Jump to content

Moutlakgola P.K. Nwako

Go tswa ko Wikipedia
Moutlakgola Palgrave Kediretswe Nwako
Ka Ga Ena
O tsetswe(1922-08-06)6 Phatwe 1922
Serowe, Bechuanaland Protectorate
Mosetshaba waBotswana
MokgatlhoBotswana Democratic Party
BonnoBotswana

Moutlakgola Palgrave Kediretswe Nwako (6 Phatwe 1922-1 Phatwe 2002)[1][2]e ne e le modiri wa tsa polotiki le moedimedi wa lefatshe la Botswana. Nwako o dirile e le ene Tona wa Lephata la Merero ya Mafatshe a Sele ka ngwaga wa 1966-1969[3]. O ne a nna Mmueledi wa Khuduthamaga ya Palamente ya Botswana go tloga ka ngwaga wa 1989 go ya ko go wa 1999[4].

Moutlakgola ke mongwe wa ba ba simolodisitseng moalo wa polotiki e e dirileng Botswana yo wa gompieno ka sebaka se a berekileng e le modirela puso, Nwako o dirile mo maemong a farologanyeng a khuduthamaga ya ga Tautona pele ha a latlhela mo tirong ya gagwe ya Mmueledi wa Khuduthamaga ya Palamente ka ngwaga wa 1999. E ne e le mongwe wa ba simolodi ba mokgatlho wa Botswana Democratic Party (BDP)

Nwako o tsere nako e ntse ya bonana jwa gagwe a thusa go tlhokomela leruo la kwa ga bone. O ne a isiwa go simolola dithuto tse di potlana a le dingwaga tse lesome le bone ko Khama Memorial School. Morago ga moo, ka ngwaga wa 1943, o ne a ya ko Tiger Kloof Institute(Old Moeding) gaufi le Vryburg, ko a ileng a fetsa dithuto tsa gagwe tse di kgolwane. Nwako le baithuti ka ene ko Tiger Kloof jaaka ba ba re tlogetseng; Motsamai Mpho, Edison Masisi, Washington Meswele le Quett Masire. O ne a dira botsalano ja go phadisana le Rre Masire jaaka ba ne ba phadisanela maemo a kwa godimo a thuto. Nwako o ne a rata dipalo thata, talente e e ileng ya dira gore a fiwe leina la matshamekwana le go tweng "Pythagoras".[2]Morago ga go wetsa dithuto tsa gagwe, o ne e berekela mo mabolokelong a morafe ko Molepolole le Serowe, pele a nna motshwara madi ko Moeng College.

Mo dingwageng tsotlhe wa 1950, Nwako o ne a le mo setlhopheng sa barutegi ba banana ba Gammangwato ba ba tsweletseng mme ba dira gore go nne le phetogo ya tsa polotiki le go bowa ga ga Seretse Khama go tswa botshabing jwa kwa moseja.

Jaaka Nwako, bontsi jwa setlhopha; Monametsi Chiepe, Lenyeletse Seretse le Gaolese le Kenneth Koma ba ne ba le mo mophatong wa Malekantwa.

Ka ngwaga wa 1952-53, mophato wa Malekantwa ga mmogo le bagolo ba tshwana le Kgalemang Motsete le Leetile Raditladi, ba ne ba tla ga mmogo ba bopa mokgatlho wa sepolotiki o o neng o bidiwa Gammangwato National Congress.

Mokgatlho wa Congress o ne wa nna wa boraro o o maatla mo go tsa polotiki tsa Gammangwato o phadisana le di kampa tsa bagologolo pele ba ba neng ba eteletswe pele ke Tshekedi Khama le Keaboka Kgamane(pro-Seretse).

Ka nako eo, Nwako o ne a simolola go kwala dipampiri tsa dikgang, thata thata, Naledi ya Batswana le African Echo a dirisa leina la dinyao "Monna wa Lekgotla". Mo mekwalong yotlhe ya gagwe ya setshaba le e e sephiri, Nwako o ne a tswelela a tswaragane le ba lwela kgololesego ka ene ba ba nemg ba le mo dintheng tse dingwe tsa tshireletso.

Ka ngwaga wa 1960, Nwako o ne a ema mme a tlhophiwa go nna Mokhuduthamaga wa Lekgotla la Morafe wa Bangwato. Ka 1961, o ne a tlhophiwa gape mo Lekgotleng le lešwa la Aforika la kgaolo yotlhe, a itlhoma jaaka mongwe wa boradipolotiki ba ba tlhabologang ba Protectorate ya bokone. Moragonyana ka 1960, moithutimmogo le Nwako wa pele, Mpho, o ne a mo atamela ka ga go tlhama mokgatlho o mošwa wa bosetšhaba, o o neng o tla itsege jaaka People’s Party (BPP). Ka nako eo Congress le Federal Party e e neng ya latela e e neng e eteletswe pele ke Raditladi e ne e paletswe ke go ngoka tshegetso ya bontsi. Ka Ferikgong 1961, Nwako o ne a nna leloko la baemedi ba BPP ba ba neng ba kopana le Mokhomišenara wa Baagi ba Borithane, Peter Fawcus, go ipelaetsa kgatlhanong le go tlhoka tekatekano mo dipopegong tsa ditlhopho tsa Lekgotla la Peomolao (Legco).

Kwa bofelong, Nwako o ne a sa kgatlhiwe ke BPP. Go na le moo, ka Phatwe wa1961, o ne a le karolo ya setlhopha sa konokono se se neng se kokoantswe ke Seretse Khama go buisana ka go tlhamiwa ga mokgatlho o mongwe. Morago ga moo, nngwe ya ditiro tsa ntlha tsa ga Nwako e ne e le go thusa go tlisa batho ba ba tlhageletseng go tswa kwa ntle ga Gammangwato mo mokgatlhong.

Nwako o thusitse go kwala molaotheo wa Lekoko, o o neng wa amogelwa kwa kopanong ya Ferikgong ka 1961 kwa Mahalapye. Morago ga moo, o ne a direla mo Khuduthamaga ya yone ya banna ba le batlhano e le Mothusa Ramatlotlo.

Ka Phukwi–Phatwe 1963, Nwako o ne a kopanela le Khama le Masire go emela BDP kwa Khonferenseng ya Tshekatsheko ya Molaotheo e e neng e biditswe ke Fawcus kwa Lobatse. Mo nakong ya go ipaakanyetsa ditlhopho tsa ntlha tsa bosetšhaba, tse di neng tsa tshwarwa ka Mopitlwe 1965, Nwako o ne a dirisa nako e ntsi ya gagwe go tlhotlheletsa BDP. Mo go se, gantsi o ne a dirisa baesekele go tsamaya mo metseng ya Gammangwato. Fa ditlhopho di balwa, Nwako o ne a fenya phenyo e e boitshegang mo kgaolong ya Tswapong Bokone, e a neng a e tshegetsa dingwaga tse dingwe gape di le masome a mararo.[citation needed]

Morago ga ditlhopho tsa ngwaga wa 1965, Nwako o ne a direla mo Kabineteng ya ntlha ya Botswana jaaka Tona ya Temothuo. Morago ga moo, o ne a dira diphotefolio di le mmalwa go akaretsa le tsa Merero ya Dinaga di Sele, pele ga a nna Tona ya Kgwebo le Intaseteri go tloga ka ngwaga wa 1977 go fitlha ka ngwaga wa 1989. Ka Diphalane 1966, jaaka Tona ya Puso, o ne a tlhagisa kgetse ya Botswana gore e amogelwe kwa Ditšhabakopano.

Ka ngwaga wa 1989 Nwako o ne a rola tiro mo Kabineteng go tsaya tiro ya go nna Mmusakgotla wa Kokoano Bosetšhaba. Ka ngwaga wa 1994, o ne a tlhatlhangwa jaaka Mopalamente wa Tshwapong Bokone ke Motlatsa Tautona wa nako eo Festus Mogae, mme a tswelela go nna Mmusakgotla go fitlha a tlogela tiro ka ngwaga wa 1999.[citation needed]

Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo, Nwako o ne a bua thata mo tumelong ya gagwe ka ga tlhokego ya go somarela le go fetola setso sa selegae go tsamaisana le dinako tse di fetogang.

  1. https://www.rulers.org/indexn2.html
  2. 1 2 Ramsay, Jeff (1 January 2002). "Moutlakgola Ngwako: a public servant of distinction". Botswana Notes and Records. 34: 140–143. JASTOR 40980330.
  3. "Foreign Ministers A-D". rulers.org. Retrieved 4 November 2010.
  4. Former Speakers of Parliament, Official website of the Parliament of Botswana