Palapye

Palapye ke mongwe wa metse mogolo mo Botswana. E fitlhelwa mo tseleng ya A1, fa gare ga Gaborone le Francistown. Lefelo le e leng mo go lone le fetotse go nna toropo dingwaga tse dintsi tse di fitileng, ka e ne ele marakanelo a di terena le ditsela.
Ditso[fetola | Fetola Motswedi]
Leina Palapye ke leina le le thamilweng morago ga gore motse o, o bone matlhotlha pelo mo ditsong tsa one. Motse oo o tlholegile ka leina la Phalatswe gonne lefelo la teng le ne le tshabelelwa ke diphala. Lefa gontse jalo leina Palapye le thamilwe ke dimmishinari (missionaries) ba e leng gore bane ba bona go le thata go bitsa leina Phalatswe. Bangwato totatota bone ba tlholegile ba ikagetse dikago kwa bokone gaufi le dithaba tse e leng gore mo segompienong di setse di thibeletswe ke batswapong kwa bokone mo motseng wa Malaka. Dikago tseo gompieno dibidiwa Old Palapye.
Mangwe a mafelo a neng a kgatlhisa batswakwa ka dingwaga tsa 1800 e ne ele :
- kereke e kgologolo ya Palapye e e fetang dingwaga tse 120 entse e le teng.
- British Cemetry
Morafe[fetola | Fetola Motswedi]
Go fitlhelwa thata morafe wa Bangwato, Batswapong le merafe e mengwe mo motseng wa Palapye.
Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]
Dipholo. K.(2011), Old Palapye, My City Of Ruins, http://www.thevoicebw.com/2011/08/12/old-palapye-my-city-of-ruins/