Jump to content

Mohale's Hoek

Go tswa ko Wikipedia
Mohale's Hoek

Mohale's Hoek ke toropo kgolo ya kgaolwana ya Mohale's Hoek kwa lefatsheng la Lesotho.E nale palo ya batho e kana ka diketse tse nne le masome a mane ka ngwga wa 2016.[1]

Mohale's Hoek

Mohale's Hoek o ile a nna morafe wa San pele ba fitlhelwa teng ke morafe wa Baphuthi ka ngwaga wa 1795.Baphuthi ba ne ba nna kwa Kubake, eleng thabana e bopegileng jaaka khasele, gaufi sekolo sa Likuena High fa bangwe bone nne ba fitlhelwa gaufi le Thaba-Ts'oeu.Kgosi Moorosi wa Baphuthi o ne a bua fa a fitile e bile a nnile mo lefelong le gore a felele a le kwa motseng wa gagwe o mosha. Fa pelenyana morafe o o ile wa nna fa tlase ga thabana ya Thaba-Linoha, e kwa bokone jwa Present Bethesda Mission lefelo le mo bo gompeinong le bidiwang Maphutseng,se se reelang bontsi jwa mofuta mongwe wa lephutshi.Fa le lengwe e bidiwa Lephuts'e.Se se ne se fitlhelwa ka bontsi kwa mmung a naleng dikota wa noka ya Maphuts'eng. Bangwe ba Baphuthi ba ne ba nna mo lefelong le le dikaganetsweng ke noka ya Senqu, Morifi go ralala noka go fitlha go se eleng Quthing mo bogompeinong. Morago ga ngwaga wa 1824, lefelo le le ile la nna batho ba morafe wa Mohale, eleng monnawe Moshoeshoe wa mosimane ka ngwaga tsa 1830.

Mo kgolong ya bogosi jwa ga Moshoeshoe kwa botlhatsatsi jwa Lesotho, Kgosi Moshoeshoe o ile a romola abuti a gagwe to tla go tsamaisa lefelo la Baphuthi le Basotho ba ba neng ba nale botsala jo bo bo leta.Morago ga go nna lebaka kwa Lifateng, Mohale o ile a simolola motsana kwa lefelong le mo bo gompeinong le itsegeng ka leina la Old Hoek(mme tota le dirisa leina la motse wa Ha Ts'epo) o oleng dikhilomithra di le malwa go tloga bokone jwa toropo. Motse o o ile wa thobagana ka 1867 ka nako ya ntwa ya Seqti mme ba felela ba o phuagantse. Morago ga ngwaga ke fa o gapiwa ke setlhopha sa Lesotho British territory, ke fa mothusi mokomishenara a tlhophiwa go tsamaisa kgaolwana ya Cornet Spruit morago ga noka ya Makhaleng.Se se ile sa dira gore Mohale's Hoek e nne lefelo la bobedi le le kgologolo go feta dintlo-kgolo tsotlhe tsa ditoropo mo lefatsheng la Lesotho, kwa ntlheng ga gore toropo e e ile ya sengwa ka nako ya ntwa ya Gun War ka ngwaga wa 1880.Kwa botlhatsatsi-bophirima ga toropo gaufi le St Patrick Cathedral ke magaga a Motljoeng a nneng a dirisiwa ke dibatana, Motlejoa ka nako ya Lifaqane. Toropo e ile ya fuduga go tloga go Old Hoek go ya lefelong la bo gompeino ka lebaka la rakgwebo mongwe wa morafe wa makgowa rre PB Jandrell.

  1. Lesotho Bureau of Statistics, Census Pre Results 2006.