Lerato Kganyago
Lerato Kganyago | |
|---|---|
| Tsalo | Lerato Kganyago 22 July 1982 Soweto, South Africa |
| Letso | South African |
| Maina amangwe | LKG |
| Tiro |
|
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 2009–present |
Lerato Kganyago tseetswe ka 22 Phukwi 1982 kwa Soweto, Aforika Borwa. Ke ene ngwana a le nosi wa batsadi ba gagwe. Lerato o na le botsalano jo bo siameng le mmaagwe, mme o tlhalosa rraagwe jaaka motho yo o senang maikutlo mo go kamanong ya bone.
Tsa Botshelo
[fetola | Fetola Motswedi]Thuto ya ga Kganyago, o ne a tsena sekolo se se potlana kwa Ipolokeng Primary School mme a tsena sekolo sa sekontari kwa Boksburg High School, kwa a neng a ikwadisetsa teng. O ne a ya kwa Damelin College kwa a neng a bona Dipoloma ya Maeto le Bojanala le Dikamano le Setshaba.
Kamano
[fetola | Fetola Motswedi]Lerato o nyetswe ke mogwebi wa Gauteng, Thami Ndlela ka lenyalo la setso ka 2020. Lenyalo la bone la setso le ne la tshwarwa ka nako ya leroborobo la mogare wa Corona(Covid-19), mme go ne ga tsewa dikgato tsotlhe tsa go itshireletsa[1]. Banyalani bano ga ba a ka ba nna mmogo lobaka lo loleele, ba ne ba kgaogana dikgwedi di le pedi fela morago ga lenyalo la bone la setso.Ka 2015, Kganyago o ne a senyegelwa ke mpa mme ka nako ya puisano ya Real Talk ya ga Anele Mdoda o ne a senola gore tota o kile a senyegelwa ke mpa gabedi. O ne a bolela gore o ne a na le di-fibroid tse a neng a di ntsha mme di ne di boile di dira gore go nne motlhofo gore a senye mpa gape.
Ka Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 2015, o ne a tsenela SABC2 soapie Muvhango ka karolo ya Mmasebotsana Primrose Mojalefa, a le bontle le mosadi wa kgwebo mo a neng a simolola go tshameka ka Labone, 11 Seetebosigo 2015. E ne e le molekane mo FTV (Centurion) franchise mme o na le Black Angel, khampani ya tsamaiso ya ditiragalo. O dirile ditumalano le Lefapha la Thuto la Gauteng, Face of Jawad Products kwa Lesotho, Revlon, Always Ultra Campaigns, Silver Star Casino, le Tropica mmogo le go tshwara meletlo ya mmino jaaka MC. Ka kgwedi ya Phatwe 2024 e ne e le moatlhodi wa Miss South Africa 2024.[2]
Dikgele
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a bona dikgele ka ntlha ya bokgoni le go ratega ga gagwe go Best Presenter Award at SAFTAs 2018 le Golden Horn Award for Best TV Presenter.
- ↑ https://www.ecr.co.za/news/entertainment/pics-lerato-kganyagos-traditional-wedding/
- ↑ Lerato Kganyago's Miss SA rants draw attention, SA calls for petition to have her removed as a judge (msn.com)