Matsieng footprints

Go tswa ko Wikipedia

Matsieng footprints[fetola | Fetola Motswedi]

Dinao tsa ga Matsieng ke mekwalo ya tlholego [1]e e fitlhwelang mo borwa jwa Botswana.Matlotla a a na le mekwalo e le lekgolo le lesome le bosupa e e dingwagwaga dikete tse tharo go ya kwa tse lesome[2].Bontsi jwa mekwalo e, e tshwana le dikgato tsa batho.

Dithuthuntsho tsa masalela a tlholego[fetola | Fetola Motswedi]

Matsieng ke letlotla le le mo borwa botlhaba jwa Botswana go bapa le toropo ya Gaborone.[3] E itsewe ka botaki mo mantsweng a a bidiwang Matsieng Footprints.Letlotla le le na le mahuti le mekgwatlha e go akanngwang e le ka go kgobologa ga lefatshe.E tlala ka metsi a pula a banni ba e dirisang go tshwara metsi. Go mekgwatlha e mebedi; yo o kwa bone botlhaba ke ko lentswe le bidikametseng teng.

Bontsi jwa letlola le go tletse metlhala ya batho le diphologolo e supang diphologolo tse di tlwaelesegileng tsa Aferika jaaka dithutlwa.Metlhala e, e ne e dirwa ka kga go kgapa,mokgwa wa go betla wa babutswapele.Mo letlotlong go na le bosupi jwa didirisiwa tsa letsopa tse di dirilweng nako ya matlapa a santse a le metsi tse di ka tswang di ne di dirisiwa ke batsumi gongwe badimo ba Basarwa.[4]

Matsieng o bonwa fa go leng motlhabanyana mo go seng bowelo teng. Lefelo le, le ne le dirisiwa jaaka mogobe wa go nosa diruiwa ka jala go ne ga nna le tshalelo ya metlhala mo lefelong go emeng bosheng.Ka ngwaga wa 1918,tshekatsheko ya metlhala ya ga Matsieng e ne ya dirwa ke Maria Wilman yo o neng a tsaya dikgato go tsweng letloltla leo.[5]Metlhala ya batho mo leltlotleng le e supiwa ka fa e ntseng ka teng ka menwana e e bopegileng le boleele jo bo tlwaelesegileng kwa ntleng ga lengwe le neng le le boleele jwa dimilimithara di le makgolo a mararo le masome mane.Metlhala e bonwa ka sebedi ka sewelo mme e se kalo e supa leoto la moja le la molema mme se se sa supe sentle phelelo ya metlhala ka nako le nako e bapisitswe ke metlhala e tshwanang ya dikatse tse di tona.Malebo.[6]

Dikakanyo mabapi le tlholego[fetola | Fetola Motswedi]

Go dipolelo di le dintsi tse di tlhalosang tlhôlêgô ya Matsieng. Polêlô ya ga Matsieng e a tshwana mo banning ba ba gaufi le lefelo.Dipolelo tsa Batswana di supa Matsieng fa e ne e le dimo wa leoto le lengwe yo o duleng kwa tlase ga legaga la metsi le diphologolo tsa gagwe.Dingwe tsa dipolelo di supa Matsieng fa a le maoto mabedi mme polêlo yotlhê e a tshwana.O ne a latelwa ke Basarwa,Bakgalagadi le merafe ya Batswana.[7]

Jaaka dimo le balatêdi ba gagwê , ba ne ba tlogela metlhala ka nako lefatshe lê le boleele fa legageng la mêtsi le omileng go tsamaya le nako.Le fa go ntse go nale mafelo a magwe a ga akanyetswang fa Matsieng a duleng teng, letlotla la ga Matsieng ke lone le botlhokwa ka gore leina le apere lefelo leo jaaka moanelwa mo polelong ye.

Ga go opê yo o itseng gore Matsieng o ne a dirisediwang mo bogologolong le fa go dumelwa gore e ne e le lefelo le pula e dirwang mo go lone. Gotsweng goo lowe go tla bosheng, lefelo le, le ne le dirisiwa ke banni. Ba ne ba tlisa diphologolo go nwa metsi mo magageng. Mo bogompienong, le dirisiwa e le lefelo la setlhabelo ko banni ba dirang meletlô ya go tlisa dipula tsa ngwaga. Le fa le sa tlhole le dirisediwa go nosa doruiwa le diphôlôgôlô, metlhala le mekwalo e ne ya senngwa ke thuo le tshenyêgo ya tlhôlêgô e diragalang ka nakô.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Chippindale, Christopher; Nash, George (2004). The Figured Landscapes of Rock-Art. Cambridge University Press. ISBN 9780521524247.[1]
  2. "Matsieng Footprints". Botswana Tourism Organisation. Archived from the original on 25 July 2010.[2]
  3. Walker, Nick (1997). "In the Footsteps of the Ancestors: The Matsieng Creation Site in Botswana". South African Archaeological Bulletin. 52: 95–104. JSTOR 3889074.[3]
  4. Walker, Nick (1997). "In the Footsteps of the Ancestors: The Matsieng Creation Site in Botswana". South African Archaeological Bulletin. 52: 95–104. https://www.jstor.org/stable/3889074
  5. Walker, Nick (1997). "In the Footsteps of the Ancestors: The Matsieng Creation Site in Botswana". South African Archaeological Bulletin. 52: 95–104. [4]
  6. Walker, Nick (1997). "In the Footsteps of the Ancestors: The Matsieng Creation Site in Botswana". South African Archaeological Bulletin. 52: 95–104. [5]
  7. Van Der Ryst, Maria; Lombard, Marlize; Biemond, Wim (2004). "Rocks of Potency: Engravings and Cupules from the Dovedale Ward, Southern Tuli Block, Botswana". South African Archaeological Bulletin. 59: 1–11.[6]