Motsana wa Pitseng, Botswana

Go tswa ko Wikipedia

Pitseng ke motsana yo o mo Botswana. O ikaegile fa gare ga toropo ya Jwaneng le Moshupa mo kgaolong ya borwa. Plo ya batho ba Pitseng e ne e le makgolo a boferabobedi le masome a matlhano mo palo bahong ya ngwaga wa 2001.[1] Mong wa motsana ebong(Kgosi) ke Mmolotsinyana Mafhoko.

Makhanselara o kopa go reresiwa[fetola | Fetola Motswedi]

Makhanselara a kgaolo ya borwa a kopile puso go emisa go dira diphetogo tse di dirwang kwa polaseng ya Banyana ka gore ga e a ba rerisa.Ba ne ba ntsha dingongorego tseo kwa phuthegong ya khansele, e e neng e biditswe ke mothusa tona ya temothuo, Rre Oreeditse Molebatsi ka Mosupologo.Makhanselara a ne a supa gore a swabisitswe ke dipapatso tse di ntshitsweng mo bosheng tsa go hirisa lefatshe la selekanyo sa diakere di le lesome mo polaseng eo ba sa rerisa bagolwane ba kgaolo jaaka kgosikgolo le one makhanselara.

Ba ne ba supa gore bontlha bongwe jwa polase eo, jwa sekidi sa diekere di le 22 0000, bo mo kgaolong ya ga Ngwaketse, ka jalo ba bona go tshwanetse gore go rerisiwe kgosikgolo ka lefatshe la bone.Mokhanselara wa ntlha go akgela e ne e le Kenalemongwe Mopipi wa Ranaka, a supa gore jaaka lephata la ditsha le la kaboditsha la ga Ngwaketse le bapaditse ditsha tseo mo dipampiring ka go farologana, go supa gore ga go na puso ya batho ka batho. Mokhanselara Abram Dibeela wa Pitseng le ene o ne a tlatsa mafoko a ga mokhanselara Mopipi ka gore ga a itumedisiwe ke se se dirilweng.

Ba ntsha mafatlha a bone[fetola | Fetola Motswedi]

Mokhanselara wa Lotlhakane West, Rre Obakeng Modisaotsile, o ne a supa gore thulaganyo e e tlaa solegela molemo balemibarui ba ba itsholetseng fela.

Mokhanselara Lentswe Mosanako wa Moshupa East, ene o ne a ngongorega ka gore kgaolo ya borwa e boleletswe gore ga e sa tlhole e na le lefatshe le le ka dirisediwang dipolase, o makatswa ke gore puso e bo e tsere tshwetso e. O ne a supa gore ka ntlha ya tlhaelo ya lefatshe, balemibarui ba kgaolo ya gagwe ba paletswe ke go dirisa mananeo mangwe a puso a a ka ba solegelang molemo. O ne a solofetse gore ba tlaa bona sengwe mo polaseng ya Banyana, gore ba tle ba akole mananeo jaaka Batswana ba bangwe.E rile fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Leach Tlhomelang, a re “go mo pontsheng” gore therisano ga e a dirwa jaaka makhanselara a bolela.O ne a supa gore dingongorego tsa makhanselara a di ntshang di supa gore batlhophi ba bone ga ba a itumela mme a kopa gore go emisiwe mogopolo wa go bapatsa go hirisa lefatshe leo.

Le fa go ntse jalo, mothusa tona o ne a supa gore dikakgelo tsa makhanselara di supa gore di ka tswa di tsamaile bogole golo gongwe. O ne a bolela gore o tlaa isa dingongorego tsa bone kwa bagolwaneng gore ba sekaseke kgang e.Rre Molebatse, yo e leng mopalamente wa Tswapong borwa, o ne tlhalosetsa makhanselara gore dipapatso tse di ntshitsweng ga se tsa go rekisa lefatshe, ke tsa go le hirisa gore balemibarui gore ba oketse thobo ka gore seemo sa yone se kwa tlase.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Moshupa Jwaneng

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: Ngwaketse Census District". 2001 Population and Housing Census. Central Statistics Office of Botswana. Archived from the original on 13 November 2010. Retrieved 27 November 2010.