Kimberley
Kimberley | |
---|---|
Toropo sekgolo | |
Naga | Aforika Borwa |
Profense | Kapa Bokone |
District | Frances Baard |
Masepala | Sol Plaatje |
Area | |
• Total | 142.77 km2 (55.12 sq mi) |
Elevation | 1,184 m (3,885 ft) |
Palo batho (2011)[1] | |
• Total | 96,977 |
Ditlhopha tsa batho | |
• Bantsho | 51.5% |
• MaKhalathi | 36.7% |
• MaIndia | 2.3% |
• Basweu | 18.4% |
• Ba bangwe | 1.1% |
Maleme | |
• Seburu | 55.5% |
• Setswana | 18.7% |
• Sekgoga | 15.6% |
• Sethosa | 4.6% |
• Other | 5.6% |
Nomoro ya poso | 8300 |
Nomoro ya mogala | 053 |
Kimberley ke motse setoropo wa Kapa Bokone mo Aforika Borwa.E bokgakala jwa dikilometara di le 110 kwa botlhaba jwa motswedi wa dinoka tsa Vaal le Orange. Toropo e na le botlhokwa jo bogolo jwa hisetori ka ntlha ya meepo ya taemane e e fetileng le go dikaganyediwa ga yone ka nako ya ntwa ya bobedi ya Anglo-Boer. Borakgwebo ba kwa Boritane e bong Cecil Rhodes le Barney Barnato ba ne ba huma kwa Kimberley, mme Rhodes o ne a tlhoma khampani ya diteemane ya De Beers mo malatsing a ntlha a toropo eno ya moepo.
Ka 2 Lwetse 1882, Kimberley e ne ya nna toropo ya ntlha kwa Hemisefereng ya Borwa le ya bobedi mo lefatsheng morago ga Philadelphia, Pennsylvania kwa United States go tsenya dipone tsa motlakase mo mafaratlhatlheng a yone. Borekisetso jwa ntlha jwa matlotlo mo Afrika bo ne jwa agiwa kwa Kimberley, ka 1881.
Histori
[fetola | Fetola Motswedi]Go bonwana ga diteemane
Ka 1866, Erasmus Jacobs o ne a bona letlapa le lennye le le phatsimang mo dintshing tsa Noka ya Orange, mo polasing e De Kalk a neng a e hirile mo go Griquas wa lefelo leo, gaufi le Hopetown, e e neng e le polasi ya ga rraagwe. O ne a bontsha rraagwe letlapana leno, mme rraagwe o ne a le rekisa.Leje leno le ne la rekwa mo go rraagwe Jacobs ke Schalk van Niekerk, yo moragonyana a neng a le rekisa gape. E ne ya itshupa e le teemane ya dikerata di le 21,25 (grama di le 4,3), mme e ne ya itsiwe e le Eureka. Dingwaga di le tharo morago ga moo, ka 1869, teemane ya dikerata di le 83.5 (16.7 g), e e neng ya itsege jaaka Naledi ya Aforika Borwa, e ne ya fitlhelwa gaufi (29°3′S 23°58′E).Teemane eno e ne ya rekisiwa ke van Niekerk ka tlhwatlhwa ya £11,200, mme moragonyana ya rekisiwa gape kwa mmarakeng wa London ka tlhwatlhwa ya £25,000.