Jump to content

Mmasekgoa Masire-Mwamba

Go tswa ko Wikipedia
Mmasekgoa Masire-Mwamba
Ka Ga Ena
Mosetshaba waBotswana

Ka ga ene

[fetola | Fetola Motswedi]

Mmasekgoa Masire-Mwamba ke motsamaisi wa Botswana le modiredi wa puso wa mafatshefatshe, yo o nang le maitemogelo/boitseanape jo bo kwa godimo ja dingwaga tse di fetang masome a mararo mo go tsa kgwebo, tlhabololo le ditherisano tsa mafatshe tse di farologaneng.[1] Mmasekgoa Masire-Mwamba e ne e le Mothusa Mokwaledi-mogolo wa Commonwealth[2] go tloga ka 2008 go fitlha ka 2014.[3]

Botshelo jwa gagwe le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Mmasekgoa Masire-Mwamba o tshotswe e le Gabaipone Masire ka Mopitlo a supa 1960[4] kwa motseng wa Kanye, a tsalwa jalo ke Ketumile Quett Joni Masire le Gladys Olebile Masire mme a golela kwa Gaborone kwa a simolotseng sekolo sa gagwe kwa Thornhill Primary School teng.[5] O ne a fiwa leina la Gabaipone go tlotla mmaagwe rre rraagwe e bong Gabaipone. Ka leina le legolo jalo, gantsi motho o fiwa leina le lengwe, ka jalo a bidiwa Mmasekgoa. Leina la Mmasekgoa le ne la feleletsa le bipile leina la gagwe la mmatota ebong Gabaipone.[5]

Morago ga moo o ne a amogelwa kwa Yunibesithing ya Lontone a aloga ka Bachelor of Science electronics and physics.[6] Ka 1990 o ne a aloga ka Masters of Business Administration (MBA) go tswa kwa Yunibesithing ya Pittsburgh.[1][7] Masire-Mwamba o na le dithuto tse dikgolwane tsa dikirii ya Bachelor of Law (LLB) go tswa kwa University of South Africa (UNISA)[4] le Advanced Management Diploma go tswa kwa IESE Business School, Spain.[1] Ke motlhatlheledi yo o nang setlankana, ka a tlhomile kompone e e ikemetseng e e nayang thutuntsho ya bokgoni jo bo bonolo e e itebagantseng le Boeteledipele le Taolo ya Boto.[1]

Masire-Mwamba e ne e le Moeteledipele wa ntlha wa Motswana kwa Botswana Export Development and Investment Authority (BEDIA),[4][7] Setheo sa bosetšhaba sa Thotloetso ya Peeletso sa Botswana.[1][8]

Ka 2009, o amogetswe mo lephateng la semolao ke Mokgatlho o o Tlotlegang wa Middle Temple Inn o o neng wa mo naya Tlotlo ya Bencher[8]

Ka Ngwanatsele 2015, o ne a nna wa bobedi fa morago ga ga Patricia Scotland go tswa kwa Dominica mo tlhophong ya go nna Mokwaledi-Kakaretso wa Mafatshe a Selekane, a latlhegelwa ka ditalama di le masome mabedi le borataro go tse masome mabedi le bone.[9][10] O abetswe sekgele sa Boditšhabatšhaba sa Basadi mo Boeteledipeleng ke Dr. Long, kwa Phuthegong ya Sepolotiki ya Lontone ka 2018[1] mme o kile a nna Tautona wa Basadi ba Botswana mo Kgwebong.[8]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Masire-Mwamba o nyalane le Trevor Mwamba, yo e kileng ya bo e le Moruti wa Botswana le Moduedisi wa Barking, kwa Lontone Botlhaba.[11] O na le bana ba le bararo.[4]

O ne a lemogwa jaaka mongwe wa basadi ba le lekgolo ba BBC ba 2013.[12]

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 Botswana, Embassy of. "Ambassador". Embassy of Botswana. Retrieved 2021-05-28.
  2. "Commonwealth Deputy Secretary-General Mmasekgoa Masire-Mwamba at the UNDP Regional Dialogue for Africa, Pan African Parliament". Commonwealth. Retrieved 9 Phalane 2025.
  3. "Former Deputy Secretary General of the Commonwealth Secretariat Ms. Mmasekgoa Masire-Mwamba meets with ACP Secretary General". Acp.int. 2015-06-04. Retrieved 2016-12-09.
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 "Ambassadors in Germany". diplomatisches-magazin.de. Retrieved 9 Phalane 2025.
  5. 5.0 5.1 "Coming of age - Masekgoa Masire-Mwamba". Botswana Daily News.
  6. "Masters of the Bench". Middle Temple. Retrieved 9 Phalane 2025.
  7. 7.0 7.1 "Speaker Details.A glimpse into the background of our speaker". www.myleadafrica.org. Retrieved 9 Phalane 2025.
  8. 8.0 8.1 8.2 "Mmasekgoa Masire-Mwamba completes two terms, as the Deputy Secretary-General for The Commonwealth" (PDF). commonwealth.org.
  9. "Mmasekgoa Masire-Mwamba". The Centre for Global Inclusion | Home of the GDIB. Retrieved 9 Phalane 2025.
  10. Khunwane, Thelma (29 November 2015). "Botswana: Masire-Mwamba Puts Up Strong Fight". allAfrica.com. Retrieved 9 Phalane 2025.
  11. Centre for Global Inclusion — Mmasekgoa Masire-Mwamba (Accessed 9 Phalane 2025.)
  12. "100 Women: Who took part?". BBC News. 20 October 2013. Retrieved 9 Phalane 2025.