Jessica Nkosi
Jessica Nkosi | |
|---|---|
| Tsalo | Jessica Ayanda Nkosi 20 January 1990 Empangeni, KwaZulu-Natal, Aforika Borwa |
Jessica Ayanda Nkosi (o tshotswe ka 20 Ferikgong 1990) ke modtshameki wa difilimi le mmitsa-thulaganyo wa thelebišene, a tumile thata ka tiro ya gagwe e le moanelwa mo mananeong jaaka Isibaya, Ayeye, The Queen, le Lavish, a a diretsweng ba M-Net.[1][2]
Botshelo jwa kwa bonnyeng
[fetola | Fetola Motswedi]Jessica o tsetswe mo Empangeni, KwaZulu-Natal; ke ngwana wa ga Jabu Nkosi le Nhlanhlayethu Ntuli. Nkosi o ne a fudugela Eshowe, KwaZulu-Natal morago ga go kgaogana ga batsadi ba gagwe. Fa a ne a sa le moithuti wa kerata ya bo 11, rraagwe o ne a tlhokafala ntateng ya Hodgkin's Lymphoma.[3]
Nkosi o tsene Yunibesithi ya KwaZulu-Natal. Le mororo a simolotse a ithutela dikirii ya tsa molao, o ne a fetola dithuto moragonyana, a felela a ithutela dikirii ya Motshameko le Bodiragatsi, e a alogileng go tswa mo go yone ka 2012.
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Motshameki wa mmamoratwa wa thelebishene, motho yo o nang le tlhotlheletso Jessica o itsege thata ka seabe sa gagwe jaaka Qondi mo Mzansi Magic, opera ya sesepa e e bidiwang Isibaya. The show e tswelela e mmontsha jaaka lekgarebe le le botsalano le le tswang mo toropong le le nang le dikgotlhang tse di masisi le Fezile, yo e leng motho yo mongwe yo o nang le maikutlo a a tseneletseng.[4]
Kamano
[fetola | Fetola Motswedi]Jessica Nkosi le Ntokozo Dlamini ka bobedi ba nyetse, mme ba ne ba itumeletse dikgang tsa go nna le ngwana wa bone fa ba ne ba di senola mo metsweding ya dikgang. Ka Lwetse 2018, Nkosi le molekane wa gagwe Uzalo motshameki, Ntokozo Dlamini ba ne ba amogela morwadiabone, Namisa Dlamini.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Jessica Nkosi Biography: Isibaya Exit, Tips On Hygiene, Age, Boyfriend, Marriage, Baby, Controversy, Dresses, House - Updated, 9th April 2020". ZAlebs. Archived from the original on 17 November 2021. Retrieved 20 April 2020.
- ↑ Makhoba, Ntombizodwa. "Jessica Nkosi gets ready to join The Queen's cast". Citypress. Retrieved 16 October 2020.
- ↑ Nkosi, Joseph (14 March 2020). "Jessica Nkosi age, biography, baby, qualifications, boyfriend & baby". The Nation SA. Retrieved 20 April 2020.
- ↑ https://www.msn.com/en-za/news/other/here-s-what-jessica-nkosi-said-about-her-experience-on-the-masked-singer-sa/ar-BB1n8uZp?ocid=BingNewsVerp
- ↑ https://www.thesouthafrican.com/lifestyle/celeb-news/local-celebs/my-amazing-husband-jessica-nkosis-birthday-tribute-to-tk-dlamini-watch-8-january-2024-breaking/