Jump to content

Nelson Mandela

Go tswa ko Wikipedia

  

Nelson Mandela Rolihlahla o tshotswe ka leina la Rolihlahla Mandela ka 18 Phukwi 1918 a tlhokafala ka la 5 Sedimonthole 2013) e ne e le moitsenape wa kgololosego ya batho le molweladiphetogo wa go fedisa kgethololo ya mmala Kwa Aforika Borwa. O ne a nna moporesidente wa ntlha wa Aforika Borwa go tloga ka 1994 go fitlha ka 1999. E ne e le tlhogo ya ntlha ya puso e ntsho Mo nageng, gape ele moporesidente wa ntlha yo o tlhophilweng mo ditlhophong tsa temokerasi tse di neng Di emela Batho botlhe ka tekatekano. Puso ya gagwe Ene ya tsepamisa maikutlo Mo go fediseng masalela a kgethololo ka go rotloetsa poelano ya merafe, go aga kagiso ya bosetšhaba le go tlhomamisa temokerasi ya merafe e mentsi. Ka mo megopolong ya sepolotiki, e ne e le moAforika wa bosetšhaba yo o neng a tshegetsa tekatekano ya loago. O ne a direla e bile e le Moporesidente wa African National Congress (ANC) go tloga ka 1991 go fitlha ka 1997.