Mandela and Tambo

Go tswa ko Wikipedia

Mandela and Tambo ene ele setlamo kana kompone ya molao eo eneng e simolotswe ke rre Nelson Mandela le Oliver Tambo mo Johannesburg ka ngwaga tsa bo 1952. Kompone kana setlamo se ene ele sone sa ntlha mo lefatsheng go tsamaisiwa ke batho bantsho.[1] Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 1952, rre Mandela one a simolodisa setlamo[2] mme moragonyana ga dikgwedi di le mmalwa, a laletsa Tambo go simolodisa “Mandela and Tambo” mo  diphaposeng tse pedi tse dinnye mo Chancellor House, kago eo eneng ele dikantoro dikgolo tsa mokgatlho wa African National Congress (ANC). Setlamo se ne se penologa ka batho ba ba neng ba kopa thuso mababi le mmuso wa bokgokgontshi wa puso ya  tlhaolele. Mo Aforika Borwa ditlamo tsa babueledi dine di bereka ka go dira le bangongoregi ka senamana, mekwalo e dirwe mme morago moemedi yo o ikemetseng ka nosi kana yoo mo setlamong sa babueledi a laelwe go ya go ema fa pele ga lekgotla tshekelo. Tiro e ntsi ya go kwala ene e dirwa ke Tambo , fa go bua kana go buelela maloko fa pele ga lekgotla la ditsheko gone go dirwa ke Mandela.[2] Moragonyana  Duma Nokwe,Ruth Mompati , Mendi Nsimang le  Godfrey Pitje[3] ba ne ba nna karolo ya setlamo. Setlamo seile sa tswalwa ka ngwaga wa 1960 fa rre Mandela a latofadiwa ka go batla go menola puso mme Tambo ene a inaa naga. Morago kantoro e  ya molao ene ya jewa ka molelo mme ya nna dingwaga ele boremelelo jwa bo maipaya fela[4] go fitlhela  ka 2011,fa  Chancellor House e baakangwa go tshegetsa matlotlo a ngwao, ditso le boloka kitso go thibela go nyelela ( Chancellor House museum and archives).[5] Mandela le Tambo ba ne ba kopanela mo sephiring ko Stockholm ka kgwedi ya Mopitlo,1990, bokopano joo  maikutlo a neng ale ko godimo.[6]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Tambo Moot Court". University of Cape Town. 24 September 2006. Archived from the original on 23 October 2010. Retrieved 9 December 2013.
  2. 2.0 2.1 Mandela, Nelson (1994). Long Walk to Freedom: Vol. 1. Abacus. ISBN 0349116024.
  3. New life for Mandela & Tambo Attorneys". Brand South Africa. 1 October 2010. Retrieved 20 May 2017
  4. Smith, David (14 March 2010). "Site of Nelson Mandela's historic law office faces redevelopment". The Guardian. Retrieved 20 May 2017.
  5. "Nelson Mandela's law office reborn as museum". The Guardian. 4 May 2011. Retrieved 20 May 2017
  6. Dowden, Richard (13 March 1990). "A Joyous Reunion: The old firm of Mandela, Tambo is back in action". The Vancouver Sun. Retrieved 26 February 2020