Itumeleng Duiker

Go tswa ko Wikipedia

Itumeleng Duiker (o tshotswe ka 16 Firikgong ka ngwaga wa 1972) ke motshameki wa pele wa kgwele ya dinao wa lefatshe la Botswana.[1] O tshameketse setlhopha sa setšhaba sa Botswana go simolola ka 1992 go emma ka 2000 ka jaana ke mokatisi mogolo wa setlhopha sa Extension Gunners.

Tiro ya gagwe ya go tshameka kgwele[fetola | Fetola Motswedi]

Duiker o ne a tshameka jaaka motshameki yo o fa gare ga motshameko. O ne a tshamekela setlhopha sa setšhaba sa kgwele ya dinao sa Botswana fa gare ga dingwaga tsa 1992 le 2000. Mo nakong ya gompieno, Duiker ke mokatisi mogolo wa Extension Gunners mo Botswana Premier League.

Duiker o ne a nosa nno e le nngwe fela ya Botswana mo tatlhegelong ya dino tse pedi go e le nngwe (2-1) ya setlhopha sa Botswana fa se tshameka kgatlhanong le sa Nigeria ka nako ya go ipatlela phatlha mo kgaisanong ya 1994 FIFA World Cup. Gape o ne a nna le seabe mo setlhopheng sa Extension Gunners se se neng sa fenya Botswana Premier League gararo ka tatelano magareng ga dingwaga tsa 1992 le 1994.[2]

Ka setlha sa kgwele ya dinao sa 1998/99 Duiker o ne a ya kwa lefatsheng la Aforika Borwa a ya go tshamekela setlhopha sa Dynamos Giyani. [1]

Tiro ya nna mokatisi[fetola | Fetola Motswedi]

Go tloga ka 2018, Duiker ke mokatisi mogolo wa Extension Gunners.[3] O tsere maemo ka ngwaga wa 2017 jaaka motsamaisi yo o tlhokometseng setlhopha mme o ne a ntsha maduo a mantle thata mme a fiwa maemo a nako e e tletseng/sennela ruri.[4]

Duiker o kile gape a etelela pele setlhopha sa setšhaba sa Botswana sa bana ba ka fa tlase ga dingwaga di le 17.[5]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Itumeleng Duiker National Football Teams. E bonwe ka 25 Phalane 2022
  2. "Coca-Cola Sponsorship proves to be consistent and durable". Sunday Standard. Archived from the original on 2019-04-04. Retrieved 2022-10-25.
  3. "Gunners coach Duiker rues injuries". Botswana Premier League. 11 April 2018. Archived from the original on 18 December 2018. Retrieved 25 October 2022.
  4. "Duiker to lead Gunners on permanent basis". 11 July 2017.
  5. "Gunners' Duicker (sic) pleased with Botswana U17 progress". Botswana Premier League. 5 July 2018. Archived from the original on 18 December 2018. Retrieved 25 October 2022.