Kemedi ya lefatshe la Botswana kwa Washington, D.C.

Go tswa ko Wikipedia

Kemedi ya Botswana kwa Washington, D.C. ke yone rephaboliki ya Botswana ya tlhomo botsalanyo kwa lefatsheng la United States of America. E bonwa kwa pateng ya 1531 New Hampshire, mo bokoni-bophirima jwa, Washington, D.C., kwa sedikong sa Dupont mo mabaping.[1]

Kitso ka moemedi[fetola | Fetola Motswedi]

Moemedi ke Tebelelo Seretse. O ntse moemedi wa lefatshe la Botswana kwa United States of America ka Tlhakole a tlhola lesome le borataro ngwaga wa 2011. Se ke tiro ya gagwe ya ntlha ya go nna moemedi wa lefatshe.

Go tshweng ka ngwaga wa 1999 go fitlha ka ngwaga wa 2004 o ne a direla mo pusong ya Botswana.O ne a le tona wa ditiro, mesepele le dipalamo go tsweng ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2002 go ya kwa kgweding ya Phalane ngwaga wa 2004. Seretse o mo setlhopeng sa ba badiri ba molao mo Botswana mme a amogela go nna modiri wa molao e sale ka ngwaga wa 1995, gape le leloko la bitsanape ba ba kanokang itsholelo go tsweng ka ngwaga wa 2009. E ntse e le leloko la phutlhego ya Botswana Democratic Party.

Seretse o amogetse setlankana sa dithuto tsa go dira le molao tsa kwa Mmadikolo wa Botswana ka ngwaga wa 1995, MA mo go tsa kanoko ya Itsholelo kwa Mmadikolo wa Cincinnati (Ohio) ka ngwaga wa 1980, o nale bana ba le bane ebile o rata go go itshidila mmele, go bala le go etla.Seretse io bua puo ya Sekalaka, Setswana le Sekgowa.[2]

Dikago[fetola | Fetola Motswedi]

Kago e ne ya agiwa ka ngwaga wa 1887 go tlisa botsalanyo, badiri ba molao, gape le mokwadi Simon Wolf. Ke seatswi sa bodiko jwa kgaolo ya ditso tsaDupont, mme e lopile selekanyo sa $2,266,160 Beng Ba ba itsegeng ba akaretsa William F. Aldrich, Thomas H. Anderson, Thomas Leiter (morwa wa ga Levi Leiter) gape le badiredi ba puso le setlhopa sa bagodi.

Botsalano[fetola | Fetola Motswedi]

Go tswa goo ngwale Botswana o dira sentle mo go godiseng botsalano le lefatshe la United States. Botsalano jo! ba bakile gore go nne le kutlwisisanyo gareng ga mafatshe a mabedi. Mo go se lefatshe la United States of America le thusa Botswana ka go letla baithuti go ithutela dithuto tsa tiro kwa lefatsheng leo. Kabelano ya dingwao tse pedi ke sone se tlwaelesegileng. Bagwebi ba Botswana ba nale teta ya go ka rekisa dithoto tsa bone kwa lefatsheng leo.

Bokhutlo[fetola | Fetola Motswedi]

Go botlhokwa go simolodisa botsalano gareng ga mafatshe,se se tlisa kutlwisisanyo e e netameng gareng ga mafatshe a mabedi. Mafatshe a thusana ka nako ya fa go tlhagogile mathata.

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]