Luthando Shosha

Go tswa ko Wikipedia
Luthando Shosha
Tsalo
Luthando Shosha

(1989-03-09) 9 March 1989 (age 35)
LetsoSouth African
Maina amangwe
  • Loot Love
  • King Loot
TiroRadio personality Television presenter Model (person)|Model
Dingwaga tsa a le mo tirong2009-present
TsalaReason (? - 2020)
Bana2

Luthando Shosha, o io itsegeng gape ka leina la Loot Love, o tshotswe ka Mopitlo a ferabongwe ka ngwaga wa 1989. Ke mogasi wa telebishini le seromamoa wa mo Aforika Borwa, o o itsegeng ka go gasa thulaganyo ya mmino e e tsenang bosigo ka Labotlhano mo motsweding wa SABC 1 e e bidiwang Live Amp.[1]

Botshelo jwa a le monnye[fetola | Fetola Motswedi]

Luthando o tshotswe ka Mopitlo a ferabongwe ka ngwaga wa 1989 kwa Port Elizabeth, kwa Eastern Cape. O tsene sekolo sa basetsana fela kwa Collegiate Girls High School. Morago ga go aloga ka matric o ne a ya go ithutela tsa go kgabisa matlo mo teng kwa Design School Southern Africa (DSSA) kwa Johannesburg kwa Gauteng.[2]

Luthando Shosha o ne a seka a kgona go kwala ditlhatlhobo tsa gagwe tsa DSSA ka ntlha ya letlhoko la madi, o ne a boela gae kwa Port Elizabeth. O ne a rotloediwa ke mmagwe go tsenelela dikgaisano tsa mmabontle. O ne a tsenelela mmabontle mme a tlhophiwa go rekisa kompone nngwe ya kwa Port Elizabeth.

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Luthando Shosha o ne a firiwa ke mohiri wa kwa Kingfisher FM go dirisa lentswe la gagwe mo seromamoeng. O ne a lalediwa go tla go rutiwa tiro dibeke tse pedi, fa dithuto tse di tsamaela go fela, DJ mongwe kwa seromamoeng o ne a tsamaya mme a bulela Luthando Shosha ditsela.

Ka ngwaga wa 2012, Shosha o ne a tsenela kgaisano ya go batliwa ga mogasi wa SABC 1 e a neng a e fenya mme a phunyeletsa mo mohameng wa itlosobudutu wa Aforika Borwa. O simolotse kwa Live Amp ka Motsheganong a le lesome le boferabobedi a bereka le Bonang Matheba. O ne a gasa thulaganyo ya mmino e bidiwa Urban Music Experience e e supilweng mo SABC 1 maitseboa mangwe le mangwe a Labotlhano. Ka ngwaga wa 2017 o ne a nna mogasi wa thulaganyo ya MTV ya The Come Up. Ngwaga one oo o ne a tlhophiwa e le moemedi wa Aforika Borwa wa komopone ya tse di itshasiwang ke bomme ya Revlon mo letsholong la bone. O berekile gape le Footwork SA ka letsholo la bone la mariga. O ne a fenya seetsele sa Style Awards ka ngwaga wa 2017. Ngwaga oo o ne a gasa dietsele tsa MTV European music awards. O tlhageletse mo dimakasineng di le mmalwa ksa Aforika Borwa jaaka wa ElleSA, True Love, Bona le e mengwe. O itsewe ka kapari ya gagwe e e kgatlhisang.

Mo nakong ya gompieno o gasa thulaganyo ya mmino wa Hip Hop e e bidiwang Absolute Hip Hop mo seromamoweng sa Metro FM, a bereka le DJ Speedsta, Sateretaga mongwe le mongwe.[3][4][5]

Shosha o nnile mogasi wa Afica Now Radio mo Apple Music 1 ka Seetebosigo ngwaga wa 2021.[6]

Ka Mopitlo 2022, o ne a begiwa fa e le moemedi wa letsholo la Krone Night Nectar.[7]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Luthando Shosha". TVSA. Retrieved 9 October 2016.
  2. "Sitting down with TV presenter Luthando Shosha". Hy-Se-Sy-Se (HSSS). Olwethu Thando Klaas. Retrieved 9 October 2016.
  3. Live Amp's Luthando Shosha smitten". citizen.co.za. Retrieved 4 April 2019.
  4. "15 Things you didn't know about Luthando Shosha aka Loot Love". YouthVillage. Retrieved 9 October 2016.
  5. "Live Talent Search winner announced". MyPortelizabeth. Retrieved 9 October 2016.
  6. Joyce, Liam Karabo (2021-06-09). "Luthando 'Lootlove' Shosha joins Apple Music 1's 'Africa Now Radio'". GQ. Retrieved 2022-05-28.
  7. Selisho, Kaunda (2022-03-23). "LootLove named the face of Krone's new Night Nectar campaign". The Citizen. Retrieved 2022-05-28.