Mmadikola

Go tswa ko Wikipedia
Mmadikola is located in Botswana
Mmadikola
Location of Mmadikola

Mmadikola ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O mo bophirima jwa ntlha ya kgaolo, go bapa le Makgadikgadi Pan, gape o nale sekolo se se potana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le makgolo a borobabobedi.masome a mabedi le borobabobedi.[1]

Tlhaelo ya ditlhabololo mo Mmadikolo le dikgaolo tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti a ledile ka kgokelo le kanamiso ya metsi ga mmogo le tiego ya ditsela tsa metsenelela mo metseng, bogolo jang kwa Mopipi, Mmadikola le Rakops. Makhanselara a ntshitse selelo seo kwa bokopanong jo bo faphegileng jwa bone jo mo go jone ba neng ba buisana ka tswelelopele ya lenaneo la Ipelegeng ga mmogo le ditlhabololo mo kgaolong eo bosheng.Mo kgannyeng ya moruthutha, ba ne ba supa fa go na le tsietsego e bile e le yone e bakelang banni ba kgaolo ya bone lenyora mo kgokelo ya metsi ka setlhophana se ba welang mo go sone sa bokone se tsere lobaka go atlega le go gokelelwa metsi mo lenaneong leo. Ba tsweletse ba supa fa kgokelo ya metsi ka setlhophana sa bokone e itsa gore ba lephata la metsi ba gokelele didiba tse di neng di ka tlosa banni ba kgaolo eo mo lenyoreng. Mongwe wa makhanselara a a supileng fa banni ba kgaolo ya gagwe ba tshelela mo lenyoreng le ntswa go na le sediba se ba ka nosiwang ka sone ke Rre Matshwenyego Shaka wa Mopipi. Go ya ka Rre Shaka, batho ba Mopipi ba tshelela mo lenyoreng mo go bileng go amile maduo a bana ba dikole ka ba rwala masigo ka tlhogo go tshwara mola metsi a a tshelwang ka dikoloi. Ka jalo o ne a kopa ba lephata la metsi go netefatsa fa e le ruri letlhoko la metsi kwa motseng oo le tshwenya ka ntlha ya go kgala ga metswedi ya didiba tse di neng di o nosa go sekaseka leano lengwe la go o bonela metsi.

Tlhaelo ya metsi mo Mmadikolo le metsana e mengwe[fetola | Fetola Motswedi]

Tona wa dikgaolo, Rre Lebonaamang Mokalake o boletse gore o itse seemo sa letlhoko la metsi mo metseng ya kgaolo ya Boteti ka bontsi, bogolo jang kwa Mosu, Toromoja, le Xhumu. A re kgaolo potlana ya Boteti e tsaya metsi mo dienjeneng di le 21, mme tse dingwe tse tlhano ga di bereke ka ntlha ya go kabiwa ke motlhaba, go senyega, go kgotlelega ga metsi le gore metsi a mangwe a na le letswai le lentsi, ka jalo a ka se nowe. E ne e rile pele, tona a tlhalosa gore go botlhokwa gore lephata la gagwe le dire ditogamaano tsa nakwana le tsa nako e telele go itebaganya le seemo sa letlhoko la metsi.Rre Mokalake o tlhalositse gore ditogamaano tsa nakwana e ka nna go isetsa batho ba metse ya Xhumu le Toromoja metsi ka dikoloi mme ba metse ya Mmadikola le Mokoboxane bone ba a nwa metsi mo dienjeneng.

O ne a tswelela ka go tlhalosa gore go tsenngwa phaephe go tswa kwa enjeneng ya Seipone, e e tlaa thusang batho ba metse ya Mopipi, Xhumu le Toromoja ka metsi. O ne a re togamaano ya nako e telele ke gore lephata la gagwe le kgaoganye metse ya kgaolo potlana e, gabedi gore e fiwe metsi sentle.Dikgaolo tse e tlaa nna ya Boteti Bokone, e e tlaa bong e na le metse ya Makalamabedi, Khumaga, Motlopi le Moreomaoto, fa ya Boteti Borwa e tlaa bo e le metse ya Xere, Rakops, Mmadikola, Xhumu, Toromoja, Mopipi, Kedia le Mokoboxane. Rre Mokalake a re dipaakanyo tsa go kgaoganya metse eo di sale di dirilwe ka ngwaga wa madi wa 2009/10, mme tsa seegelwa fa thoko ka ntlha tlhaelo ya madi.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-06.

Coordinates: 21°2′24″S 24°27′59″E / 21.04000°S 24.46639°E / -21.04000; 24.46639