Mokolodi Nature Reserve
| Mokolodi Nature Reserve | |
|---|---|
Mokolodi and surrounding area in the dry season | |
| Lefelo | Gaborone South |
| Coordinates | 24°44′36″S 25°47′56″E / 24.743294°S 25.798903°ECoordinates: 24°44′36″S 25°47′56″E / 24.743294°S 25.798903°E |
| Motheo | 1994 by The Mokolodi Wildlife Foundation, |
Mokolodi Nature Reserve ke felo la polokelo diphologolo mo borwa ja Botswana le ikemetseng ebile le sa remelela mo go direng dipoelo tsa Madi. Le tlhamilwe ka 1994 ke ba mokgatlho wa Mokolodi Wildlife Foundation, le bonwa dikhilomithara di le lesome (6.2mi) borwa ja toropo kgolo Gaborone, mme le ikadile mo lefatsheng le le abilweng la bophara jwa dikhilomithara di le masome a mararo (12sq mi) ya lefatshe le le neetsweng, dikilometara di le 10 (6.2 mi) kwa borwa jwa motsemogolo wa Gaborone. Lefelo le le sireleditsweng la tlhago le agilwe ke mefuta e e farologaneng ya diphologolo tsa tlholego tsa Aforika, dinonyane le digagabi, tse dingwe tsa tsona di leng sewelo mme di ka nna mo kotsing ya go nyelela. Motlhape wa ditshukudu tse ditshweu tsa borwa kwa Mokolodi Nature Reserve ke bontlha bongwe jwa lenaneo la setshaba la tsadiso, le le nang le seabe mo go ageng sesha motlhape wa setshaba mo Botswana.
Diphologolo tsa naga
[fetola | Fetola Motswedi]Lefelo le le sireleditsweng le na le mefuta e le mentsi ya diphologolo tsa naga jaaka thutlwa, pitse ya naga, tshukudu e tshweu ya borwa, tshephe ya lotlhaka ya dithaba, tshephe e khibidu, gemsbok, kudu, impala, tshephe ya metsi, steenbok, kubu, kwena ya nile, tshephe e e borokwa le lengau. Cheetah le ntša ya naga ya Aforika di bewa mo mafelong a magolo a a kgaoganeng mo teng ga melelwane ya lefelo la tshireletso. Gape go na le phaka ya digagabi e e nang le mamba e ntsho, noga ya mozambique e e kgwang mathe, puff adder le noga ya snouted gareng ga mefuta e mengwe, mmogo le lefelo la dinonyane le le nang le mokwatla o mosweu o o pholositsweng le manong a Kapa. Lefelo le le sireleditsweng le tlhamilwe jaaka lefelo la tshireletso ya diphologolo le le nang le mafaratlhatlha a a tseneletseng a ditsela, le le letlang go leba diphologolo tsa naga gaufi. Botsamaisi jwa phaka bo rulaganya go atolosa melelwane ya yone ya lefelo la tshomarelo go fitlha kwa Lion Park.[1]
Dikatso
[fetola | Fetola Motswedi]Thuto ya tikologo le tshomarelo ke maikaelelo a magolo a Mokgatlho wa Diphologolo tsa Naga wa Mokolodi. Lefelo le la tshireletso ya tlholego le amogela bana ba Botswana ka bophara, bangwe ba bone ba tswa mo malwapeng a a tlhokileng lesego. Ditirelo tsa tiro le bonno tse di duelelwang tse di neelwang setshaba ke Mokolodi Nature Reserve di tshegetsa maikaelelo a Motheo a go thusa batho, go neela bana ba Botswana tshono ya go atlarela lefatshe la tlholego le go rotloetsa tshireletso e e anameng ya tikologo ya tlholego ya Botswana.
Ditshwantsho
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Mokolodi Nature Reserve". Official website of the Botswana Tourism Organisation. 2006. Retrieved 7 April 2011