KE NE KA RATA KGAREJWANA

From Wikipedia
Jump to navigation Jump to search

KETELO-PELE[baakanya | edit source]

Baša ba tlaa lemoga gore buka e, ke ya botlhokwa tota. Fela jalo le bagodi ba tlaa thusega thata ka yona go sekamolola mekgwa e mengwe ya bone, ka gongwe le go ruta bana ba bone. Buka e, e tlholegile bogareng jwa Afrika. Le fa go ntse jalo nna, ke le Moafrika wa maitemogelo a boruti mo basweung, ke itse gore e araba ka botlalo dipotso dife le dife kaga baša ba basweu. E re fa maele mo matshwenyegong a lefatshe la segompieno.

DR. E. BOLAJI IDOWU, Senior Lecturer of Religious Studies. University of Ibedan, Nigeria.

Botseno[baakanya | edit source]

A, ke makwalo a bokunutu fa gare ga batho ba babedi go akantshana. Bokunutu jwa na bo feleletse fa ebileng ke na le dipelo tse pedi go ka a phatlhalatsa; le fa go ntse jalo kea patelesega. Phatlalatsa e ga ke e dire ka ntlha ya kopo feela ya tsala ya me e e thusegileng ka ona; ke bona gore le ba bangwe ba ka thusega ka ona, mme ke a phatlhalatsa ka ntlha ya lokwalo lwa gagwee lwa bofelo, lo lo sa ameng nna ke le nosi, fa e se rona rotlhe.

Kafa tumelelong ya tsala ya me, ga kea tlogela sepe, le eseng go fetola sepe, le fa e kabo e le se se tshosang gongwe se se tlaletsang. Se se tlhokafalang fela ke lokwalo lwa moratiwa wa gagwe lo a se kang a rata gore lo gasege, gonne e ne e le lwa botlhokwatlhokwa mo go one. Mme le fa go ntse jalo go seng teng ga lokwalo loo, go nnetefatsa lorato lwa gagwe e le ruri.

Mabapi le dikarabo tse ke lekileng go di mo fa, ke na le go bua sentle gore bontsi jwa tsona ga bo tswe mo go nna. Bontsi jwa tsona ke bo fitlhetse mo dibukeng tse dingwe, mme ke paka gore di tlaa nna le mosola go wena mmuisi. Gantsi ka go sa lemogeng ke buile dintlha tsa mafoko a tsona fela. Le fa mo gongwe ke kwadile mafoko a tsona tho, ga kea dirisa dipulela- mafoko le ditswalela-mafoko, ke raya "..."; gonne ke ne ke sa rate go dirolola boleng jwa dikarabo tsa me.

Ke solofela gore mmadi o tlaa lemoga go sa iphitlhwang mo makwalong a. Ke laletsa bone ba ba bonang gore ba ka thusa tsala ya me mo go e arabeng, bogolo jang lokwalo lwa bofelo lo o lo nkwaletseng.

Ke tlaa fetisetsa makwalo a a ntseng jalo go ene ka boitumelo. Ke itse sentle gore o tlaa itumela, bogolo jang ka nna ke ise ke kgone go ka mo naya karabo.

B.P. 113 WALTER TROBISCH, Yaounde, P.O. Box 1192, Cameroun, Kitwe, West Afrika North Rhodesia


FIRIKGONG 8[baakanya | edit source]

Molotlegi

Lokwalo loo lo tsile koo go wena boemong jwa me. ke tlhajwa ke ditlhong mo go feteletseng go tla go go bona ka sefatlhego. Le kwa ntle ga moo ga ke na madi a leeto; gonne ga ke tlhole ke le morutabana, ke senyegetswe ke tiro.

Labotlhano le le fetileng ke ratanye le kgarejwana, gongwe ka mafoko a gago nka re, ke akafetse; gonne ke kafa basweu ba buang ka teng, le yona Kereke. Mme kana kgarejwana e, e ne e sa nyalwa, le fa e le go ntshetswa bogadi. E ne e se ya ga ope. Ka moo ga ke itse yo ke mo foseditseng, le nna ka nosi ga ke ise ke nyale. Mme le gona ga ke mo maikaelelong a go nyala kgarejwana eo. Le leina la yona ga ke le itse. Ka ntlha ya moo ntlheng ya me, taolo e e reng: "O se ka wa akafala", ga e kgone go buiwa mo lebakeng le la me. Ke ka moo ke sa tlhaloganyeng gore ke ka ntlha ya eng, fa Kereke e ntshutisa le go inkwatlhaisa dikgwedi di le thataro.

Mongwe wa barutwa ba me o ntebile mo moruting. Ee, o ntsentse matlho.

Motlotlegi, kana ke wena yo o nkolobeditseng, wa ba wa nthuta mo sekolong. O ntshemegile ganwe le gape, ebile o itse kafa ke neng ka nna mokriste ka teng. O nkitse go feta le ntate tota. Ke maswabi thata go go swabisa; le fa go ntse jalo ke na le go bua ka thanolo: tota ga ke ipone molato go le kalokalo. Ke tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya ditlokotloko; le fa go ntse jalo ke sa ntse ke le mokrisete.

Ke na le bopelokgale jwa go bua ka thanolo se ke se gopolang, le fa o ka tuka bogale. Dikeletso tsa mmele wa me le bonna jwa me, a ga kea di fiwa gore ke di dirise? A se se leng teng ga sea tshwanela sa dirisiwa? Ke ka ntlha ya eng, fa e le boleo go dirisa se se diri- lweng ke Modimo?

Ka e le foo mongwe le mongwe a setse a ntatofatsa, ga ke solofele go ka arajwa.

Jaanong ke ema foo. Ga go ne sepe gape se nka se buang.

Wa boikanya wa gago mo mathateng, F.

FIRIKGONG 17[baakanya | edit source]

Tsala ya me F.,

Ke amogetse lokwalo lwa gago lwa di 8 Firikgong, ebile ke itumelela thata go utlwa kaga se se dirafetseng, eseng ka mongwe o sele, fa e se ka wena ka nosi. Le mororo ke utlwile botlhoko bogolo jang, ka e le nna ke tlhotlheleditsen gore o bone tiro ya borutabana. Le fa go ntse jalo ga se gore ke go nyatse ka ntlha ya go bua ka thanolo ga gago. Mme tota ke itumedisiwa ke gore, ka gongwe ke tlaa go thusa faale le faale. Ke tla leka ka matla go araba dipotso tsa gago ka thanolo fela jalo.

Ga re kitla re tsena ka pelepele mo potsong ya gago ya gore, a o dirile tiro ya boaka gongwe nyaa. O tantse kgomo lonaka, fa o re, thobalano ga se boleo. Dikeletso le dikakanyo tsa gago, fa o bona kgarejwana ya marata-golejwa ga se boleo, ebile ga se boleo, fa a go kgatlhile. Ga o kgone go thibela dikeletso tsa gago, fela jaaka o sa kgone go thibela dinonyane go fofa tikologong ya tlhogo ya gago. Le fa gontse jalo o kgona go thibela dinonyane go aga dintlhaga mo moriring wa gago.

Ga go na pelaelo, dikeletso tsa thobalano di tlhodilwe ke Modimo. Ke dineo tsa Modimo, mme le gona ke dinoe tsa botlhokwa mo bošeng jwa gago. Fela, keletso ga e nee ope tshiamelo ya go e dirafatsa.

O tlaa reng, fa o bona mosimane, a eme fa fenstereng ya borekela-nama jo bo mo gare ga motse o mogolo, mme a ntse a akanya a re: "Ka jaanong ke bona nama e, ke tshwarwa ke tlala go feta. Nama e, e tsosa keletso ya dijo. Se ke sesupo sa gore ke ya me, ebile ke ka e itse- ela. Ka moo ke na le tshiamelo ya go thuba fenstere gore ke ithuse".

O boditse jaana wa re: "A se se leng teng ga sea tshwanela sa dirisiwa"? Se ke nnete ruri, mme fela a se dirisiwe ka thulaganyong. Sekao, a re re, mongwe wa ditsala tsa gago ke lepodisa; mme kana o tlaa fiwa sethunya, mme a bue a re: "Ga ke ise ke re ke batla sethunya, ke se filwe fela. Ka ke se filwe, ke na le go se dirisa, ke go re, ke letlelesega go thuntsha motho ka sona". Mme nnete ke go re ga a letlelelwa go dira jalo. O na le maikarabelo mo tirisong ya sethunya se a se filweng se. Go ntse fela jalo ka thobalano.

Thobalano e na le go dirisiwa, mme e le ka thulaganyo le kafa go rateng ga Modimo. Ka tiriso e e ntseng jalo thobalano ke se se siameng; foo e nna motswedi o o tiileng wa bophelo, wa kopanyo ya ba babedi. Kwa ntle ga thulaganyo ya Modimo ka pelepele e nna kgaogano le motswedi wa bo- tlhogo le tlhakatlhakanyo le loso. Bokopano ya thobalano bo siame fela, fa bo supa ;orato. Go na le lefokonyana lengwe mo lokwalong lwa gago le le ntsibositseeng go feta; o kwadile jaana wa re: "Ke ratile kgarejwana". Legoka, tsala ya me! Ga oa rata kgarejwana eo, tota o robetse le yona fela; dilo tse pedi tseo di farologana thata. O ne wa nna le maitemogelo a thobalano, eseng a lorato.

Lorato lwa nnete ke lona lo lo lebileng boitumelo jwa moratiwa, eseng go itumedisa fela. Ke itse sentle gore lesogana la segompieno, fa le re: "Kea go rata", le raya fela gore: Ke batla sengwe mo go wena, eseng go go thusa; dira ka pele, ke se batla ka ponyo ya leitlho, kwa ntle ga tiego! Ga go kgathalesege gore go tlaa dirafala eng morago, jaanong go tshwanetse go dirafala. Ke batla gore o kgotsofatse dikeletso tsa me. Ke go batlea sona fela se. Ke go batla gona fela jaanong!

Mme kana sona seo ga se lorato, ke sengwe fela se sele, ke boithato fela. Boemong jwa go bua gore: "Ke rata kgarejwana", o kabo o rile: "Ke ne ka ithata go ithata", ke ka moo ke neng ka dirisa kgarejwana".

A ke leke go go bolelela se tota e leng sona, fa lesogana le raya kgarejwana le re: "Kea go rata". Go raya gore: "Wena, wena, wena, wena o le nosi! Wena o tlaa busa mo pelong ya me, ke wena yo ke mo eletsang, yo kwa ntle ga gagwe ke tlaa bong ke sa felelela. Ke tlaa go naya tsotlhe. Ke tlaa phelela wena fela, ke direle wena fela. Ke go emetse, ke tlaa nna peloteleele le wena. Ga nkitla ke go tsholeletsa letsogo, le fa e le go go kgopisa ka mafoko. O tlaa ntlhaloganya ka metlha, ke ikanyega le go go phepafalela. Ke tlaa go sireletsa, ke go femela mo bosuleng jotlhe. Ke tlaa tlhakanela nao madi a me, re akantshana, ke go naya pelo le mmele. Ga ke rate go dira sepe kwa ntle ga gago. Ka metlha ke batla go nna kafa letlhakoreng la gago."

A jaanong o lemoga go sa itseng sepe ga gago mabapi le maitemogelo a lorato? Le leina la kgarejwana tota ga o le itse! Ga o itse le eseng tsa nako e e fetileng le tsa e e tlang tsa gagwe. Ga o itse le gore go dirafetse eng mo pelong ya gagwe, fa e ne e ntse e le wa gago. Gona fa a ne a ka nna mo mmeleng, foo tatlhego e kabo e mo wetse bogolo.

Nyaa, lorato lwa nnete lo na le boikarabelo. Go raya gore monna o na le boikarabelo mo mosading wa gagwe, mme monna le mosadi ba ikarabela fa pele ga Modimo. Go tloga foo monna ga a tlhole a re "nna", mme a re "wena". Mme bobedi jo ga bo tlhole bo re "nna le wena", mme boa re "rona". Lorato lwa nnete ga lo fele, ebile ga le kitla le fela. Lo batla tlhomamo le boikanyego. Ka mantswe a mangwe re ka re: Lorato lwa nnete lo bonala mo nyalanong fela. Ke ka moo mosimane a sa tshwanelang go bua ka gore: "Kea go rata", etswe a sa ikaelela go nyala.

Nyalo ke yona tsela fela ya go kgotsofatsa dikeletso tsa thobalano. E tshwanetse ya nna boipelo jwa lorato lwa nyalano. Fa o dirisa keletso e kwa ntle ga lorato lo, o ipaakanyetsa nyalano ya mathata.

Jaanong kea fetsa. Ke solofela gore lokwalo lo, lo tlaa dira gore o akanye dilo tse. O itse gore o ka ikanya ka metlha botsalano jwa me le dithapelelo tsa me.

Ke solofela gore ke tlaa amogela lokwalo gape lo lo tswang koo go wena, e le lo lo kwadilweng ka thanolo.

Wa gago wa boikanyo T.

M ....Firikgong 25[baakanya | edit source]

Motlotlegi yo o rategang Ke amogetse lokwalo lwa gago. Ke go leboga go menagane. Ke go itumelela thata, gonne ga oa ntlhoboga ka ntlha maitsholo a me. Le fa o ntshwaya diphoso, mme le gona oa nthusa. Ke itumela e le ruri, fa ke bonye mongwe yo ke ka mo kwalelang ka thanolo, le mororo ke sa tlhaloganya tsotlhe tse o di mpoleletseng. Mothalo wa bofelo wa gago o ntsibositse go feta.

Motlotlegi, mo kgatong e ke e tsereng go ne go se na maikaelelo ape a sele, fa e se fela gore tota ke ne ka ipaakanyetsa nyalo e e tsisang boitumelo. Jaanong kea gakgamala, o mpolelela sengwe se sele fela. A o ko o mpolelele, motho o ka itse jang, fa a sa ithute? Mme le gona o ka ithuta jang kwa ntle ga go lekelela? A ga rea dira jalo mo borutelong jwa boitseanape?

Ka segarona rea tle re re: "Ere o ise o ye go tsoma, o lootse lerumo la gago". Go thusa eng go nyala motho, mme o le bokoa ka ntlha ya go sa tiisang maatla a mmele ka tshwanelo? A jaana ebile ga se kotsi, fa ditokololo di sa dirisiwe? Gonne foo di ka gokgafala.

A oa ntlhaloganya? Ka gongwe o tlaa bona nako go nkwalela gape. F

M...Tlhakole 3[baakanya | edit source]

Tsala ya me F.,

Ke go leboga gape thata, ka o kwadile ka boikanyo jo bo kalo. Ruri ke bona gore o inkantse. Go na le papiso e e gakgamatsang mo Beibeleng e e reng: "Lorato lo thata jaaka loso" (Sefela sa ga Solomone 8:6). Fela jaaka o ka se ka wa utlwelela gore go swa go utlwala jang ka go thulamela thata, fela jalo ga o kgone go utlwa gore go rata go utlwala jang ka thobalano fela. Lebaka ke gore mabaka a farologana gotlhe-gotlhe.

A re dire papiso nngwe gape: Fa o rata go lekelela mokgele (parachute) wa go fologa mo sefofaneng, ka gongwe o tlla re: Nte ke leke pele; ke tlaa tlola ka ona mo godimo ga ntlo gongwe mo setlhareng se seleele. Mme kana dikgato di le masotharo gongwe masonne ga diaa lekana go fa mokgele o nako go ka bulega. Mme ga go pelaelo, o tlaa robega molala. O ka lekelela mokgele o fela ka go tlola go tswa mo sefofaneng. Fela jalo ga o kgone go lekelela lorato kwa ntle ga nyalo, gonne lorato ke se se tlhakanetsweng ka nyalo fela.

Tirafatso ya thobalano ya ba ba sa nyalanang e farologana gotlhe-gotlhe le ya ba ba nyalanyeng. Mo go ba ba nyalanyeng ga go na potlakanyo, ga go na poifo ya go ka lemogwa, ga go na poifo ya go ka tsiediwa, gongwe yp mongwe a ela yo mongwe ka dinakana metsing; ga go na poifo ya go ithwala ka ntlha ya thobalano eo. Mme se segolo ke gore go na le nako ya go itsane le go bonana makoa e sa le mo tsgimologong. Motho o lemoga gore lorato lwa thobalano lo phuthetswe ka lorato lo lo akaretseng dikarolo tsotlhe tsa botshelo.

Goa kgonega go sekaseka go dira ga dithwe tsa thobalano pele ga nyalo. Fela se, ga se se segolo. Se segolo ke kutlwano ya maikutlo, ka mantswe a mangwe re ka re, ke kopano ya maikutlo le dipelo tsa batho ba babedi.


Fa go na le mathata mo thobalanong, ya bo e se ka ntlha ya dipopego tsa mmele. Mathata ka ntlha ya dipopego tse ga e se se se tshwenyang, gonne le ngaka ya sekgoa e ka ne ya di lemoga pele ga nyalo. Lebaka le le tshwenyang gantsi ke tlhokafalo ya kutlwano ya maikutlo, moo o fitlheleng dipelo le maikutlo tsa batho ba babedi di sa dumellane.

Fa baletsi ba letsa diletso tsa bone, ba simolola ka difiolo le diletso tsa modumo o o kwa tlase, mme morago ba letse diphala le meropa. Fa ba ka simolola go letsa diphala le meropa, tse di nang le modumo o mogolo, foo difiolo le diletso tsa modumo o o kwa tlase ga di kitla di utlwala. Go ntse fela jalo ka nyalo. Go utlwanya dipelo le maikutlo ke go letsa difiolo le diletso tsa modumo o o kwa tlase, mme morago go ka lediwa le tsona diphala le meropa tsa thobalano.

Kutlwano eo ya semoya e na le go rutwa pele ga nyalo. Tota go ikopanya le mosetsana mongwe le mongwe ke go senya maatla a gago, eseng maatla a mmele fela, mme e le ona a go rata ka pelo le moa. Se o tshwanetseng wa se boifa ga se go sa nonofang ga ditokololo tsa thobalano, mme ke go sa nonofang ga lorato lwa pelo. thobalano e e se nang lorato ea go nnyennyefatsa, ebile ga e farologane le ya diphologolo ka gope.Go dira jalo ke go senya maikaelelo a a reng: "Nna le wena re kopanye go nna selo se le sengwe se se sa kgaoganeng".

Fa o ipaakanyetsa nyalo ka go ikopanya le mongwe le mongwe, o mo kotsing e e boitshegang ya go sa nneng le maitemogelo a nnete; gonne o tlaa swa pelo go itse lorato lwa nnete; gonne o tlaa swa pelo go itse lorato lwa nnete. Fa o laleleditswe moletlong wa lenyalo, o tsholelwa dijo tse difarologanang. Go na le mofuta w mongwe wa dijo mo go tsona o o o ratang go feta e mengwe. Ga o kitla o simolola go utlwela mefuta eo yotlhe ka ntlha ya go tshaba gore o tlaa kgora o ise fitlhe mo mofuteng o o o ratang wa dijo. Sekao se sengwe ke se: Ntataago o go fa madia sekolo, mme wema o a je otlhe o ise o fitlhe kwa sekolong. Kana go raya gore ga o kitla o tsena.

Go itlwaetsa thobalano pele ga nyalo go ka tsosa keletso ya go nyala lefufa le go rata bonyatsi. Ka mokgwa oo nyalo ya gago e setse e le mo pharagobeng, e ise e simologe. Mme le gona o setse o ka tlwaela mekgwa e e maswe e e ka go kgomareletsang ruri, mme se se ka go dirafalelang morago ga tse di ntseng jalo, o ka welwa ke mathata a magolo, jaaka go felellwa ke thata ya bonna le tse di ntseng jalo, tse di tla senyang boitumelo jwa nyalo ya gago.

Kea tle ke bidiwe, ke le moruti, go tsereganya phapang fa gare ga monna le mosadi. Mme gantsi ke kgona go lemoga gore mathata a, tlhago ya ona e mo maitsholong a monna gongwe a mosadi a pele, ba ise ba nyalane. Lesogana le le sa kang le ithuta boitshwaro pele ga nyalo, ga le kitla le nna le jona mo nyalong. Go kgona go ikgona go batlega thata, ebile go tsisa boitumelo mo nyalong.

A jaana oa bona gore lebaka la gago le lebile nyalo, mme kafa o dirileng ka teng, o thubile lelapa ka gonne o tima mosadi wa gago sengwe, o ise o bo o mo itse.

Tsala ya me F., a o ko o tlhaloganye se. Ga ke leke go go tima monate, ke batla fela go boloka boitumelo jwa gago. Kana fa o kgetla dithunya tsa setlhare sa namune, ga o kitla o itse moutlwalo wa maungo a sona. Ka moo, fa ke go gakolola gore o se ka wa kgetla dithunya, ke dira jalo go go fa sengwe, eseng go se go amoga. Ka go rialo ke araba seane sa gago ka se sengwe se se reng: "Yo o ratang go ikhumisa go feta, oa khumanegisa.

ka ditumediso tsa bokaulengwe, T.

M ...Tlhakole 10[baakanya | edit source]

Moruti yo o rategang

Erile ke ntse ke buisa lokwalo lwa gago lwa bofelo, ka gakologelwa temana nngwe ya Beibele, e ke e utlwileng gantsintsi, fela ke simolotse go se utlwa seša mo go kwalelaneng ga rona. Ke e e reng: "Ga go na poifo mo loratong, lorato lo lo tletseng lo latlhela poifo kwa ntle. Gonne poifo e na le petso, mme yo o boifang ga a tlala mo loratong". (1. Johane 4:18).

Go ntse jalo, se ke nnete ruri. Ke ne ke boifa, mme go bua nnete, boitumelo jwa me mo bosigong jo ke neng ke na le kgarejwana eo ka jone e ne e se jwa sepe. Le fa go ntse jalo, tlhaloganya se tswetswe. Le gona e ne e ntse e le poifo e e nkgapeletsang; ke ne ke boifa gore ke ka tloga ka lwatswa ke madi a bonna a a tlalang mo lethekeng la me. Ka tsela e ke lale ke lora bosigo, mme ere kamoso ke fitlhele dikobo tsa me di kolobile, mme ke tenege go bona dilo tse ntseeng jalo. Ditsala tsa me di ntlhomamiseditse gore, fa ke batla go kgaogana le matshwenyego a a ntsang jalo, ke fela fa nka ikopanya le kgarejwana. Wena oa reng mo lebakeng le?

O ntomile tseebe gore ke se ka ka tsosa keletso ya go nyala lefufa. A ga go kgonege go rata basadi ba bantsi ka nako e le nngwe? Kana ga go na temana epe mo Beibeleng e e thibelang nyalo ya lefufa.

Mo lokwalong lo ke go senoletse dikgopolo tsa me tsa sephiri. Ke solofela gore ga o ne a tsiboga go feta. Kana ga go na ope yo ke ka buang le ene mathata a me, tota le fa e le batsadi ba me. O buile le ka go tlhatlhojwa ke ngaka ya sekgoa. Le fa go ntse jalo nna ga ke e ikanye. Dingaka ga di re bolelele nnete ka metlha, gonne di boifa phapang tse di tlaa dirafalang mo lapeng.

Ke sa ntse ke go lebogela bopelotelele jwa gago.

Wa gago wa boikanyo, F

B...Tlhakole 20[baakanya | edit source]

Mokaulengwe wa me yo o rategang,

A ke simolole ka potso ya gago ya bofelo: Ga ke dumele gore monna o ka rata basadi ba bantsi ka nako e le nngwe. Le gale go tswa gore, fa o re "go rata" tota oa be o raya eng. Fa e le gore go robala le mosetsana, o tlaa bo o buile. Mme ela tlhoko: Lorato lo lo tletseng lo lo bolelwang mo Beibeleng mo temaneng e o e umakileng, ga le ame mmele fela, mme le yona pelo. Kana o itse seane se se reng: "Pelo e e nang le bonno jwa ba le bantsi ga e na bonno le fa e le jwa a le mongwe fela".

Se ke boammaaruri: Lorato lo lo tletseng lwa go rata mosadi wa gago le boikarabelo jo bo tletseng mo go ene, tse e leng tsona metheo ya boitumelo jwa nyalo di raya gore ga go kgonege ka gope go nna le basadi, fa e se mosadi a le mongwe fela.

Oa re, Beibele ga e ganetse nyalo ya lefufa. Ga nke ke tswelela boteng ka potso e fa. Ke tlaa bua temana e le nngwe fela mo go Mathaio 7:12 e e itsegeng jaaka "molao wa botlhokwa", e e reng: "Jaanong tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direle tsona". Go bonala sentle gore, kafa palong ya batho, banna ba ba ka nyalang ba lekana le basadi ba ba ka nyalwang. Ka moo "molao wa botlhokwa" o ganetsa nyalo ya lefufa. Fa motho a tsaya basadi go feta a le mongwe, o thibelela yo mongwe go ka nyala.

Beibele ga e thibele lefufa fela, mme e bua le se sengwe. E re bolelela se nyalo tota e leng sona, gore re ikatlholele. Yona ea re: "Ka moo monna o tlaa tlogela rragwe le mmaagwe, mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe (eseng basadi ba gagwe), mme ba (babedi ba)ba tlaa nna nama e le nngwe fela". (Genese 2:24. Leba le Mareko 10: 2-9). Mafoko a a reng "nama e le nngwe fela" a ka ne a fetolelwa ka gore "sebopiwa se le sengwe se se phelang", gongwe re ka re "motho a le mongwe".

Mo nyalong monna le mosadi ga e tlhole e le dilo tse pedi, mme ke selo se le sengwe fela. Ba emela motho a le mongwe yo o nang le ditokololo tse pedi tse dikgolo, ebong "tlhogo" le "pelp". Monna ke "tlhogo", mosadi ke "pelo". O itse sentle gore se se phelang ga se kgone go phela kwa ntle ga tlhogo, le eseng kwa ntle ga pelo. Le gona ga se phele ka ditlhogo tse pedi, le eseng dipelo tse pedi. Go tshwanetse ga naa le tlhogo e le nngwe le pelo e le nngwe.

Beibele e batla go re thusa gore "re tlhwaafalele dineo tse di molemo bogolo, mme re tsamaye tsela e e molemo bogolo". Go raya gore, fa o nyetse lefufa, nyalo ya gago e ka nne ya nna nyalo, fela wena le basadi ba gago ga lo "motho a le mongwe", mme lona lotlhe ga lo kake lwa nna setshwano sa Modimo ka gope, mme nyalo ya lona ga e kgone go nna marang a kgalalelo ya lorato lwa Modimo lo lo tletseng. Nyalo ya go nyala mosadi a le mongwe fela ke yona fela e e ka supang lorato lwa Modimo.

Fa o batla go ipaakanyetsa nyalo, ipaakanyetse lorato lo lo tletseng loo. O se ka wa iteseletsa go laolwa ke poifo, mme bogolo laolwa ke lorato.

Ga go ope yo o kileng a lwala ka ntlha ya go laola dikeletso tsa gagwe tsa thobalano pele ga nyalo. Se ditsala tsa gago di se go boleletseng ke maaka a a totbetseng. Kwa ntle ga moo, go lora jalo bosigo ga se sesupo sa bolwetse, mme ke sa go supa gore bonna jwa gago bo itekanetse sentle tota. Seo se dirafalela mang le mang. Mmele wa gago o tsholola ka bo-ona madi a a sa dirisiwang, ke sona fela. Go lora jalo ga se motlholo mongwe, le eseng kgakgamatso nngwe. Moa ga o ke o ya go ikhutsa. Modimo o dirile bophelo jwa mmele gore o nne o o itekanetseng.

Nnete tota ke gore, fa o robala le kgarejwana nngwe le nngwe, o mo kotsing ya go lwala, le go tshwarwa ke malwetse a boaka le go felelwa ke thata ya bonna.

Puonyana ya gore tlhobalano ke yona e e ka thibelang bolwetse ke mainanatho a bao ba sa kgone go laola mebele ya bone. O se ke wa tshoga gore kakanya ya gago go nna, gongwe potso e o e mpotsang e ka nkgakgamatsa. Baša ba phela mo bonosing mabapi le mathata a bone, mme sona se ke pogo e kgolo mo go bone. Ba na le go ntsha maikutlo a bone go mongwe yo o nang le tlhaloganyo le maitemogelo mo dilong tse, le yo ba mo ikanyang, a le mogakolodi wa maitemogelo.

Ntataago o tshwanetse a bo a bo a lailwe le go rutwa mabapi le dilo tseo kwa bogwera, mme kana dilo tseo ga di tlhole di dirisiwa, mme thuto kaga dilo tse ga e tlhole e ka bonwa. Ka moo ke tiro ya rona gore re dire sengwe mo boemong jwa yona.

Ngaka e e akang ga ea tshwanela tiro ya yona. Fa o batla go tlhatlhojwa, o na le go ipatlela ngaka e e siameng; fa o itse ngaka ya mokrisete e o e ikanyang, go ka siama thata.

Ke go dumedisa mo leineng la ga Krisetse; ke Ena sekao sa nnete sa lorato lo lo tletseng lwa Modimo, mme oa go rata, le fa fo ka nna jang le jang.

Wa gago wa boikanyo,

T.

M ...TLHAKOLE 28[baakanya | edit source]

Moruti yo o rategang T.,

Ke go kwalela kajeno ka boitumelo jo bogolo, gonne ke itse gore ke ka lorato lwa ga Jesu Krisete fela gore o kgonne go araba dikwalo tsa me. Ga ke tlhole ke ikutlwa bonosi, mme ke ikutlwa ke tiile moko.

Mo lokwalong lwa gago lwa bofelo o buile ka go felelwa ke thata ya bonna. Goa gakgamatsa, ebile ke sona se se nkgotseng go dira se ke se dirileng, e le gore ke lekelle bonna jwa me. Jaanong ke batla go tswa mo sekgoropeng, ke go bolelele kgany yotlhe, ke sa fitlhe sepe.

Nngwe ya ditsala tsa me e ne ya ntaletsa go etela batsadi ba gagwe ka lona letsatsi leo la bomadimabe. E ne e le ka maabanyane. Mo tseleng a sale a ntse a nja ditshego a re, ga ke monna wa sepe, gonne ga ke ise ke itse kgarejwana. Yare re fitlha fa go bone, bagolo ba gagwe ba bo ba se yo, fa e se kgarejwana nngwe mo tlung. Ra simolola go tsaya dikgang, mme a re fa bojalwa, re a nwa. Yare ke re tha, ka fitlhela tsala ya me e se teng, ka iphetlhela ke na le kgarejwana eo fela. A ntaletsa, mme yare ke gana, a simolola go nja ka ditshego, a dirisa mafoko a a sepha a puo ya rona; o bile a mpitsa "sephimola-dijana", a raya gore ke legatlapa, ebile ke boruthwanyane. Ga ke itse gore, a wena, o le motho-mosweu, o ka itse gore go sotlwa ka mokgwa o o ntseng jalo go raya eng mo go rona Ma_Afrika. Go bidiwa motho yo o se nang thata ya bonna ke sekgopi se segolo mo go rona. Fa nkabo ke se ka ka mo supetsa thata ya me, a kabo a ntshentse leina mo gotlhe. Go bua nnete, tota ke ne ke se na lorato lope mo kgarejwanneng eo. Tota-tota mo botenyeng jwa me ke ne ke mo ila; fela go ne go se na ka mokgwa o mongwe. Poifo ya go tlaa sotlwa e ne e feta dipoifo tsotlhe.

A ko o mpolelele gore o ka nna monna jang le go bidiwa jalo, mme o sa dire tsa senna?

Wa gago wa boikanya, F.