Kelly Khumalo

Go tswa ko Wikipedia
Kelly Khumalo
Khumalo a le mo dipuisanong le MacG

Mme Kelly Nonhlanhla Khumalo ( o tshotswe ka Kgwedi ya Ngwanatsele e le malatsi a le lesome le bongwe) ke Modiragatsi wa Aforika Borwa yo o ikaegileng ka tsa moopelo le go tlhagalela mo ditshwantshong tsa motsikinyego gangwe le gape[1]. O tsholetswe kwa Vosloorous, mme morago a ya go nna kwa Nguthu, Kwazulu-Natal ko a goletseng teng

Bokgoni jwa ga mme Khumalo bo ne jwa lemogiwa ka nako e a neng a diragatsa kwa go batleng talente ya mmino wa sedumedi mme a tsena mo tumalanog le kompone ya Bonsai Entertainment, go kgatisa rekoto. O ne a ntsha alebamo ya gagwe ya ntlha ya studio T.K.O (2005).[2] O ne a tuma morago ga go gololwa ga alebamo ya gagwe ya ntlha ya T.K.O (2005)[3]. O ne a kaiwa jaaka yo o gaisitseng botlhe ba ba leng basha go tsena mo mererong ya mino ka ngwaga wa 2005 mo karolong a mmino wa Afro Pop music circuit. Alebamo ya gagwe ya The Past, the Present, the Future e ne ya gololwa ka Ngwanatsele 2012. Ka kgwedi ya Motsheganong 2013, O ne a gapa seetsele kwa 19th South African Music Awards.[4][5]

Alebamo ya borobabongwe ya ga Khumalo The Voice of Africa (2020),[6] e e tsentseng dikarolo tsa R&B,Moopelo wa Sedumedi le Afro pop, e ne ya rurifadiwa go nna gauta mo Aforika Borwa.

Botshelo le Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Kelly Khumalo o tsholetswe kwa Katlegong mme a fudugela kwa KwaZulu-Natal. ka ngwaga wa 1997 ke fa a fudugela kwa Gauteng.[7]

T.K.O (2005), Itshitshi (2006)[fetola | Fetola Motswedi]

Album ya ntlha ya ga Kelly e a opetseng a le mongwe mo go yone ya T.K.O e ne ya gololwa ka 19 Phatwe 2005, mo Aforika Borwa, mme ya dira gore a tlhophiwe mo dikarolong tse pedi, ya Song of the Year le Best Afro Pop Album kwa South African Music Awards ya 2006.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Hot facts about Kelly Khumalo that you may not know". 27 Seetsebosigo 2019.
  2. "Kelly Khumalo | Music In Africa". Music In Africa. 28 Motsheganong 2014. E dirisitswe ka di 21 Ngwanatsele 2020.
  3. "Get to know: Kelly Khumalo".
  4. "Kelly Khumalo shines at the SAMA 19", e-Buzz, 14 Motsheganong 2013.
  5. "Kelly Khumalo Scores Senzo Meyiwa’s Heart?" The Public News Hub, 7 Phukwi 2013.
  6. "KELLY KHUMALO RELEASES NEW ALBUM". 14 Phalane 2020. e bolokilwe go tswa go the original on 19 Phukwi 2021. E irisitswe ka 12 Hirikgong 2021.
  7. 7.0 7.1 "Kelly Khumalo – Conference Entertainer". Speakers Inc. 5 Sedimonthole 2014.