Kereke ya Sion

Go tswa ko Wikipedia

Kereke ya Sione (kgotsa ZCC) ke nngwe ya dikereke tse ditona tse di tlhomilweng mo borwa jwa Aferika, ka maloko a a balelwang mo Sioneng ya Leeba le ba bangwe ba ba mo go ya Moitshepi Engenase. Ntlo kgolo ya Sione e ko toropong ya Sione ya Moria mo Limpopo, Aforika Borwa, mme ebile dikereke tse pedi tse di eteletswe pele ke Barnabas Lekganyane le Moitshepi Engenase Lekganyane ba e leng bana ba bana ba mosimolodi wa kereke e.

Segologolo[fetola | Fetola Motswedi]

Sione e tlhamilwe dikete tse di lesome le borobabongwe,ngwaga dile lesome(ke gore 1910) tse di fitileng e tlhamiwa ke Engenase Lekganyane yo e neng e le leloko la kereke ya Free Church of Scotland, Apostolic Faith Mission le kereke ya Zion Apostolic Church. Maloko a Sione a setse morago tshedimosetso e go bolelwang Lekganyane a re o e amogetse gotswa ko Modimong ka ngwaga wa 1910. Kereke mo tshimologong ene e le mo motseng o Lekganyane a goletseng mo go one e leng Thabakgone, gaufi le Polokwane mo porofenseng ya Limpopo mo Aforika Borwa, mme ene ya kwadisiwa semmuso ele kereke ka ngwaga wa 1942, mo ngwageng o, Sione e ne e setse e nale diphuthego mo Botswana le Zimbabwe. Kereke ya pele e ne e kgothadiwa thata ke dithuto tsa bakeresete ba Khatholiki ba John Alexander Dowie,yo o neng a nna mo Zion, Lllinois ko Amerika le dithuto tsa moreri wa mopentakosete John G Lake, yo o simolotseng tiro mo Johannesburg ka 1908. i

Se sione e leng sone[fetola | Fetola Motswedi]

  • Tumelo ya gore moeteledipele wa kereke (bishopo) ke moemedi ka Keresete fa gare ga Kereke le Modimo, mme fela jaaka Keresete o ka dira metlholo ya masaitseweng le phodiso ya tumelo mo leineng la Morena Jeso Keresete.
  • Tumedi ya gore baeteledipele kgotsa baruti ba ZCC baka dirisa moya yo Boitshepo go fodisa. Tempolete:Ref
  • Tiriso ya metlhale e farologaneng ka tumelo ya phodiso. Metlhale e e akaretse go baya diatla, tiriso ya metsi a boitshepo, go nwa tee e e boitshepo le go apara megala kgotsa diaparo tse di boitshepo.
  • Mebala ya Kereke ke botala ba ditlhare, mmala wa lephutshe,o mosetlha bosweu, botala jwa loapi, merone le se se setlha.
  • Mmala wa botala jwa ditlhare le mmala wa lephutshe ke wa seaparo sa borre le bomme ebile se bidiwa "seaparo se segolo". Diaparo tsa Khakhi ke tsa Mokhukhu(di nale sekopelo) kgotsa di aparwa ke banna ba ba nang le Moitshepi Engenase (ka sekopelo sa leeba). Diaparo tsa botala jwa loapi ke tsa bomme ebile di bidiwa 'khwaere ya bomme'; di kile tsabo di aparwa ka Tshipi. Go na le gape seaparo tsa khakhi se se nang le jeresi e mmala wa botala jwa ditlhare ele sa 'khwaere ya bomme' mme ebile ba se apara ka Tshipi. Seaparo se se setlha ke sa borre le bomme ba ba opelang "NKEDI" .Mebala ya merone le yo mosweu ke e e aparwang ke ba ba thusang ka ditiro tsa Kereke ko Motseng mogolo wa Sione.
  • Ka gore Kereke e rera molaetsa wa kagiso, ba simolola madume a bone ka gore 'KGOTSONG KGOTSA KGOTSO A E BE LE LENA (KGOTSO E BE LE LENA)' ba raya gore "peace be unto you" ka loleme la Mmamosadinyana(kgotsa sekgowa).Kereke ya Sione e thaegile ka Kagiso le tlotlo gammogo le lorato la Modimo.
  • Kereke ya Sione e nale bukana ya yone e e bidiwang "Messenger" . Go bapa le melaetsa ya maloko a kereke,bukana e e nale ditiragalo ka bophara tse di diragalang mo diphuthegong ka go farologana go anama le lefatshe.(jaaka go etela Mookamedi kgotsa beshopo)
  • Go na le lefelo le lengwe le Sione e leng gone go paba le Pudingwana kgotsa Podingwane(Podungwane). Lefelo le ke gone fa la ntlha ntlo kgolo ya Sione e neng e le teng pele e fudugela ko Moria. Botswana
  • Basadi ga ba tseye karolo mo go rereng.

Tumelo[fetola | Fetola Motswedi]

Maloko a Sione ka kakaretsoTempolete:Ref a dumela gore:

  • Motho o bolokwa ka go amogela Keresete le go kolobediwa mo leineng la Rara, le la Morwa le la moya yo boitshepo (Beebela, Matheio 28:19).
  • Motho o rapela (Jehofa, Yawe, ...) mo leineng la Jeso Keresete. Rotlhe re tlhodilwe ke Modimo.
  • Tlhatso ya dibe e bonwa fela ka go ipolela, boikotlhao le go rapela.
  • Moemedi (bishopo) le badiredi ba Sione ba rera Enfangedi ya Jeso Keresete jaaka e beilwe mo baebeleng.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]