Modirisi:Olgatime/Bogosi jo bo tshwaraganetsweng

Go tswa ko Wikipedia

Tempolete:Infobox film Bogosi jo bo Kopanetsweng ke motshameko wa setshwantsho sa motshikinyego o o ikaegileng ka buka e buang ka ga lerato o o dirilweng ko lefatsheng la ga mmamosadinyana ka ngwaga wa 2016,mme o eteletswe pele ke Amma Asante le go kwalwa ke Guy Hibbert, o remeletse mo ditiragalong tsa nnete tsa lerato mo botshelong magareng ga Seretse Khama, moemela bogosi jwa Bechuanaland (ene ya fetolwa go nna Botswana, mme a nna Tautona wa teng), le mosadi wa gagwe Ruth Williams Khama.[1] David Oyelowo le Rosamund Pike tshameka karolo ya ga Seretse and Ruth, ka maemo a latelaganeng ao.

Setshwantsho se sa motshikinyego se supisitswe e lekgetho la ntlha ko moletlong wa mafatshe fatshe wa dibaesekopo kwa Toronto ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro gape se ne sa nna sone se simolodisang lenaneo kwa moletlong wa masome a marataro wa dibaesekopo kwa Lontone.

Ditiragalo tsa motshameko[fetola | Fetola Motswedi]

Setshwantsho se sa motshikinyego se remeletse mo ditiragalong tsa nnete ka botshelo jwa motsaya bogosi jwa Lefatshe la Bechuanaland, Seretse Khama wa morafe wa Bamangwato , yo re bonang a ithutela dithuto tsa gagwe tsa molao ko toropong ya Lontone moragonyana fela ga ntwa ya boraro ya lefatshe.Gone koo, o kopana le mosadi wa lekgoa o bidiwang Ruth Williams,yo ba feletsang ba nyalana,le ntswa ba malwapa a bone ba le kgatlhanong le nyalo ya bone le puso ya mmamosadinyana ,e e bileng e tshwenyegileng ka tirisanyo le lefatshe la Aferika-Borwa le thokgamo mo kgaolong ya Borwa jwa Aferika ka bophara. Ba puso e e busang ka nako eo ko Aferika Borwa ba tshoga gore lenyalo la kgosi ya letso la motho montsho le motho mosweu mo boagisanying jwa Lefatshe la Bechuanaland le ka rotloetsa diphuduego,ka e ne e le mo lenaneong la go dira molao o emang kgatlhanong le lenyalo le, le go pateletsa puso ya Mmamosadinyana go emisa lenyalo le,gotlhe le mebuso ya Borwa botlhaba jwa Aferika le Rhodesia.

  1. Kit, Borys (26 May 2015). "'Belle' Filmmaker to Direct David Oyelowo, Rosamund Pike in 'A United Kingdom' (Exclusive)". The Hollywood Reporter. Prometheus Global Media. Retrieved 22 September 2015.