Jump to content

Harry Oppenheimer

Go tswa ko Wikipedia

Harry Frederick Oppenheimer OMSG(28 Phalane 1908-19 Phatwe 2000) ene ele rradikgwebo wa mo Aforika Borwa oe etsegeng thata,ana le dikgwebo ebile arata go thusa batho. Oppenheimer ke gantsi antse a tsewa jaaka mongwe wa bahumi lefatshe ka bophara ,mme ebile oile a tsewa jaaka ene mo Aforika Borwa yoo kwa godimo mo go ba bangwe  yo o nang le dikgwebo/madirelo go feta ba bangwe mo  selekanyong sa didikadike tse nne.[1] Ka ngwaga wa 2004 o tlhophilwe jalo mo maemong a masome a marataro a ma Aforika Borwa ao akwa godimo mogo tsa itsholelo keba sekhutlwana sa SABC3.[2]

Botshelo Jwa Gagwe Pele le Dithutego[fetola | Fetola Motswedi]

Harry, yo eleng morwae May (Pollack)[3] le Rre Enerst Oppenheimer ba letso la Geremane le tumalo ya Bajuta, o tsholetswe kwa Kimberly, leo eleng lone lefelo la tshimologo la meepo ya diteemane mo Aforika Borwa mme o tshedile botshelo jwa gagwe thata kwa Johane/Johannesburg.[1] Oile a direlwa moletlo wa ‘tlhatlogo kgolo’(bar mitzvah/coming of age) fa ane ale dingwaga di le lesome le boraro mo kerekeng kwa Kimberly, mme one a fetoga go nna mokeresete morago ga go tsena mo nyalong ee boitshepo le molekane wa gagwe.[1]

Morago gago fetsa dithuto tsa gagwe kwa sekoleng se sebotlana one a tlhopha go ya sekoleng sa Charterhouse kwa Ennyelane pele ga aya go ithuta kwa Christ Church kwa Oxford koo a neng a aloga teng ka ngwaga wa 1931 mo dithutong tsa Philosophy,Politics le Economics. Nako eo a neng a nyala mosadi wa gagwe ebong Bridget(waga McCall) one a tlhopha jalo go tsena kereke ya Anglican mme asa emisa go tshegetsa, go rotloetsa lego thusa mo ditirong kana ditiro tseo tseo di dirwang ke Bajuta tobotshelo jwa gagwe botlhe.[4] Ke ene jalo a neng a ntsha taolo ya go tswa ka thelelelo ga diteemane go ya Israel kwa madirelong aa botlhokwa a go farologanya le go phatlola teemane.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Harry Oppenheimer ennile modulasetilo wa kompone ya Anglo American  mo lebakeng la dingwaga di le masome a mabedi le botlhano fa kwa dikomponeng tsedi kopaneng[1] tsa De-Beers gone o nnile dingwaga dile masome a mabedi le bosupa go fitlhela a tlogela maemo mo dikomponeng tse ka bobedi ka dingwaga  tsa 1982 le 1984 ka go tlhomagana ga tsone. Morwae ebong Nicky Oppenheimer one a nna mothusa -Modulasetilo wa kompone ya Anglo American ka ngwaga wa 1983 le wa Modulasetilo wa kompone ya De-Beers ka ngwaga wa 1998.[5] Morwadie ebong Mary Slack, oitsagale ka gonna thata kwa Breathust, eo eleng  nngwe ya mafelo a selebo sese ko godimo a Johane (Johannesburg) mme ona le matlo kwa  Muizenberg ,Lontone, Ennyelane le moraka oo atlegileng wa tukafatso tsalo ya dikgomo oo agilweng fela sekgale sa oura le sephatlo kwa bokone jwa toropo ya kapa(Capetown). Ona gape le setale sa dipitsi/dipere seo se atlegileng thata se se bidiwang Wilgerbosdrift Stud. Onnile gape le sebaka sa gonna Mopalamente wa Kimberly gotswa ka  ngwaga wa 1948 go tsena ngwaga wa 1957, mme ya tloga ya nna mmueledi wa lekoko la kganetso mo go tsa Phatlalatso ya Madi le ditsompelo tsa ithusa le molao motheo.

Ditiro tsa Bopelo Tlhomogi[fetola | Fetola Motswedi]

One gapa ana le mowa o montle wa go aba kana go thusa mo ditirong tsa thusano kana bopelo tlhomogi mo lefatsheng la Israel. One a netefatsa ka boene gore Iefatshe la Israel le amogela dilo tsa ithuso tsa teemane eo esa tlhotlhwang gotswa mo De-Beers gore enne lengwe la mafatshe ao a tlhotlhang le go phatsimisang  teemane  e bo ea  rekisetsa mafatshe a sele. Mo dingwageng magareng ga 1970 le 1980 one a thusa ka madi  lekoko leo le neng le lwa kgatlhanong le mmuso wa tlhaolele la Progressive Federal Party, eo eneng ya fetoga go nna Democratic Alliance[6] moragonyana. Ene ele mongwe wa ma Aforika Borwa bao baneng bale mo mokgatlhong wa sephiri wa kgatholo le thusano ya beng kabone.[7]

Toropo ya Kimberly ene ya abela Oppenheimer seetsele sa Freedom of City ka kgwedi ya Mopitlo ngwaga wa 1973 go supa tlotlo go molemoga jaaka" sekao se se bonalang" mo tirong ya gagwe e ntle yago supa Kimberly jaaka lefelo la "boremelelo jwa diteemane lefatshe ka bophara."[8]

Sekole se segolwane sa Harry Oppenheimer Agricultural High School kwa Limburg mo Limpopo, se reeletswe ka ene go mo fa tlotla jaaka fa ele ene a ntshitseng madi gore se agwe.

Seetsele sa Aforika seo se abelwang bakanoki ba tlhwatlhwa se se bidiwang Harry Oppenheimer Fellowship Award, se abiwa ngwaga le ngwaga ke ba Oppenheimer Memorial Trust ele segopotso sa tiro go tsweledisa tiro ee neng e dirwa ka manontlhotlho ke Harry Oppenheimer.

Tlotla[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo la Polokelo le Tshomarelo Ngwao la Harry Oppenheimer  Diamond Museum Lene la bulwa kwa Ramat Gan mo Israel ele sesupo sa tlotlo kwa ngwaga wa 1986 go supa botshelo le ditiro tsa gagwe.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 Pallister, David (20 August 2000). "Obituary: Harry Oppenheimer, diamond baron". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 30 May 2024
  2. The 10 Greatest South Africans of all time". Bizcommunity. 27 September 2004. Retrieved 30th May 2024
  3. The Brenthurst Library". Brenthurst.org.za. 25 September 1917. Retrieved 30 May 2024
  4. Diamonds May Not Be For Ever – But At The Moment They Look Pretty Good", Jewish Business News by Clive Minchom, 11 June 2013. Retrieved 30 May 2024
  5. Berger, Marilyn (21 August 2000). "Harry Oppenheimer, 91, South African Industrialist, Dies". The New York Times. ISSN 0362-4331. Retrieved 30 May 2024
  6. Philanthropy in South Africa – Opinion, News". Property24.com. 14 July 2014. Retrieved 30 May 2024
  7. Freemasons remember their Harry Oppenheimer". IOL news. 23 August 2000. Retrieved 30 May 2024
  8. Hart, R. 2010. Mr H.F. Oppenheimer receives the Freedom of the City of Kimberley. Now and Then: Newsletter of the Historical Society of Kimberley and the Northern Cape 18(3):1–2

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]