Jump to content

Gumare

Go tswa ko Wikipedia
Lokeisane la Gumare mo Botswana
Lokeisane la Gumare mo Botswana

Gumare kgotsa Gomare ke motsana o o bonwang kwa kgaolong ya Bokone-bophirima jwa Botswana, gaufi le makgobokgobo a Okavango Palo ya batho ba Gumare e ne e le makgolokgolo a a borataro, masome a borataro le bosupa mo palo bathong ya ngwaga wa 2001[1],mme e ne e tlhatlogetse go 8,532 ka palobatho ya 2011.[2]

Gumare o direlwa ke Boemala-difofane jwa Gumare.

Ditheo di le nne tse di farologaneng tsa puso di laola Kgaolo ya Ngamiland:

  1. Lekgotla la Kgaolo;
  2. Tsamaiso ya Kgaolo;
  3. Tsamaiso ya Morafe;
  4. Boto ya Naga.

Maun o dira jaaka boremelelo jwa tsamaiso ya Ngamiland. Gumare ke ntlokgolo ya tsamaiso ya Kgaolopotlana ya Okavango Delta, e e nang le setlhopha sa yone sa ditheo tsa tsamaiso. Molelwane wa tsamaiso ya Okavango o simolola kwa Habu, o akaretsa Qangwa le Xaixai go fitlhelela kwa Gudigwa. Molelwane wa yone wa sepolotiki o simolola kwa Etsha 1 go ya kwa godimo kwa Gudigwa mme seno se farologane le thuto le temothuo. Go na le metse e le masome a mabedi le bosupa mo kgaolongpotlana ya Okavango, le fa palobatho ya ngwaga wa 2011 e bala fela e le merataro: Daonara, Ditshiping, Jao, Katamaga, Morutsha, le Xaxaba.[2]

Popego ya lefatshe le Diruiwa tsa tlholego

[fetola | Fetola Motswedi]

Okavango ke ene fela wa bontlhabongwe kwa go nang le diphologolo le ditlhare mo Kalahari. Okavango o ikaegile fa lefelong le le sa siamang fa lefatshe le , tshikinyegelang teng le thoromo ya lefatshe Go tswa fa, phetlogo ya popego ya lefatshe e nna e fetloga gape e sa tshepege. Go nale komelelo ya lefatshe, makgobokgobo, metswedi, lekadiba, bojang mo lefatsheng, bodiba gape le ditlhake tse di sa balegeng tsa selekanyo se se sa tshwaneng le popego e e pharologanyo.

Merafe ya Okavango

[fetola | Fetola Motswedi]

Merafe e e tumileng mo kgaolwaneng e ke ya Batawana, Bayeyi, Baherero gape le Bahambukushu, le Basubiya Gape go nale Banoka,Basarwa, baagi tota ba Okavango, gape le Bakgalagadi le Baherero Bontsi jwa ditlhopa tse di agile fa tlhoko ga noka, e ba e dirisang go tshwara ditlhapi gape le go nosetsa diruiwa tsa bone Ba lema mo dibateng tsa merwalela,mmidi le mabele

Go dira madi mo Okavango

[fetola | Fetola Motswedi]

Nngwe ya dilo tse di ba thusang ka go dira madi ke bojanala le fa dikompone tse e le tsa batswa kwa, thuo ya diruiwa, go loga ditlotwana gape le madirelo a a potlana, le temo-thuo Kgaolwana ya Okavango ke legae thata ka palo ya batho e e itebagantseng le temo-thuo gore ba kgone go itshelela Ka ngwaga wa 1975 khutlola ya United Nations Development e ne ya thusa batho mo Gumare le Etsha go godisa botswerere jwa go loga ditlatlana gore di kgone go rekisiwa kwa mafatsheng a mangwe Ditlatlana le tse dingwe tse dinnye, dipetlo tsa maemo di ne tsa isiwa kwa Gaborone gape tsa isiwa kwa United States le Europa go rekisiwa

Jaaka dikgaolo tse dingwe mo Botswana, Okavango o lebaganwe ke kgwetlho ya kanamo ya mogare wa HIV/AIDS mo bathong

Dipadi tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2007-12-08.
  2. 1 2 "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Botswana Central Statistics Office. Archived from the original (PDF) on 23 September 2015.