Kgosana Louis wa kwa Wales

Go tswa ko Wikipedia
Prince Louis
Prince Louis ka ngwaga wa 2022
Tsalo
Louis Arthur Charles

2018|4|23
St Mary's Hospital, London, England
Batsadis
  • William, Prince of Wales (father)
  • Catherine Middleton (mother)
MasikaPrince George of Wales - brother Princess Charlotte of Wales - sister

Kgosana Louis wa kwa Wales[1] o tshotswe ka ngwaga wa 2018, Moranang e le malatsi a le masome a mabedi le boraro. Ke leloko la lolwapa lwa bogosi kwa Britain. Ke ngwana wa boraro, ebile e le ene o monnye wa ga Kgosana William wa kwa Wales le mohumagatsana Catherine wa kwa Wales. Ke ngwana-wa-ngwana wa ga Kgosi Charles wa boraro, o mo maemong a bone a tatelano ya bogosi jwa kwa Britain.

Fa a santse a le losea[fetola | Fetola Motswedi]

Kgosana Louis o tshotswe ka Moranang a le malatsi a le masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa 2018 kwa sepateleng sa St Mary kwa Lontone ka nako ya lesome le motso e siilwe ke motsotso, ka nako e nkukuagwe mo lotlhakoreng lwa ga rragwe ebong Queen Elizabeth II a neng a santse a le mo setilong. Ke ngwana wa boraro, mosimane wa bobedi wa ga Kgosana le mohumagatsana William le Catherine ba kwa Wales, ba ka nako eo ba neng ba bidiwa Duke le Duchess ba kwa Cambridge.[2][3][4] Matsalo a gagwe a ne supiwa ka go thuntsha ditlhobolo le go letsa dibele.[5] Ka kgwedi ya Moranang e le malatsi a le masome mabedi le bosupa, leina la gagwe la Louis Arthur Charles le ne la begiwa,[6] e le tlotla mo go rragwemogolo;Charles le Louis wa kwa Burma.[7] Louis o ne a kolobediwa ka Phukwi a le malatsi a robabongwe ke Archbishop Justin Welby wa kwa Canterbury kwa kerekeng ya Chapel Royal kwa ntlong ya bogosi ya kwa St James.[8]

Kgodiso ya gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Louis le ba lolwapa lwa gagwe ba nnile kwa ntlong ya bogosi ya kwa Kensington le kwa Anmer Hall fa a santse a le mmotlana.[9] O tlhageletse lantlha kwa moletlong wa matsalo a ga nkukuagwe ka ngwaga wa 2019.[10] O simolotse sekolo kwa Willcocks Nursery School gaufi le ntlo ya bogosi ya kwa Kensington ka Moranang ngwaga wa 2021.[9]


Lolwapa lo ne lwa fudugela kwa Adelaide kwa Windsor Park ka ngwaga wa 2022,[11] [12]morago a ya go tsena kwa Lambrook kwa Berkshire le bomogolowe, Kgosana George le mohumagatsana Charlotte.[13][14]


Louis o ne a na le bomogolowe le batsadi ba gagwe kwa moletlong wa dingwaga tse di masome a matlhano nkukuagwe a ntse a busa.[15] Elizabeth wa bobedi, o tlhokafetse ka kwedi ya Lwetse e le malatsi a robabobedi ka ngwaga wa 2022,mme rragwemogolo Louis ebong King Charles III a nna kgosi. Ka jalo, Louis one a nna mo maemong a bone a tatelano ya bogosi.[16][17] O ne a tsamaya le batsadi ba gagwe le bomogolowe fa rragwemogolo a bewa kgosi ka Motsheganong a le malatsi a le marataro ngwaga wa 2023.[18]

Maemo[fetola | Fetola Motswedi]

Louis ke kgosana ya kwa Britain o o dirisang leina la semmuso la "His Royal Highness Prince Louis of Wales".[19] Pele ga rragwe a nna kgosana ka Lwetse a le malatsi a robabongwe ngwaga wa 2022, Louis o ne a bidiwa "His Royal Highness Prince Louis of Cambridge."[20]

Tatelano ya bogosi[fetola | Fetola Motswedi]

Louis o mo maemong a bone a tatelano ya bogosu jwa kwa Britain, o setse morago rragwe le bomogolowe ba babedi, Kgosana George le mohumagatsana Charlotte.[2] Morago ga go diragatswa ga tumalano ya Perth, e e neng e emisetsa e e bayang borre kwa pele, ke kgosana ya ntlha kwa Britain go nna mo maemong a a fa morago ga a ga kgaitsadie mo tatelanong ya bogosi.[21]

Kitso tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Royal baby named Prince Louis". BBC News. 27 April 2018. Retrieved 27 April 2018. Lou-ee not Lou-iss
  2. 2.0 2.1 "Duchess gives birth to baby boy". BBC News. 23 April 2018. Retrieved 23 April 2018.
  3. "Prince Louis". www.royal.uk. London: Buckingham Palace. May 2018. Archived from the original on 28 May 2018. Retrieved 28 May 2018.
  4. "Royal baby: Duke and duchess show off new son". BBC News. 23 April 2018. Retrieved 29 May 2018.
  5. "Royal baby: Prince Charles feels 'great joy' for new grandson". BBC News. 24 April 2018. Retrieved 7 May 2019.
  6. Davies, Caroline (27 April 2018). "Duke and Duchess of Cambridge name their baby son Louis". The Guardian. Retrieved 27 April 2018.
  7. Furness, Hannah; Boyle, Danny (27 April 2018). "Prince Louis Arthur Charles: New royal baby name announced by Duke and Duchess of Cambridge". The Telegraph. Retrieved 27 April 2018.
  8. "Prince Louis to be baptised on 9 July". BBC News. 20 June 2018. Retrieved 20 June 2018.
  9. 9.0 9.1 "Prince Louis: New birthday photograph as he starts nursery". BBC News. 22 April 2021. Retrieved 22 April 2021.
  10. "Prince Louis makes waves at parade". BBC News. 8 June 2019. Retrieved 2 January 2021.
  11. Duboff, Josh. "Kate Middleton and Prince William Are Officially Moving to London This Fall". Vanity Fair. Retrieved 31 May 2021.
  12. Wylie, Catherine (3 September 2022). "Cambridges have moved into new Windsor home, sources say". Evening Standard. Retrieved 9 September 2022.
  13. Elston, Laura (22 August 2022). "Lambrook: Inside George, Charlotte and Louis' new £7,000-per term school". Independent. Retrieved 22 August 2022.
  14. Haq, Sana Noor (8 September 2022). "Royal children George, Charlotte and Louis arrive for first day at new school". CNN. Retrieved 8 August 2022.
  15. "Queen's Jubilee: Times Prince Louis stole the show". BBC News. 2 June 2022. Retrieved 3 June 2022.
  16. "Royal Family tree: William confirmed as Prince of Wales". BBC News. 9 September 2022. Retrieved 10 September 2022.
  17. "Queen Elizabeth II has died". BBC News. 8 September 2022. Retrieved 9 September 2022.
  18. Petit, Stephanie; Andaloro, Angela (6 May 2023). "Prince George, Princess Charlotte and Prince Louis Arrive at Grandfather King Charles' Coronation". People. Retrieved 6 May 2023.
  19. LeGardye, Quinci (10 September 2022). "Prince George, Princess Charlotte, and Prince Louis Receive New Titles". Harpers Bazaar. Retrieved 12 September 2022 – via Yahoo!News.
  20. "Royal baby named Prince Louis". BBC News. 27 April 2018.
  21. "Royal baby: Duchess of Cambridge gives birth to new prince". BBC News. 23 April 2018. Retrieved 23 April 2018.