Jump to content

Mochudi

Go tswa ko Wikipedia
(Go tswa ko Motse wa Mochudi)
Mochudi
Mochudi is located in Botswana
Mochudi
Mochudi (Botswana)
Kgaolo
Kgatleng
Setshaba
44,815
Elevation
938 m (3,077 ft)

Mochudi ke mongwe wa metse e megolo kwa Botswana ka palo ya batho ba le 50,321 ka 2022.[1] Mochudi ke motse mogolo wa Bakgatla-ba-ga-Kgafela, mo kgaolong ya Kgatleng. Ke mongwe wa motse o banni ba teng ba ipeelang ka ngwago ya bone. Motse o, o kwa bokone-botlhaba le dikilometara di ka tshwara masome a mararo le bosupa go tswa mo toropo kgolo Gaborone. Motse o o sekgele sa dikilometara di sekae go tswa mo tsele kgolo ya Gaborone-Francictown, o ka bonwa ka go fapogela kafa motsaneng wa Pilane.[2] Mochudi one a tlhomiwa ke batho ba letso la Tswana ka ngwaga 1871. Kgogedi e kgolo mo Mochudi ke Phuthadikobo Museum e e tlhomilweng fa godimo ga thaba e bile e tshwere ditiragalo tse di humileng tsa morafe wa Bakgatla le Batswana ka kakaretso.

Mochudi o tlhomilwe ka ntlha ya metsamao ya batho. Ka fa tlase ga kgatelelo ya go tsenelela ga Maburu mo mafelong a bone a ditso, morafe wa Bakgatla o ne wa fuduga go tswa kwa lefelong le gompieno le bidiwang Aforika Borwa, wa nna ka 1871 kwa tlase ga Thaba ya Phuthadikobo le fa thoko ga Noka ya Notwane.[3] Ka nako e, Moruti Pieter Brink wa kereke ya Dutch Reformed o ne a tlhoma seteishene sa borongwa kwa Mochudi.

Tsa Bojanala

[fetola | Fetola Motswedi]
Motse wa mochudi

Matlho otlhe a bajanala mo Mochudi a felela mo motlobong wa ditso wa Phuthadikobo o o mo godimo ga thaba. Motlobo o o na le ditshwantsho le mekwalo e megologolo ee buang ka tshimologo ya Bakgatla.O agilwe mo dikagong tse pele eneng ele tsa sekolo sa ntlha mo Mochud. Go bapa nao ke sekgoropa sa terekere ya ntlha ya Motswana. le motlhala wa lenao le letona le mong wa lone eleng "Matsieng", mogaka le modimo wa batho ba letso la Tswana, yo aneng a eteletse batho ba gagwe le diphologolo go tswa mo mpeng ya lefatshe go tla go nna mo lefatsheng.[4]

Mochudi o tlwaelesegile ka matlo a setswana a a takilweng le ka jeno o santse a na le kgotla ya Setswana.

Gole go ntsi ka ga Bakgatla go ka bonwa mo lokwalong lwa ga David Suggs la setlhogo sa "A bagful of locusts and the baboon woman: constructions of gender, change, and continuity in Botswana."

Mochudi ke botsalo jwa ga Mma Ramotswe. Mogaka wa Motseletsele wa dibuka tsa No. 1 Ladies' Detective Agency. Michelle Obama o ne a etela motse o ka nako ya loeto lwa ga Tautona Obama wa U.S. kwa Aforika ka 2011.[5]

Mochudi ke motse mogolo wa Bakgatla, ba ba tlholegang totatota kwa lefatsheng la Aferika-Borwa. Bakgatla ba ne ba siela mo lefatheng la Botswana ka ngwaga wa 1871 morago ga go tlhaselwa ke maburu ba gapa ditsha tsa bakgatla. Ka nako ee Bakgatla ba ne ba bona bonno fa thabeng ya Phuthadikobo mabapi le noka ya Ngotwane. Fela ujaaka metse e mengwe mo Botswana Mochudi ke mongwe ya metse e nang le dikago tsa matlo a a tlhabologileng le a segologolo a supang ngwao ya bone. Dikgosi tsa Mochudi e bong Kgosi Linchwe Khamanyane Pilane yo o busitseng ka ngwaga wa 1875 go fitlhelela ngwaga wa 1924 le Kgosi Molefi Kgafela Pilane yo o busitseng ka ngwaga wa 1929 go fitlhelela1958 ba ne ba boloka gautshane le kgotla gone mo motseng wa Mochudi. Kgotla ya Mochudi e bapile thata le tsela e e tswelang kwa thabeng ya Phuthadikoko, phuthadikobo ke ngwe ya mahelo a bojanala e bile e le lehelo le le nonotshang ditso tsa le fatshe la Botswana. Museum kgotsa Motlobo wa ditso le matlotlo a Botswana o na le ditswantsho tse di supang fela sentle ngwao ya Bakgatla le ditso tsa bone. Dingwe tsa ditshantsho tse di supa bomme ba bopa,dikgosi le dingaka tsa setso di rapelela pula,basetsana le basimane ya ko sekoleng sa bogwera le bojale le mekgabiso ya mantlo.

Mafelo a kgatlhisang

[fetola | Fetola Motswedi]

Nngwe ya dikole tsa ntlha go agiwa mo motseng Mochudi ka ngwaga wa 1921 ne se agile ke Rre Regent Isang Pilane. Sekole se ke sone sa ntlha go naya bana dithuto tsa sekole se segolwane e bong(secondary education). Ka ngwaga ya 1976 sekole se ne sa fetolwa Motlobo wa ditso le matlotlo(Museum) ebile se na le ditswhantsho tse di kgatlhisang tsa moitsanape yo o itsegeng lefatshe ka bophara e bong Professor Isaac Schapera yo o neng a le tlhaga thata ka go itse ngwao le botshelo jwa Batswana mme Rre Professor Isaac Schapera o ne a tlhokahala ka ngwaga wa 2000. Lefelo le lengwe le le kgatlhisang thata mo motseng a Mochudi ke kereke ya Deborah Retief Memorial Church e e agilweng ka ngwaga wa 1903 le mo bogompienong e ntse e mo tirisong.

Mochudi o na le dikole tse dikgolwane tsa puso di le mmalwa le sekolo se le sengwe se segolwane sa puso e leng Molefi Senior Secondary School. Dikolo tse dikgolwane tse ke Linchwe II JSS, Kgamanyane JSS, Radikolo JSS, Bakgatle JSS, Sedibelo JSS, le Ithuteng JSS. Gape go na le Lefelo la Tsosoloso la Podulogong le le nayang batho ba ba foufetseng kgotsa ba ba sa boneng sentle dithuto tsa go dira ka diatla.

Metshameko

[fetola | Fetola Motswedi]

Mochudi ke legae la setlhopha sa kgwele ya dinao sa liki e kgolwane ya Botswana sa Mochudi Centre Chiefs. Mochudi Rugby Club ke setlhopha sa rugby sa mo gae se se theilweng mo motseng oo.

Ditoropo tse di tsalanang

[fetola | Fetola Motswedi]

Mochudi o tshwantshangwa le toropo le kgaolo nngwe:

  1. "Botswana: Districts, Cities, Towns, Urban Villages & Agglomerations - Population Statistics, Maps, Charts, Weather and Web Information". www.citypopulation.de. Retrieved 3 Phalane 2025.
  2. Latitude.to. "GPS coordinates of Mochudi, Botswana. Latitude: -24.4167 Longitude: 26.1500". Latitude.to, maps, geolocated articles, latitude longitude coordinate conversion. Retrieved 3 Phalane 2025.
  3. Botswana Tourism Organisation
  4. Matisieng Footprints - Attractions - Tourism of Botswana
  5. Gaotlhobogwe, M. Michelle Obama shows Botho with magwinya and chips. Mmegi Online, Retrieved 3 Phalane 2025.
  6. "Otjiwarongo twinning agreement with Kgatleng, Botswana". The Namibian. 2011-09-12. Archived from the original on 2022-09-20. Retrieved 2022-06-05.