Mpule Kwelagobe

Go tswa ko Wikipedia
Mpule Kwelagobe
Tsalo
Mpule Keneilwe Kwelagobe

(1979-11-14) November 14, 1979 (age 44)
Bolele1.80(5'10")
Beauty pageant titleholder
LebanteMiss Botswana 1997
Miss Universe Botswana 1999
Miss Universe 1999
Mmala wa moririBlack
Mmala wa mathoBrown
Dikgaisano
tsa konokono
Miss Botswana 1997
(Winner)
Miss World 1997
Miss Universe Botswana 1999
(Winner)
Miss Universe 1999
(Winner)

Mpule Keneilwe Kwelagobe wa Gaborone, Botswana o ne a apesiwa korone ya Miss Universe ka Motsheganong ngwaga wa 1999 kwa Trinidad and Tobago. O sale a fiwa korone eo ka ngwaga wa 1999, Mpule o sa tswa go tsewa tsia gape gape a tlhomphiwa go bo e le modiragatsi wa ditshwanelo tsa batho tsa botsogo tsa batho, bogolo jang mo ntweng ya gagwe ya mogare wa HIV/AIDS gape e le mmueledi wa banana le bomme go nna le thuto e e tseneletseng ya tsholo le diterelo tse dingwe.

Mma lobopo[fetola | Fetola Motswedi]

Kwelagobe wa borataro o ne a tsenelela dikgaisano tsa Miss World pageant (ka ngwaga wa 1997) mme ga a ka tswa sentle. E ne e le ene Mma lobopo wa Botswana gape e le ene lekgwarejwana la Botswana go tsenelela dikgaisano tsa Miss Universe pageant.

Go latedisa tumo ya gagwe e le Mma lobopo, Mpule o ne a nna mmueledi wa Clairol. Tsebe tse pedi di ne tsa supiwa mo koranteng ngwe ya kwa lefatsheng la America, fa Mpule a ntse e le Mma lobopo.

Moemedi wa lefatshe yo o tlhophilweng[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2000, o ne a tlhophiwa go nna moemedi ke ba United Nations, a itebagantse le banana gape le bolwetse jwa HIV/AIDS.Mo go tse dingwe. O kile a buisa phuthego ya lefatshe la United States (ntlo ya lefatshe la United States ya baemedi ba komiti ya ditirelo tsa baboloki ba madi gape le ditlogamano. Mpule o ne a rurifatsa mo ditengmorago tsa botsalano le batho ba ba lwang bolwetse jwa AIDS mo Aferika gape a kanela panpitshana e e supang ditlhwatlhwa ts dituelo go simolodisa mokgatlho wa World Bank AIDS). Gape o kile a buisa:

  • Bokopano jwa bone jwa United Nations jwa banana lefatshe ka bophara(Dakar, Senegal),
  • Khudutlhamaga ya United Nations (New York, USA),
  • Bokopana jwa mafatshe otlhe ka bophara jwa tirisi sentle ya ditlhabololo (Johannesburg, South Africa),
  • Bokopano jwa boraro jwa United Nations jwa mafatshe a a kwa tlase (Brussels, Belgium)
  • Moderated an AIDS panel during the Congressional Black Caucus at the invitation of Congresswoman Barbara Lee.

Dietsele tse dingwe[fetola | Fetola Motswedi]

Mpule Kwelagobe o ne a fiwa tlotla ya Jonathan Mann Health Human Rights ke ba lekgotla la International Association of Physicians in AIDS Care (IAPAC). O ne a gape a fiwa tlotla ya e ngwe fa thoko ya go nna moeteledipele wa European Commission HIV programme, Lieve Fransen, gape le William Clintonya o kileng a bo e le tautona . Ka ngwaga wa 2003, o ne a tlhophiwa gape e le moeteledipele wa lefatshe ka bophara wa kamoso(GLT) ke ba World Economic Forum, a kopana le ba le makgolo a matlhano ba ba ikemetseng go tsweng mo dikgwebong, dipolotiki, ba kgaso, gape le ba botaki le maranyane, ba akaretsa Bill Gates, British Prime Minister Tony Blair, Michael Dellgape le Bono,yo o saleng a tlhophilwe ka nako ya fa mokgatlho o simolodisiwa ka ngwaga wa 1993.
Ka ngwaga 2006, o ne gape a tlhophiwa ke ba World Economic Forum jaaka monana yo o eteletseng lebopo lotlhe (YGL). Kgotla ya baeteledipel ba banana ba lefatshe lotlhe e simolotswe mo bosheng e pharologanyo, lofatsa la batho ba ba ntsi lwa lefatshe le le pharologanyo la baeteledipele ba ba dingwaga tse di masome a mane kgotsa ba le kwa tlase ga dingwaga tse gape ba iketleeditse go dirisa nako le maatla a bone mo go ageng bokamoso jo bo rileng.
Mpule gompieno o nale setlankana sa boemo jo bo kwa godimo sa dithuto tsa maranyane a dipolotiki (dipolotiki tsa itsholelo ya mafatsheftshe) go tsweng kwa mmadikolo wa Columbia mo toropokgolo New York.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]