Moremi Game Reserve

Go tswa ko Wikipedia

Moremi Game Reserve ke lefelo le le sireleditsweng mo Botswana. Le kwa botlhaba jwa noka ya Okavango. Leina le lefelo le le le filweng ke la ga Kgosi Moremi wa baTawana. Moremi o ne a agilwe ka leano la gore e nne lefelo le go tla nnang diphologolo mo go lone, e seng lefelo la puso. Se se ne se raya gore Basarwa ba ba neng ba nna kwa go lone, ba ne ba letlelelwa go tswelela ba nna mo go lone.

Lefelo[fetola | Fetola Motswedi]

Moremi Game Reserve e botona jwa di kilomithara di le dikete tse tlhano, e apesitse bontlha jo bogolo jwa botlhaba jwa noka ya Okavango, se se tlhakanya metsi a se nnela ruri a a foo le fa go omeletseng, mme se se supa pharologanyo e tona. Mafelo a a tumileng thata mo lefelong le ke Chiefs Island le Moremi Tongue.[1] Kwa Moremi Game Reserve motho o ka itemogela bontle jwa savannah game le go lebelela dinonyane mo lekadibeng. Go na gape le naga e e kitlaneng e go nnang mo go yone dintsa tsa naga le mangau. Kwa bokonebotlhaba go na le Chobe National Park e le leng mo molelwaneng wa Moremi Game Reserve.

Ditlhare le Diphologolo[fetola | Fetola Motswedi]

Le ntswa Moremi Game Reserve e se lengwe la diparaka tse dikgolo, e kgatlhisa leitlho la bajanala ba tlhwatlhwa. Dilo tse di mo lefelong le di farologane, di akaretsa ditlhare tsa mophane, dikgwa tsa ditlhare tsa mokala, makadiba le matsha. Mefuta ya dinonyane e le makgolo a matlhano le diphologolo tse dingwe tsa naga jaaka ditau, mangau, ditlou, dinare, ditshukudu,dikubu,dipitse tsa naga, dithutlwa,dikgokong,matlotse,bophokoje,dikolobe tsa naga, le diphala di teng mo lefelong le. Lefelo la Moremi le itsege le nna dintsa tsa naga thata [2]mo bontsi jwa tsone bo neng jwa dirisiwa mo dipatlisisong go tswa ka ngwaga wa 1989;ka jalo bontsi jwa tsone bo apesitswe mabante mo thamong.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Lefelo le le ne la tlhomiwa go nna reserve ka ngwaga wa 1963, le biditswe jaaka Kgosi Moremi wa boraro wa morafe wa baTawana ba kgaolo ya Ngamiland. Motlholagadi wa ga kgosi Moremi e bong Elizabeth Pulane Moremi, o neng a eteletse pele lefelo le ka anko eo, o ne a tsaya kgato ya go babalela diphologolo tse di mo lefelong le ka o ne a tshwenyegile ka go tsoma mo go neng go fokotsa palo ya tsone.[3]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Alan Murphy, Kate Armstrong, Matthew D. Firestone, Mary Fitzpatrick, 2007
  2. C. Michael Hogan. 2009
  3. "The photographs of Moremi Game Reserve, October 2017".Independent Travellers.independent-travellers.com.Retrieved March 9, 2018