
  6. Franco to release his 17th album. May 25, 2018. Retrieved 14 Mopitlo 2025.