Michelle Abueng

Go tswa ko Wikipedia

Michelle Abueng( a tshotswe 6 Motsheganong 2001) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa motswana yo o tshamekang jaaka monosa dinno mo setlhopheng sa Zambia sa Yasa le sa Botswana sa sechaba sa bomme.

One a kgatlha setlhopha sa Zambia sa  Yasa Queens ya go iponna phatlha fa bane ba tshameka le Zambia mo metshamekong ya bomme ya mafatshe a Aforika ya makgarejwana aa kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le bosupa ka ngwaga wa 2018. Lefa gontse jalo  bane ba seka ba tsena mo tumalanong epe le ene ka nako eo ka   dingwaga tsa gagwe dine disa letle[1] go fitlhela ba tsena mo ditumalanong ka ngwaga wa 2019.

O nositse dinno tse tlhano kgatlhanong le Namibia kwa dikgaisanong tsa go ipatlela phatlha tsa mafatshe tsa bomme tsa makgarejwana aa dingwaga di kwa tlase ga masome a mabedi ka ngwaga wa 2020.[2]

O gaisane ele lantlha mo setlhopheng se setona sa bomme sa sechaba ka ngwaga wa 2019 mo dikgaisanong tsa  bommampudi tsa COSAFA kgwedi ya Phatwe e rogwa ngwaga wa 2019 mme a nosa nno  eo ebile eneng ele ya phenyo kgatlhanong le Namibia[1].

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 Kerileng, Gaone (29 October 2020). "Michelle Abueng: Botswana's youngest export". The Botswana Gazette. Retrieved 19 March 2024.
  2. Ahmadu, Samuel (30 January 2020). "'This is heartbreaking' - Valencia striker Coleman in tears after Namibia's heavy defeat". Goal. Retrieved 19 March 2024.

Magokaganyi aa kwa Ntle[fetola | Fetola Motswedi]