Mmegi

Go tswa ko Wikipedia

Mmegi ke pampiri ya dikgang ya sechaba e kwalang ka sekgowa mo Botswana, le fa nako dingwe go le dipego kgotsa dikakgelo ka teme ya Setswana. E simolotswe ka 1984, jaanong e gatisiwa tsatsi le letsatsi mo maranyaneng a inthanete[1] le mo pampiring ka beke ke ba Dikgang Publishing House kwa toropo kgolo Gaborone. Mmegi e kile ya bo ele yone fela pampiri ya dikgang e e ikemetseng ka nosi eneng e gatisiwa ka letsatsi.

Leina la pampiri eno ya dikgang le tlhalosa "yo o fang dipego" ka setswana mme molaetsa khutshwe wa sekano sa yone, ke "Dikgang tse re tlhokang go di itse ka tsatsi le letsatsi". Go fitlha ka 1989, e ne e bidiwa Mmegi wa Dikgang/The Reporter.

Bona Gape[fetola | Fetola Motswedi]

  • Azhizhi
  • The Voice Botswana
  • Botswana Guardian
  • The Botswana Gazette
  • Yarona Fm

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Mmegi Online :: Home". mmegi.bw. Retrieved 16 August 2015.