Hilda Flavia Nakabuye

Go tswa ko Wikipedia

Hilda Flavia Nakabuye o tshotswe ka ngwaga wa 1997 kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le lesome le botlhano. Ke molwela ditshwanelo tsa loapi le tsa tikologo wa letso la Uganda, yo o simolotseng motsamao kana mogwanto wa Uganda’s Friday for future. Gape o emetse ka botlalo kana bogolo tekatekanyo ya bong le kabakanyo letso mo motsamaong wa phetogo ya seemo sa loapi.[1]

Nngwe ya tseo a kgathalang ka tsone ka tikologo kego boloka kana go tlhokomela Lake Victoria ee kopanyang Tanzania le mafatshe aa mabapi.[2] Nakabuye o etela dikolo le batho ba motse go kgothatsa bomme go tsenelela ntwa kgatlhanong le seemo sa phetogo loapi, a supa fa mathata a seemo sa phetogo loapi asena molelwane[3] jaaka e nngwe ya ditiro tsa gagwe. One gape a tlhama kana simolodisa Climate Strike Diaries[4] eo eleng thuto ya maranyane go rotloetsa tsiboso ka seemo sa phetogo loapi go dirisiwa maranyane.

Nakabuye o simolotse mogwanto mo Kampala, Uganda ka ngwaga wa ngwaga wa 2017, morago gago italetsa moletlong wa Green Climate Campaign Africa (GCCA) ka ko Kampala University[5] go buiwa ka seemo sa loapi. Ene ya nna teng ko moletlong yo, ko a ileng a lemoga gore seemo se se maswe sa bosa  sese ileng sa senya masimo aga nkukuagwe se ne se bakilwe ke go fetoga ga seemo sa loapi. O simolotse kago ithaopa lebone ba ( GCCA) mme morago a bona gore o tlhokana lego dira mogwanto yoo tiileng go tlisa phetogo ee bonalang.

Otsene ko sekolong sa ithutelo tiro sa Kampala International University mme a aloga ka digerata(degree) tsa Procurement and Supply Chain Management.[6]

Jaaka karolo ya mogwanto wa Uganda’s Fridays for Future, Nakabuye le babereki ka ene ntse ba ikaeletse go rotloetsa mogwanto yoo mashetla wa basha go batla dikgato tsa potlako mabapi le mathata a seemo sa loapi. Mogwanto yo wa Fridays for Future kwa Uganda, ke one jaanong mogwanto o motona wa bsha mo botlhaba jwa Aforika[7] ka maloko a basha a feta dikete tse di masome matlhano (50 000), go ralala diikole dile masome a matlhono le bobedi, dikole ithutelo ditiro dile tlhano gammogo le setshaba ka kakaretso go ralala Uganda, Sierra Leone, Angola,Gabon, Nigeria le Kenya.

Nakabuye o buile kago tlhoka go atologa mo mogwantong wa ntwa kgatlhanong le seemo sa loapi, a supa “Dingangisano ka ntwa kgatlhanong le seemo sa loapi ese ya batho basweu fela”.[8] O kgadile bobega dikgang morago ga gosa supe Vanessa Nakate,[9] yo mongwe wa balwa ntwa kgatlhanong le phetogo ya seemo sa loapi wa Uganda, mo senepeng kana setshwantshong sese neng sa tsewa ko World Economic Forum, mo Davos ka kgwedi ya Firikgong, ngwaga wa 2020. O supile fa se ele “ kgethololo ya letso le mmala mogo tsa tikologo “ jaaka fago sanna teng gaga Nakate go raa gore setshwantsho se supa balwa ntwa ba basweu fela, goakaretsa le Greta Thunberg wa ngwaga tse di lesome le bosupa. Go bua ka seemo sa loapi ga ga Nakate go dirile gore a lemogwe ke ba ditshabatsaba jaaka a tlhageletse mo makwala dikgannyeng  a a akaretsang BBC News,[10] Vox[11] le Time,[12] a supiwa jaaka monana wa mme yo o ikiteileng sehuba mo go lweng ntwa kgatlhanong le seemo sa phetogo ya loapi. Ene yare ka ngwaga wa 2019, kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi ale lesome le bongwe, a lalediwa go fa molaetsa[12]kwa C40 Mayor's Summit, go gwetlha  kana go batla tharabolo ya potlako mo baeteledipele ba mafatshe kwa Copenhagen mo  Geremane(Germany).

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Hilda Flavia Nakabuye". Right Here, Right Now Global Climate Summit. 2022-06-24. Retrieved 2023-05-26
  2. Hilda Flavia Nakabuye – Akina Mama wa Afrika". Retrieved 2023-05-26
  3. "Women and climate change: inspiring Ugandan activist Hilda Nakabuye | Standard Chartered". Retrieved 2020-04-21
  4. Striker Diaries - Why #ClimateStrike". strikerdiaries.blogspot.com. Retrieved Oct 26, 2020
  5. Ugandan climate activist Hilda Nakabuye – DW – 07/22/2021". dw.com. Retrieved 2023-05-26
  6. "FridaysForFuture Uganda: Our interview with Nakabuye Hilda". EKOenergy. 2019-09-13. Retrieved 2022-04-17
  7. My generation is fighting to keep Africa green". africasacountry.com. Retrieved 2020-04-21
  8. 'Climate crisis is not for whites only'--Ugandan youth activist". RFI. 2020-02-07. Retrieved 2020-04-21
  9. Evelyn, Kenya (2020-01-29). "'Like I wasn't there': climate activist Vanessa Nakate on being erased from a movement". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 2020-04-21
  10. BBC World Service - The Conversation, Young women striking for climate change". BBC. Retrieved 2020-04-21
  11. Irfan, Umair (2019-12-11). ""We are desperate for any sign of hope," Greta Thunberg tells UN climate negotiators". Vox. Retrieved 2020-04-21
  12. 12.0 12.1 Read This Powerful Speech From a Young Ugandan Climate Activist". Time. Retrieved 2020-04-21