Kgosana George wa kwa Wales

Go tswa ko Wikipedia
Prince George
George Alexander Louis
Prince George ka ngwaga wa 2022
Tsalo
Prince George of Cambridge

2013|07|22|
St Mary's Hospital, London, England
Batsadis
  • William, Prince of Wales (father)
  • Catherine Middleton] (mother)

Kgosana George wa kwa Wales (George Alexander Louis) o tshotswe ka ngwaga wa 2013, Phukwi a le malatsi a le masome a mabedi le bobedi. Ke leloko la lolwapa lwa bogosi jwa kwa Britain. Ke ngwana wa ntlha wa ga William le Catherine; Kgosana le mohumagatsana ba kwa Wales. George ke ene ngwana-wa-ngwana wa ntlha wa ga King Charles wa boraro, mme gape ke wa bobedi mo tatelanong ya ba ba tla pagamang setilo sa bogosi jwa kwa ga mmamosadinyana, a sala rragwe morago.


George o tsholetswe kwa sepateleng sa St Mary's kwa Lontone ka nako ya fa go santse go busa mmagwemogolo mo lotlhakoreng lwa ga rragwe, ebong Queen Elizabeth wa bobedi, George o ne a le mo maemong a boraro a bogosi pele ga nkukuagwe a tlhokafala. Matsalo a gagwe a ne a ipelelwa mo mafatsheng a selekane, ka go solofetswe gore o tla nna kgosi.

Fa a santse a le losea[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosana George o tshotswe ka kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome mabedi le bobedi ka ngwaga wa 2013 kwa sepateleng sa St. Mary's Hospital kwa Lontone, nako e le ya masome a mabedi le bone morago ga bone, ka nako e mmagwemogolo go tswa mo lotlhakoreng lwa ga rragwe, ebong Elizabeth wa bobedi a neng a santse a busa, e le ngwana wa ntlha wa ga Kgosana William le kgosatsana Catherine, ba ka nako eo ba neng ba itsege e le Duke le Duchess ba kwa Cambridge.[1]


Matsalo a ga George a ne a itsisiwe ka pego, mme ya salwa morago ke sesupo sa ngwao kwa pele ga ntlo ya bogosi ya Buckingham.[1][2]Meletlo e ne ya tshwarelwa matsalo a gagwe kwa United Kingdom le mo mafatsheng a selekane, mme ngwana o mosha o, a bakiwa jaaka kgosi ya kamoso mo dipampiring tsa dikgang ka bontsi tsa kwa Britain.[3][4] Ka kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le bone, leina la gagwe le ne la bolelwa e le George Alexander Louis.[5]


George o ne a le wa boraro mo tatelanong ya bogosi ka nako ya fa a tsholwa. E le lantlha, fa e sale ka puso ya ga Queen Victoria dikokomane di le tharo tse di mo tatelanong ya bogosi di tshela ka nako e nngwe: George, rragwe ebong William, le rragwemogolo Charles.[6] George o ne a kolobediwa ka kgwedi ya Phalane e le malatsi a le masome a mabedi le boraro ke Justin Welby, Archbishop wa kwa Canterbury, kwa kerekeng ya Chapel Royal kwa ntlong ya bogosi ya St James's.[7][8]

Kgodiso ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Prince George o feditse dikgwedi tsa ntlha kwa ntlong ya batsadi ba gagwe kwa Bodorgan Hall kwa Anglesey kwa Wales, pele ga lolwapa lwa gagwe lo fudugela kwa ntlong ya bogosi ya Kensington ka ngwaga wa 2014.[9][10] George o ne a tsaya loeto lwa bogosi lwa ntlha le batsadi ba gagwe ka Moranang ka ngwaga wa 2014, ka nako e borra Cambridge ba neng ba fetsa dibeke tse tharo kwa New Zealand le Australia. Le ntswa a tlhageletse gabedi fela, ba dikgang tsa BBC ba ne ba tlhalosa fa George o neng a le dikgwedi di robabongwe, e neng e le ene naledi.[11] Tonakgolo wa nako eo wa Australia Tony Abbolt o ne a bolelapele kwa palamenteng kwa Canberra gore George nako nngwe o tla bo a amogelwa koo e le kgosi ya Australia.[11]



Ka Seetebosigo ngwaga wa 2015, George o ne a tlhagelela lantlha mo sechabeng kwa setupung sa ntlo ya bogosi ya Buckingham morago ga mogwanto wa mebala.[12] Go tswa ka ngwaga wa 2015 go tsena wa 2017, lolwapa lo ne lo nna kwa Anmer Hall kwa Norfolk, kwa George a simolotseng sekolo kwa West Acre Montessori School Nursery ka Firikgong 2016.[13]


Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2016, letsatsi la bomasome a mabedi le bobedi, George o ne a kopana le tautona wa nako e o wa kwa U.S Barack Obama le mohumagadi wa gagwe Michelle Obama. Barack Obama morago a dira motlae ka bokopano boo are George o tsile kwa bokopanong a apere gown e e dirisiwang go tlhapa, o tlodile molao.[14]


George o simolotse sekolo se sebotlana ka leina la George Cambridge ka Lwetse ngwaga wa 2017 kwa Thomas's kwa Battersea.[15][16][17]Ka ngwaga wa 2022, lolwapa lo ne lwa fudugela kwa Adelaide kwa Windsor Park.[18] Fa e sale ka Lwetse 2022, George le bomonnawe, Charlotte le Louis, ba tsene sekolo kwa Lambrook, se e leng sekolo se se ikemetseng kwa Berkshire.[19][20]


George o tsere karolo mo moletlong wa go busa dingwaga di le masome a matlhano ga ga nkukuagwe Queen Elizabeth II ka Seetebosigo 2022, le mo mogwantong wa mebala tota.[21] O tlhokafetse ka kgwedi ya Lwetse e le malatsi a robabobedi ngwaga wa 2022 mme a tlhatlhamiwa ke rragwemogolo George ebong King Charles III. George o ne a nna wa bobedi mo tatelanong ya bogosi, a sala morago rragwe.[22][23] Ka Motsheganong ngwaga wa 2023, letsatsi la borataro, George o ne a tsaya karolo kwa moletlong wa go tlhoma rragwemogolo kgosi.[24][25] George le bomonnawe gangwe le gape ba tsamaya le batsadi ba bone mo ditirong tsa bogosi,[26] maeto le botsalano jwa mafatshe.[27][28]

Tebego mo sechabeng[fetola | Fetola Motswedi]

Diaparo le dilo tse dingwe tse George a di dirisang, gantsi di rekiwa phetelela kwa mabentleng.[29] Batsadi ba gagwe ba ikanne go mo sireletsa jaaka a gola.[30] Ka Phalane ngwaga wa 2015, ntlo ya bogosi ya Keningston e ne ya tlhalosa gore ba batla gore babegadikgang ba mafatshefatshe ba emise go tsaya George dinepe tse di sa letlelelwang, bare jaanong go feteletse gore babegadikgang ba e go mmatla ba bo ba mo tsaya dinepe,ba bo ba baya leitlho lolwapa lwa gagwe le go romela bana go bitsa George.[31]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Owen, Paul; Walker, Peter; Quinn, Ben; Gabbatt, Adam (22 July 2013). "Royal baby: Duchess of Cambridge gives birth to a boy – as it happened". The Guardian. Archived from the original on 17 May 2021. Retrieved 22 July 2013.
  2. "Royal baby bulletin displayed at palace (video)". BBC News. 22 July 2013. Retrieved 22 July 2013. A formal bulletin confirming that the Duchess of Cambridge has given birth to a baby boy has been displayed on an easel at Buckingham Palace.
  3. Malkin, Bonnie; Johnson, Daniel (23 July 2013). "Royal baby: what the British papers said". The Telegraph. Archived from the original on 29 April 2021. Retrieved 29 April 2018. News that the Duchess of Cambridge has given birth to the future king has been celebrated on the front page of every paper in Britain.
  4. "A Future Monarch is Born". The Times. 23 July 2013. Archived from the original on 4 June 2021. Retrieved 10 June 2021.
  5. Davies, Caroline (24 July 2013). "Prince George: royal couple choose name fit for a king". The Guardian. Archived from the original on 6 May 2021. Retrieved 24 July 2013. Sticking rigidly to royal tradition, the Duke and Duchess of Cambridge have announced that their baby son is to be called George Alexander Louis, to be known as His Royal Highness Prince George of Cambridge.
  6. Johnson, Daniel (22 July 2013). "Royal baby: three generations of heirs in waiting". The Telegraph. Archived from the original on 29 April 2021. Retrieved 14 September 2019. This is only the second time there have been three generations of heirs, the first being in 1894 when Edward VII, George V, and Edward VIII were all in line to succeed Queen Victoria.
  7. "The christening of Prince George of Cambridge". Duke and Duchess of Cambridge website. 27 September 2013. Archived from the original on 14 October 2013. Retrieved 27 September 2013. Their Royal Highnesses The Duke and Duchess of Cambridge are pleased to announce the christening of Prince George will take place on Wednesday, 23rd October at The Chapel Royal, St James's Palace. / Prince George will be christened by The Archbishop of Canterbury, the Most Reverend Justin Welby.
  8. "Prince George christening: Godparents announced". BBC News. 23 October 2013. Archived from the original on 10 February 2021. Retrieved 23 October 2013. The names of Prince George's seven godparents have been announced ahead of his christening later. / They are Oliver Baker, Emilia Jardine-Paterson, Earl Grosvenor, Jamie Lowther-Pinkerton, Julia Samuel, William van Cutsem and Zara Tindall.
  9. "Prince George Not Yet Sleeping Through the Night, Says His Dad". ABC News. Retrieved 19 September 2021.
  10. "Kate Middleton, Prince William and Baby George to be Honoured by Anglesey". International Business Times UK. 3 September 2013. Retrieved 19 September 2021.
  11. 11.0 11.1 Witchell, Nicholas (25 April 2014). "Royal tour: Prince George steals the show as support for monarchy rises". BBC News. Retrieved 10 June 2021. 'From the moment he was carried down the aircraft steps... on their arrival in New Zealand on Monday 7 April... He has only appeared twice... On each occasion the appeal of a nine-month-old future king has upstaged even the glamour of a future queen consort and her husband.' & 'Australia's Tony Abbott is a particularly fervent supporter [of the monarchy], even going so far - in a speech in Parliament House in front of William and Catherine - to declare with confidence that their son would one day be welcomed to Australia as King George VII.'
  12. "Prince George watches on excitedly as Royal family arrive at Trooping the Colour parade". The Telegraph. 13 June 2015. Archived from the original on 23 August 2015. Retrieved 14 June 2015.
  13. Hunt, Peter (18 December 2015). "Prince George to attend Westacre Montessori School Nursery". BBC News. Archived from the original on 24 April 2021. Retrieved 10 June 2021. The two-year-old will go to the Westacre Montessori School Nursery in Norfolk from January.
  14. Millward, David; Allen, Nick (1 May 2016). "Barack Obama jokes Prince George's pyjamas greeting was 'slap in the face' in his final speech at White House Correspondents' dinner". The Telegraph. Archived from the original on 6 May 2021. Retrieved 29 September 2016.
  15. Hunt, Peter (24 March 2017). "Prince George to attend Thomas's School in Battersea". BBC News. Archived from the original on 11 November 2020. Retrieved 10 June 2021. The Duke and Duchess of Cambridge will send Prince George to a private south London primary school in September.
  16. Hunt, Peter (7 September 2017). "Prince George starts first day of school". BBC News. Archived from the original on 15 November 2020. Retrieved 10 June 2021. The four-year-old is attending Thomas's Battersea, an £18,000-a-year preparatory school in London.
  17. Davies, Caroline (7 September 2017). "Prince George arrives for first day at £18,000-a-year prep school". The Guardian. Archived from the original on 30 April 2021. Retrieved 10 June 2021. The newest and most famous pupil, who will be known as George Cambridge, was escorted into the reception class.
  18. Wylie, Catherine (3 September 2022). "Cambridges have moved into new Windsor home, sources say". Evening Standard. Retrieved 9 September 2022.
  19. Elston, Laura (22 August 2022). "Lambrook: Inside George, Charlotte and Louis' new £7,000-per term school". The Independent. Retrieved 22 August 2022.
  20. Haq, Sana Noor (8 September 2022). "Royal children George, Charlotte and Louis arrive for first day at new school". CNN. Retrieved 8 September 2022.
  21. Hallemann, Caroline (4 June 2022). "Prince George and Princess Charlotte Join Their Parents on a Visit to Wales". Town & Country. Retrieved 5 June 2022.
  22. "Royal Family tree: William confirmed as Prince of Wales". BBC News. 9 September 2022. Retrieved 10 September 2022.
  23. "Queen Elizabeth II has died". BBC News. 8 September 2022. Retrieved 9 September 2022.
  24. "Coronation invites issued by King Charles and 'Queen Camilla'". BBC News. 5 April 2023. Retrieved 5 April 2023.
  25. "Coronation order of service in full". BBC News. Retrieved 6 May 2023.
  26. "Prince William and Kate make red carpet debut with royal children". BBC News. 11 December 2020. Archived from the original on 23 December 2020. Retrieved 2 January 2021. Prince George, Princess Charlotte and Prince Louis watched a performance of Pantoland at the London Palladium with their parents in the royal box.
  27. Hunter, Justine (1 October 2016). "Prince William, Kate and children bid farewell to Canada as royal tour ends". The Globe and Mail. Archived from the original on 5 May 2021. Retrieved 23 May 2017. The Duke and Duchess of Cambridge ended their Canadian tour on Saturday in Victoria's inner harbour, greeted by delighted cheers as three-year-old Prince George peered out at the crowd and waved with both hands.
  28. Hunt, Peter (17 July 2017). "George and Charlotte join Poland and Germany diplomacy tour". BBC News. Archived from the original on 6 May 2021. Retrieved 29 April 2018. Kensington Palace said Prince George, three, and Princess Charlotte, two, would be seen 'on at least a couple of occasions over the course of the week'.
  29. Thompson, Isobel (20 July 2017). "'The Prince George Effect': How a 4-year-old royal is changing the course of children's fashion". Vogue Paris. Condé Nast. Archived from the original on 11 July 2021. Retrieved 11 July 2021. This was the first iteration of what has been dubbed the 'Prince George Effect', and since then, his continuous ability to deplete the shops of stock has become a national phenomenon.
  30. Hunt, Peter (29 September 2016). "Prince George and Princess Charlotte in Canada play day". BBC News. Archived from the original on 2 May 2021. Retrieved 29 April 2018. William and Kate are determined their children grow up in private and not in public.
  31. "Prince George 'being harassed by paparazzi'". BBC News. 14 August 2015. Archived from the original on 1 April 2021. Retrieved 14 August 2015. Paparazzi harassment of Prince George has increased and photographers' tactics are becoming increasingly dangerous, Kensington Palace has said. / The palace has issued an appeal to world media not to publish unauthorised images of the two-year-old. / Some paparazzi had gone to 'extreme lengths' to take pictures and 'a line has been crossed', the palace said.