Jump to content

Giulia Gwinn

Go tswa ko Wikipedia
Giulia Gwinn
Gwinn with Germany in 2022
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Giulia Ronja Gwinn[1]
Letsatsi la tsalo (1999-07-02) 2 July 1999 (age 24)
Lefelo la tsalo Tettnang, Germany
Bolele 1.70 m (5 ft 7 in)[1]
Maemo Right-back, midfielder
Club information
Current team
Bayern Munich
Number 7
Youth career
TSG Ailingen
VfB Friedrichshafen
2009–2014 FV Ravensburg
2014–2015 SV Weingarten
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
2015–2016 SC Freiburg II 6 (7)
2015–2019 SC Freiburg 71 (22)
2019– Bayern Munich 55 (9)
Setlhopha sa setshaba
2013 Germany U15 6 (2)
2014 Germany U16 3 (2)
2015–2016 Germany U17 27 (9)
2017 Germany U19 10 (6)
2017–2018 Germany U20 6 (1)
*Metshameko ya gagwe le dinno, correct as of 4:50, 6 April 2024 (UTC)

Giulia Ronja Gwinn (peleto ya seJeremane: [ɡvɪn]; yo o tshotsweng ka Phukwi a tlhola gabedi ngwaga wa 1999) ke motshameki wa moJeremane wa kgwele ya dinao e e porofeshionale yo o tshamekang kwa morago ka fa mojeng kana fa gare kwa setlhopheng sa Frauen-Bundesliga sa FC Bayern Munich le setlhopha sa setshaba sa Jeremane sa bomme sa kgwele ya dinao.[2]

Botshelo ja pele[fetola | Fetola Motswedi]

Gwinn o simolotse go tshameka kgwele ya dinao a le dingwaga di ferabobedi kwa TSG Ailingen le morago kwa VfB Friedrichshafen. Ka 2009 o ne a simolola dingwaga tse tlhano kwa FV Ravensburg.[3] O ne a tshameka setlha le B-Juniors ya SV Weingarten, ele ene mosetsana fela mo setlhopheng.[4]

Tiro ya setlhopha[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 2015, Gwinn a ya kwa setlhopheng sa Frauen-Bundesliga sa SC Freiburg.[3][5] O ne pele a dumetse go saena le Freiburg ka Tlhakole wa 2015, a gana dikakantsho tse di gaisanang go tswa Bayern Munich le Turbine Potsdam.[6] Ka Lwetse a le lesome le boraro ka 2015, (tikologo ya boraro) a dira tshameko ya gagwe ya ntlha mo phenyong ya kwa gae ya dino tse thataro go e le nngwe ya 1. FC Köln. O ne a tsena mo leemong la ga Sandra Starke, a dira tshameko ya gagwe ya ntlha ya Bundesliga a le dingwaga tse lesome le borataro. Kgwedi morago, Phalane a le lesome le motso ka 2015 (tikologo ya botlhano), mo motshamekong kgatlhanong le Wedrer Bremen, ya nna nako ya gagwe ya ntlha a le mo lenaaneng la ba ba simololang motshameko. Ka Sedimonthole a tlhola ga rataro (letsatsi la motshameko la bo lesome) a nosa mo phenyong ya dino tse thataro go e le nngwe kwa gae kgatlhanong le Bayer Leverkusen.[7]

Ka Tlhakole a le masome mabedi le botlhano ka 2019, Gwinn a dumalana ka dipeelo le Bayern Munich se se neng se taa mmona a tlogela Freiburg fa setlha sa 2018–19 se khutla.[2]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "List of Players – Germany" (PDF). FIFA. 2 October 2016. p. 5. Archived from the original (PDF) on 3 October 2016. Retrieved 3 October 2016.
  2. 2.0 2.1 "FC Bayern verpflichtet Nationalspielerin Giulia Gwinn". Retrieved 30 June 2019.
  3. 3.0 3.1 "Giulia Gwinn Interview" (in German). SC Freiburg. Archived from the original on 4 March 2016. Retrieved 14 September 2015.
  4. Dedeleit, Jochen (18 March 2015). "Gwinn und Minge stehen vor EM-Quali". FuPa.net (in German). Retrieved 3 October 2016.
  5. "SC contracts Giulia Gwinn and Janina Minge" (in German). SC Freiburg. Archived from the original on 4 March 2016. Retrieved 14 September 2015.
  6. "Giulia Gwinn wechselt zum SC Freiburg" (in German). Schwäbische Zeitung. 23 February 2015. Retrieved 3 October 2016.
  7. "Spieltag/Tabelle" (in German). German Football Association. 6 December 2015. Retrieved 3 October 2016.