Lesotho

Go tswa ko Wikipedia
Muso oa Lesotho
Kingdom of Lesotho
Flag of Lesotho
(Folaga) (Coat of Arms)
National motto: Khotso-pula-nala

Lesotho, ke lefatshe le le fitlhelwang mo bogareng jwa lefatshe la Afrika Borwa, ebile le dikagenyeditswe ke lone lefatshe la Aferika borwa. Ke lefatshe le lennye ka popego le na le palo ya batho e ka tshwarang di dikadike tse pedi le dikete tse masome a marataro le bosupa.Toropo kgolo ya Lesotho ke Maseru. Lesotho ke leloko la mafatshe a selekanye.Leina Lesotho letswa mo puong ya sesotho. Selekanyo sa batho ba Lesotho se se ka tshwarang masome a mane mo lekgolong ba tshelela mo lehumeng le le ko tlase ga selekanyo se se ipetsweng ke ba mafatshe fatshe ba ba itebagantseng le go lwantsha lehuma se supa fa ba tshela ka ledi la dolara ya America ele nngwe ka letsatsi.

Ditso tsa Lesotho[fetola | Fetola Motswedi]

Lefatshe la Lesotho le ne le busiwa ke Kgosi kgolo Moshoeshoe wa ntlha ka ngwaga wa 1822. Moshoeshoe e ne ele ngwana wa ga Mokhachane, kgosi e nnye ya Bakoteli,o ile a nna kgosi ka ngwaga wa 1804 morago ga go itlhamela morafhe wa gagwe.Magareng ga dingwaga tsa 1821 le 1823, Moshoeshoe le balatedi ba gagwe baile ba ya go nna ko thabeng ya Butha-Buthe,go ya go kopana le bangwe ba ba kileng ba nna bagakolodi kgatlhanong le Lifaqane e eneng e dirisanya le gonna mo setilong ga ga Shaka Zulu magareng ga dingwaga tsa 1818 le 1828.

Polotiki[fetola | Fetola Motswedi]

Puso ya Lesotho ke e e dirilweng ka go tlhotswa ga mapalamente le di tsamaiso tsa tsa lekgotla la sepolotiki le le fentseng ditlhopho kakaretso.Tautona Rre.Pakalitha Bethuel Mosisili ke ene moeteledi pele wa puso ebile ke ene a nang le dithata tsotlhe.Kgosi ya Basotho e dira thata le tsa ngwao, ga asa nna le dithata tse dintsi ebile ga a letlelelwe go ka tsenelela mo mererong ya sepolotiki.

Mokgatlho wa sepolotiki wa Democratic Congress (DC)ke one o o eteletseng mo botsamaiseng jwa ntlo ya palamente ya Lesotho ka ditilo tsa ma palamente dile masome a mane le borataro. Fa jaanong mokgatlho wa sepolotiki wa Lesotho Congress for Democracy (LCD),o oneng ontse o busa jaanong ele one o fetogileng gonna baganetsi ba ba mashetla ba puso ya Democratic Congress (DC). All Basotho Convention (ABC), Basotho National Party (BNP), Alliance of Congress Parties (ACP), le ba ba sa tswang go tlhamiwa ba Basotho Batho Democratic Party (BDNP) ke dingwe tsa mekgatlho ya sepolotiki ya lefatshe la Lesotho ka borataro jwa tsone.

Ntlo kgolo ya palamente ya Lesotho e e bitswang Senate, e nale dikgosi tse masome a mabedi le bobedi, ba bogosi jwa bone eleng jo ba bo tsaletsweng,le bangwe bale lesome le motso ba ba itlhopetsweng ke Kgosi kgolo go setse morago tsamaiso ya ga tautona kana moeteledipele.

Merafe le Dipuo tse di fitlhelwang mo Lesotho[fetola | Fetola Motswedi]

Bontsi jwa batho ba Lesotho ke Basotho, mme palonyana e potlana ke ya batswakwa ebong merafhe ya letso la se-chaina le makgowa gotswa Yuropa. Merafhe e fitlhelwang mo Lesotho e akaretsa Bakuena, Batloung, Baphuthi, Bafokeng, Bataung, Batsoeneng, Matebele le ba bangwe.

Puo e e buiwang thata ko Lesotho ke Sesotho, e eleng yone puo ee letleletsweng go dirisiwa gongwe le gongwe mo Lesotho le ko ditirelong tsa puso, e latelwa ke sekgowa pele ga dipuo tse dingwe.

Ngwao[fetola | Fetola Motswedi]

Diletswa tsa ngwao tse di fitlhelwang mo Lesotho di akaretsa lekolulo, se eleng seletswa se se dirisiwang ke badisa, setolo-tolo, se se tshamekiwang ke borre le thomo ee tshamekiwang ke bomme thata.

Pina ya setshaba ya Lesotho e bitswa "Lesotho Fatše La Bo-ntata Rona"

Fa kago tsa setso tsa Lesotho ele mantlo a rantafole.

Kapari ya Basotho ke kobo, e aparwa thata ka dipaka tsotlhe mo ngwageng.

Morija Arts & Cultural Festival ke moletlo wa ngwaga le ngwaga wa botaki le bodiragatsi, o tshwarelwa kwa toropong ya Morija ko banna ba baneng ba sokolola batho ka thuto ya Kereke baneng ba goregela teng ka ngwaga wa 1883.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]