Maunatlala

Go tswa ko Wikipedia
Maunatlala is located in Botswana
Maunatlala
Location of Maunatlala

Maunatlala ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o o sekgele sa masome a marataro le botlhano go tsweng botlhaba jwa Palapye gape motse o o sekgele sa masome a marataro go tsweng molelwane wa Aferika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 3,180.

Thotoetso ya bojalwa e ka fokotsa pheteletso ya Dinotagi[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgaisano tsa motse o o kgonneng go laola le go fokotsa go nowa ga bojalwa phetelela di ka dirisiwa go fokotsa go iphetisa dino mo lefatsheng.Ka go twe dilo makwati, bangwe ba komiti e e neng e itebagantse le go fokotsa go nowa phetelela ga bojalwa kwa Serowe ka malatsi a boitapoloso ba ntshitse megopolo e ba re, fela jaaka dikgaisano tsa motse o o phepa, gongwe fa go ka dirwa kgaisano ya motse o o gaisitseng ka go fokotsa nnotagi, ka kemonokeng ya bagolwane ba motse selekanyo sa go nowa ga bojalwa se ka kokobela.Mogopolo o mongwe ke o o neng o re fa madi a lekgetho la bojalwa a ka dirisiwa mo ditirong tsa jone jaaka a abelwa dikgaolo go anamisa molaetsa wa phokotso nnotagi ka malatsi a tshwana le Keresemose le go tlhabolola le go baakanya mafelo a itloso bodutu jaaka lebala la metshameko la Serowe.

Pina ya Setŝhaba e Botlhokwa[fetola | Fetola Motswedi]

Banana ba kgaolo ya Tswapong bokone ba rotloeditswe go ithuta pina ya setshaba gore ba kgone go e opela sentle.Se se builwe ke Rre Oageng Modikwa wa Ofisi ya mopalamente wa kgaolo fa a ne a bula semmuso dikgaisano tsa banana tsa mmino kwa Maunatlala.Banana ba kgaolo eo ba ne ba tsietsega ka pina ya setshaba ba e fedisa mo tseleng mo e neng e sa tshwanela go ema teng.A re banana ba tshwanetse go ipela ka pina ya setshaba jaaka go diragala mo mafatsheng a mangwe, a re fa ba sa e opele sentle go ka tsenya lefatshe leno matlho a batho.Mo go tse dingwe Rre Modikwa o tlhagisitse banana go tswa mo dinotaging ga mmogo le go ima ka ba sale bannye.O kopile banana go ikgapha mo dilong tse di ka ba senyetsang isago mme a ba rotloetsa go nna le botho le go tlotla bagolo le balekane ba bone[1].

Ba ofisi ya mopalamente wa Tswapong bokone ba ile ba abela banana ba kgaolo eo mpho ya segoagoe gore ba e dirise ka nako ya dikgaisano.Mo kgaisanong ya mmino wa Setswana, khwaere ya Lerala e ile ya ikapela maemo a ntlha fa ya Lecheng e tsere maemo a bobedi. Mo mminong wa dikhwaere, khwaere ya Maunatlala ya Lotsane e ile ya gape maemo a ntlha morago ga gore khwaere ya Matolwane e neng e tsere maemo a ntlha go lemogilwe fa e ne e dirisa batho ba ba kwa tlase ga palo e e neng e beilwe.Khwaere ya Tsetsebjwe yone e ne ya gapa maemo a bobedi.Mo go tsa drama, setlhopha sa Tsetsebjwe se ne sa ikgapela maemo a ntlha fa sa Maunatlala se gapile maemo a bobedi.Setlhopha se se tsereng maemo a ntlha se ne se tsaya madi a kanang ka dikete tse tlhano fa se se gapang maemo a bobedi se ne se tsaya dikete tse tharo fela.Metse ya Maunatlala le Tsetsebjwe ke yone e gaisitseng ka go ikgapela madi a kanang ka P8 000 tsotlhe di bo di latelelwa ke metse ya Lerala le Lecheng[2].

Maunatlala o gapa tlotla ya temo ya Ditlhare[fetola | Fetola Motswedi]

Motse wa Maunatlala kwa Tswapong Bokone o nnile bone bommampodi ba mo kgaisanong ya temo ya ditlhare, e e simolotsweng ke ba Ark and Mark Trust monongwaga.Ark and Mark Trust ke lekalana le le tlhokomelang bana ba masiela le dikhutsana mme le simolotse kgaisano e monongwaga, ka setlhogo se se reng Lentswe la tlholego.Motse wa Lerala o ile wa abelwa kopi o sena go ikgapela maemo a ntlha o iteisana borathana le motse wa Letlhakane bosheng. Mo godimo ga moo, kgotlana ya Segole mo Lerala e ile ya ikgapela maemo a ntlha mo dikgotlaneng tse di lesome le botlhano tsa motse wa Lerala ka go tlhokomela ditlhare.Fa a bua kwa moletlong wa ipelelo phenyo, kgosana ya kgotlana ya Segole, Kgosi Mmelesi Itshupeleng, o kgothaditse morafe wa gagwe go tshwara ka natla mo temong ya ditlhare, tse a reng ke tsone di ntlafatsang tikologo.O ile a kgothatsa batho go itirela ka diatla tsa bone, a re go supa gore lefatshe leno le tlaa fitlhelela matshego a lone a tebelopele ya 2016.Mme Dikeledi Mokome, yo e leng motlhokomedi wa dikhutsana wa mokgatlho wa Ark and Trust, o rotloeditse banni go ya go lema ditlhare tse ba tlaa bong ba di abelwa kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bobedi.A re ba tlaa sekaseka gore ba ya go di nosetsa jang ka jaana mo legatong le le fetileng, ba ne ba thusiwa ke Rre Itshupeleng Itshupeleng ka metsi a a nosetsang ditlhare tseo, ka go ne go se na metsi kwa Lerala.O tladitse ka gore banni ba kgotlana ya Segole ba abetswe ditilo di le masome a mane le borataro ke sekole se sebotlana sa Kukubjwe mo Lerala tse ba neng ba di kopile.

Monni wa kgotlana ya Segole, Diphuralelo Mokome o tshwaetse fa ba na le letlhoko la ofisi ya bodiredi le komiti e e tlaa bong e ba thusa go sekaseka se se tlaa bong se diragala kwa kgotleng ya bone.Mme Omphemetse Kootsenye, yo e leng monana yo o ithaopileng go tlhokomela ditlhare tseo, o rotloeditse batho go tswelela ka mowa wa lorato le wa boithaopo a re o fentse dikgwetlho fa a tsena ntlo le ntlwana a tlhola gore batho ba Segole ba ntse ba tlhokomela ditlhare. Mme Kootsenye o ile a fiwa kopi go mo akgolela tiro e ntle e a e dirileng.O ne a tlhalosa fa go tlaa abiwa ditlhare tse dingwe di le dikete tse tharo, di feta tse di abilweng mo legatong la ntlha ka di le sekete[3].

Dipadi tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Maunatlala