Jump to content

Motse wa Khawa

Go tswa ko Wikipedia

Khawa ke motse oo mo kgaolong ya Kgalagadi mo Botswana. Omo borwa jwa kgaolo eo mme  ona le sekole se se botlana, kereke ya bakeresete le kokelwana. Moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Khawa Desert Challenge o tshwarelwa teng koo. Batho ba koo ba bua Setswana le Aforikanse mme ba tlhaloganya puo ya Sekgowa. Go na le kgothego ya dimela go dikologa motse mme seo se dira gore enne okare ke sekaka lefa ntswa ele lefelo leo le mo kgaolong ee tletseng kana itsegeng ka bojang. Ditsela tsotlhe go rala le go dikologa motse ketse di sa tshelwang sekonotere. Batho ba motse oo bane ba le selekanyo sa makgolo a robabobedi lesome le bosupa ka palo batho ya ngwaga wa 2011.[1]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF). Archived from the original (PDF) on 23 September 2015. Retrieved 21 May 2024