Mel Renfro

Go tswa ko Wikipedia

Melvin Lacy Renfro (yo o tshotsweng ka Sedimonthole a le malatsi a le masome a mararo, 1941) ke motshameki wa pele wa kgwele ya seAmerika (football) yo o tsereng dingwaga tse lesome le bone tsa tiro ya gagwe e le motshameka morago (cornerback) kwa Dallas Cowboys ba National Football League (NFL).[1] Ke leloko la Pro Football Hall of Fame.[2]

Dingwaga tsa pele[fetola | Fetola Motswedi]

A tsholetswe kwa Houston, Texas, Renfro o fudugile le ba lelwapa la gagwe ba ya Portland, Oregon, mme a tsena kwa Jefferson High School, a diragatsa ele motshameka gabedi wa kgwele ya Amerika ebile ele motabogi (track and field). Mo ngwageng wa gagwe wa bobedi le wa boraro, o ne a thusa setlhopha sa gagwe go kgona rekote ya 23-0, go balelwa le go tlhomaganya go nna bo mmampodi ba state Class-A1 ka 1957 le 1958. Setlhopha sa Democrats sa 1958 se ne se tsewa jaaka se se gaisang mo ditsong tsa Oregon, se se neng se na le lemorago (backfield) le le neng le akaretse ene kwa halfback, Terry Baker (mofenyi wa Heisman Trophy ka 1962) wa quarterback, Mickey Hergert (mongwe wa baeteledi ba batsei ba lebala mo lefatsheng kwa Lewis & Clark College) wa halfback le morwarraagwe ebong Raye Renfro wa fullback (yo ka 1958 a thubileng rekote ya Portland Interscholastic League ka di touchdown tse masome mabedi le bone). Morago ga Baker a aloga, Renfro o ne a simolola go tshameka e le quarterback ka ngwaga wa gagwe wa bofelo ka 1959 ebile o ne a tlhophiwa ele running back kwa all-state, fa Jefferson e bata go gapa bommampodi lekgetlho la boraro. Ba ne ba fetela kwa motshamekong wa go lwela bommampodi, ba tshameka fa pele ga batho ba le 21,000 kwa Multnomah Stadium kwa Portland, mme ba latlhegelwa 7–6 kgatlhanong le Medford.[3]

Mo go tsa mabelo ka ngwaga wa gagwe wa boraro ka 1959, o ne a thusa Jefferson go fenya bommampodi jwa ditlhopha a fenya 180-yard low hurdles, 120-yard high hurdles (a thuba rekote ya state) le bommampodi jwa broad jump state. Ka 1960, o ne a thuba direkote tse pedi tsa Oregon junior AAU championship ya 120-yard high hurdles ka disekonte dile 13.9 le disekonte di le 19.3 mo 180-yard low hurdles. Renfro o ne a kgobokanya dintlha di le masome a mararo le bobedi a gaisa setlhopha sengwe le sengwe ga ese se le sengwe fela, a baa rekote ya state ka 24.1 mo broad jump ebile a fenya low hurdles, high hurdles le lebelo la neelano la half-mile.[4] O ne a bidiwa e le ene motshameki yo o gaisang kwa dikgaisanyong tsa Golden West Invitational , kwa go neng go kopanela bana ba ngwaga wa bofelo ba ba neng ba gaisa thata mo setshabeng. E ne e le "High School Athlete of the Year" ka 1960 tlotla a e fiwa ke ba Track and Field News.[5]

Ka 1983, o ne a tsenngwa mo Oregon Sports Hall of Fame.

Tiro ya Mmadikole[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1960, Renfro o ne a ikwadisa kwa University of Oregon kwa Eugene, kwa a neng a tsabakela mo setlhopheng sa mabelo (track team) le go nna motshameka gabedi wa kgwele ya seAmerika (football), e le motshameka morago (halfback le defensive back) wa All-American.[6] Kwa kgweleng ya seAmerika, o ne a lemogiwa kwa All-Coast ga raro ebile ke mongwe wa ba le babedi fela go nna All-American makgetlho a le mabedi (Steve Barnett ke motshameki yo mongwe) mo ditsong tsa mmadikole yoo. E ne gape e le ene motshameki wa bone mo ditsong tsa bommadikole yo o neng a nna le All-American mo metshamekong e le mebedi, wa ntlha e ne e le George Shaw ka kgwele ya seAmerika le baseball.

Ka 1992, Renfro o ne a tsenngwa mo University of Oregon Athletic Hall of Fame.

Kgwele ya seAmerika[fetola | Fetola Motswedi]

Go tswa kwa tshimologong ya setlha sa gagwe sa bobedi, Renfro o ne a lemogiwa jaaka mongwe wa batshameki ba gaisang ebile ba feletse mo maemong a running back mo kgweleng ya seAmerika ya mmadikole (college football), a kgona go taboga moteng le kwa ntle, a kapa, a kgoreletsa ebile a tshameka ditlhopha tse di faphegileng (special teams). Ka 1963, o ne a bidiwa gape e le motshwarelela quarterback mo setlhopheng.

Mongwe wa motshameko wa ga Renfro wa mmadikole o o gaisitseng o ne wa diragala kwa Rice kwa Houston ka 1962. Renfro o ne a tsabakela mo tlhaselong le mo tshireletsong, a etelela Ducks go fenya 31-12 ka Phalane a le lesome le boraro.[7] Rice Stadium e ne e le lebala la basweu fela pele ga Ducks e etela teng, mme batsamaise ba mmadikole ba ne ba letelela ba lelwapa la ga Renfro go tsena le go ya go nna kwa go faphegileng teng mo lebaleng leo go bapa le mola wa 35-yard. Go ya ka pego ya segompieno ya Register-Guard, fa Renfro a tswa mo motshamekong, o ne a opelwa legofi le le kwa godimo la boitumelo ke babogedi kwa Rice.[7][8]

Mokwadi wa tsa metshameko wa Oregon o ne a botsa mmmereki ka ene mo lebokoseng la babega dikgang fa motshameki wa African-American a kile a fiwa leshalaba ke kokoano ya basweu. MoTexan a fetola ka boitumelo a re, " Ga re ise re bone ope motshameki yoo gaisang". Maphakela morago ga motshameko o o, lekwaladikgang lengwe la Houston la ntsha ditlhogo la re, "Renfro Runs Rice Ragged."

Renfro o ne a etelela Oregon pele mo go kgomogeng mo ditlheng di le tharo ka go tlhomagana (1961-1963), a fetsa ka palogotlhe ya dikgato tse 1,540 le di touchdown di le masome a mabedi le boraro. O santse a tshwere rekote ya mmadikole o o ya average ya motshameko ka dikgato di le 6.01. Renfro gape o ne a kapa ditlhago di le masome a mane le motso mo dikgatong di le 644 le di touchdown di le tlhano[9], dinomoro tse di kgatlhisang thata ka nako ya fa running backs ba ne ba ka se tshware ditlhago di feta lesome mo setlheng.

Ka 1986, Renfro o ne a tsenngwa mo College Football Hall of Fame ebile ke leloko la Pigskin Club of Washington, D.C., tlotla ya lefatshe la Amerika ka bophara ya bommadikole ya batshameki ba kgwele ya seAmerika(National Intercollegiate All-American Football Players Honor Roll). O tsewa e le motshameka morago (running back) yo o gaisang botlhe mo ditsong tsa University of Oregon, go sa balelwe LaMichael James.

Mabelo[fetola | Fetola Motswedi]

Go tswa ka 1960 go fitlha ka 1965, setlhopha sa Oregon sa banna sa mabelo se eteletswe pele ke Bill Bowerman e ne e le sengwe se se gaisang thata kwa Amerika. Ka 1962, Renfro one a nna le seabe mo bommampoding jwa ntlha jwa mmadikole yo o sa NCAA team championship a fetsa mo maemong a bobedi fa morago ga motabogi ka e ne Jerry Tarr mo 120-yard (110 m) high hurdles ka nako ya 13.8 gape a tsaya maemo a boraro mo long jump a tlola 25'-11¼" (7.905 m).[10]

Mo ngwageng o o, Renfro e ne ele ka rola ya setlhopha sa neelano sa 440-yard se se neng sa baa rekote ya lefatshe ka nako ya disekonte di le 40.0; o ne a taboga le Tarr, Mike Gaechter le Harry Jerome. Kwa bofelong jwa ngwaga o o, o ne a bidiwa kwa setlhopheng sa All-American track and field mo high hurdles le broad jump.

Ka 1963, Renfro o ne a gobala lengole a sena go tlola mo go sa siama ko broad jump ka bommampodi jwa NCAA. Ka nako eo gape kwa Albuquerque, le fa a ne a gobetse, a tsenelela high hurdles mme a palelwa ke go ya kwa pele.[11]

Tsa Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Renfro o ne a tlhophiwa mo legatong la bobedi ka 1964 NFL draft, ele wa palogotlhe ya lesome le bosupa le ba Dallas Cowboys. Go tlhophiwa mo o, go ne ga emisa ditlhopho ka dioura di le thataro, fa Cowboys e romela ngaka gore e e go tlhola kgobalo ya gagwe ya seatla.[12]

Le fa Renfro a ne a fentse ditlotla tse dintsi e le running back mme ka nako eo, ditlhopha ka bontsi di ne di baa batshameki ba bone ba tlhwatlhwa mo tlhaselong ya kgwele, Tom Landry, a lebeletse go aga lemorago le le mashetla, a tsaya tshwetso ya go mo simolodisa kwa morago e le safety. Fa a simolola, Renfro o ne a nna le setlha se se kgatlhisang a etelela setlhopha ka dikgoreletso di le supa, NFL mo go buseng punt le dikgato tsa kickoff (go balelwa rekote ya setlhopha ya palogotlhe ya dikgato di le 273 tsa go busa kgatlhanong le Green Bay Packers) mo gotlhe ga feleletsa tshameko ya gagwe ka go lalediwa Pro Bowl. Dikgato tse masome mararo tsa go busa kick-off mo a go dirileng mo ngwageng wa gagwe wa bobedi (1965) e santse e le rekote ya setlhopha seo.

Ka 1966, le fa Renfro a ne a tswa kwa setlheng sa All-Pro e le safety, Cowboys e ne ya mmala e le mosimolodi wa bone kwa halfback go leka go tokafatsa tlhaselo ya bone. O ne a gobala mo motshamekong wa ntlha kgatlhanong le New York Giants mme a emisediwa ke Dan Reeves, yo o neng a tshameka sentle fela jaaka Renfro, mme seo sa dira gore Renfro a busediwe kwa morago fa a boela kwa go tshamekeng gape, mme a felela a bidiwa gape kwa setlhopheng sa All-Pro.

Renfro o ne a fetolelwa kwa cornerback mo setlheng sa gagwe sa botlhano. Ralebelo Renfro (4.65 40-yd dash[citation needed]) o ne a nna matshosetsi thata mo baamogeding baditlhago (wide receivers), a etelela NFL ka dikgoreletso di le lesome ka 1969. Renfro o ne a tlhophiwa go ya kwa Pro Bowl mo ditlheng tsa gagwe tsa ntlha tsa liki, go balelwa le go tlhophiwa kwa All-Pro ka 1964, 1965, 1969, 1971 le 1973.[13] O ne bidiwa e le motshamekapele yo o gaisang MVP ka 1971 Pro Bowl ka go busa punt a bo a dira di touchdown tse pedi.[14]

Mo ditlheng tsa gagwe tse lesome le bone, Renfro o ne a kgoreletsa (intercepted) ditlhago di le masome a matlhano le bobedi, a di busa go tswa kwa dikgatong di le 626 le di touchdown tse tharo. O ne gape a busa di punt tse 109 mo dikgatong tse 842 le touchdown e le nngwe, di kickoff tse 85 mo dikgatong tse 2,246 le di touchdown tse pedi, le di fumble recoveries di le lesome le boraro, tse a di busitseng mo dikgatong di le masome a mane le bone. Ka motshameko wa 1970 NFC Championship Game, Renfro o ne a dira kgoreletso ya popotla e e ileng ya isa Cowboys kwa touchdown e e neng ya fenya motshameko kgatlhanong le San Francisco 49ers ebile ya ba thusa go goroga kwa Super Bowl V, kwa ba ileng ba latlhegelwa kgatlhanong le Baltimore Colts, 16-13. Mo setshwantshong se setsereng lebaka sa motshameko o o morago ga Jim O'brien a raga tlhago e e ba fenyeditseng motshameko, Renfro o ne a baa sefatlhego sa gagwe mo matsogong a swabile. Dallas e ne ya boa kwa Super Bowls VI, X, le XII, motshameko wa ga Renfro wa NFL wa bofelo, Cowboys e fenya Denver Broncos ka 27–10. E santse e le ene yo o kwa godimo ka go kgoreletsa ditlhago tse masome matlhano le bobedi kwa Cowboys (ka 1969 o ne a eteletse NFL ka dikgoreletso di le lesome) mme a na le go busa kickoff mo dikgatong di le 26.4. Ditlha tsa gagwe tse lesome le bone le setlhopha go mo lekantsha mo maemong a bobedi mo ditsong tsa setlhopha se.

Renfro o ne a nna leloko la Dallas Cowboys Ring of Honor ka 1981 mme gape a tlhophiwa go ya kwa Pro Football Hall of Fame ka 1996.[2] Mo nakong ya gagwe a le kwa Cowboys, le fa mongwe wa batshameki ka ene e ne e le mogapi wa seetsele sa gauta kwa di Olympic ebile e le mongwe wa banna ba ba lebelo thata mo lefatsheng, Bob Hayes, baitseanape ka bontsi ne ba mo tsaya jaaka motshameki yo o gaisang mo setlhopheng seo.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Ka 1984, Renfro o ne a katisa batshameka morago ka fa tlase ga John Hadl kwa Los Angeles Express ya United States Football League (USFL). Ka 1986 e ne e le leloko la bokatisi jwa ga Gene Stallings St. Louis Cardinals a katisa kwa morago (defensive backs coach).

Ka tshimologo ya dingwaga tsa bo 1980, Renfro o ne a na le mathata a madi le a semolao.[15] Mo bogompienong o bereka e le mokgotlhatsi. Renfro o na le bana ba le bane " Melvin Jr, Anthony, Cindy le Jason." O ne a nyalane le Patricia Renfro nako tiro ya gagwe yotlhe.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Renfro was Deion of his day in ability". [1] Eugene Register-Guard. Oregon. July 26, 1996. p. 1C. Retrieved 17/10/2023.
  2. 2.0 2.1 "Wait for fame is worth it". [2] Eugene Register-Guard. Oregon. Associated Press. July 28, 1996. p. 3G. Retrieved 17/10/2023
  3. Medford tips Jeff 7–6 for state title. [3] Eugene Register-Guard. Retrieved 22/10/2023.
  4. Faces in the Crowd. [4] Sports Illustrated. Retrieved 22/10/2023.
  5. High School Boys Athletes of the Year [5] Track & Field News. Retrieved 22/10/2023.
  6. Renfro leads Oregon to win. [6] Eugene Register-Guard. Retrieved 22/10/2023.
  7. 7.0 7.1 Webfoots wallop Rice. [7] Eugene Register-Guard. Retrieved 22/10/2023.
  8. Highclimber. [8] Eugene Register-Guard. Retrieved 22/10/2023.
  9. Players: Mel Renfro. [9] sports-reference.com. Retrieved 22/10/2023.
  10. Oregon new king of U.S. track. [10] Bend Bulletin. Retrieved 22/10/2023.
  11. Southern Cal likely to dethrone Oregon. [11] Eugene Register-Guard. Retrieved 22/10/2023.
  12. 1964 draft left lasting impact on Dallas Cowboys, NFL. [12] NFL.com. Retrieved 22/10/2023.
  13. Player: Mel Renfro. [13] profootballhof.com. Retrieved 22/10/2023.
  14. Renfro's runs pace Nationals' 27–6 win. [14] Pittsburgh Post-Gazette. Retrieved 22/10/2023.
  15. Mel Renfro jailed on support charge. [15] Eugene REgister-Guard. Retrieved 22/10/2023.