Kodibeleng
Kodibeleng | |
|---|---|
Kgaolo | Legare |
Setshaba | 1206 (2001) |
Kodibeleng ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana.O bokgakala jwa dikhilomitara di le 99 go tswa kwa motsemogolong wa Central Serowe,[1]le masome a le bosupa go tswa kwa botlhaba jwa Mahalapye, o na le sekolo se se botlana.[2] Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete, makgolo a mabedi le borataro.[3]
Mo patlisisong ya thutafatshe e e dirilweng ke Lephata la Dipatlisiso tsa Lefatshe la Botswana ka ngwaga wa 1976, go ne ga fitlhelwa petse ya metsi a a kwa tlase a ne a le gaufi le boalogodimo mme a tladiwa gape ka dipaka go tswa kwa dithoteng tse di gaufi. Mokgwa o mogolo wa goga metsi mo motseng ono e ne e le ka didiba tse di boteng le dikhuti tse di epilweng, le fa metsi a ne a le a boleng jo bo farologaneng, ka dinako tse dingwe a le letswai kgotsa a le foreshe. Patlisiso e tlhalositse fa go ne go na le thuo ya dikgomo e e neng e dirwa ka ngwaga wa 1976, le gore leruo le metlhape e megolo ya dikgomo ke lone lebaka le legolo la tiriso ya metsi. Ga jaana, Kodibeleng e na le leruo la Moralane.[2]
Patlisiso eo ya thutafatshe e tshwaetse ka gore Kodibeleng e ne e "fudilwe thata mme go ne go sa kgonagale gore e boele e nne le dimela tse di siameng ntle le fa dikgomo di le mo masakeng[di tswaletswe] mme lefelo la go nosetsa le aname mo lefelong le legolo." Go oketsa mathata a metsi a motse, patlisiso e fitlhetse gore gantsi metsi a ne a kgotlelesega ka ntlha ya metsi a a tswang mo godimo ga lefatshe a a elelang a boela mo didibeng.
Le fa tiro e e tlwaelegileng thata ya meepo mo kgaolongpotlana ya Mahalapye e le go epa motlhaba, Kodibeleng e na le Porojeke ya Gase ya Kalahari.[2]E eteletswe pele ke setlhopha sa Kalahari Energy Botswana (KEB), e leng yone fela khamphani mo Botswana e e ineetseng gotlhelele go dira kgwebo ya metswedi ya methane e e mo magaleng mo kgaolong eo. KEB e ne ya bona dilaesense tsa ntlha tsa go batlisisa magala go tswa mo go tse di neng tsa tlogelwa ke ISCOR.[4]KEB e ne ya dira diteko mme dipholo tsa tsone di ne tsa supa gore go na le di-gas saturation tse di siameng, mme seno se ne sa dira gore Puso ya Botswana e dire thutopatlisiso ya yone. Thutopatlisiso e e latelang e ne ya supa "gase e ntsi mo magaleng ... a Central Kalahari Karoo Basin." Go tloga ka 2008 go fitlha ka 2015, sediriswa sa go epa (RD20) se ne sa simolola go epa, mme go ne ga wediwa thulaganyo ya didiba tsa 5-Spot, e e neng ya bontsha kelelo e e maatla ya gase.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Kodibeleng, Botswana - Facts and information on Kodibeleng - Botswana.Places-in-the-world.com". botswana.places-in-the-world.com. Retrieved 6 May 2021
- 1 2 3 ""MAHALAPYE SUB DISTRICT"". Archived from the original on 2021-05-06. Retrieved 2025-10-12.
- ↑ "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 24 November 2007. Retrieved 13 January 2008.
- ↑ "History". Kalahari Energy Botswana. Retrieved 6 May 2021.