Nata, Botswana

Go tswa ko Wikipedia
Nata, Botswana is located in Botswana
Nata, Botswana
Lefelo la Nata

Nata ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O mo botlhaba jwa kgaolo, gape o direlwa ke kompone ya difofane ya Nata . Mo palong bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mabedi le masome a borobobedi. Motse wa Nata o ikaegile fa thoko ga noka ya Nata e e eledisetsang metsi a yone kwa Makgadikgadi Pans, lekadiba le nang le letswai le lentsi.

Borukuthi[fetola | Fetola Motswedi]

Batho ba motse wa Nata ba ikuetse mo go Motshwarelela Tona wa tsa Itshireletso Melao le Thokgamo Rre Edwin Batshu ka borukutlhi jo bo golang letsatsi le letsatsi.Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng, ba re ga ba robadiwe ke borukutlhi ja bana ba Nata.Erile ba tswelela banni ba re borukutlhi joo ke bogodu ja leruo, go thuba matlo gammogo le dititeo. Ba re ga go fete letsatsi go sa thujwa mo motseng.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Peter Senamolelo a re ba tlhaelelwa ke didirisiwa bogolo jang dikoloi tsa sepodisi,a tlatsa ka gore mapodisi jaanong ba dirisa dikoloi tsa maphata a mangwe mme go dia ditiro tse dingwe tsa puso.Rre Senamolelo a re kwa Nata Sanctuary, batho ba kgaola terata go tlhatlhela dikgomo mo teng go di tshuba dinaka, a tlatsa ka gore batho ba utswa leruo ka dipitse.Rre Buti Mphotho o ngongoregile ka tlhaelo ya mapodisi mo motseng, a re ga go na itshireletso.Mme Kutlobotlhoko Seitatolo o boletse gore ga a robadiwe ke dirukutlhi tse di nnang fela kwa ga gagwe.A re o tshelela mo letshogong ka dirukutlhi tse di a tshwarwa,ka moso di bulelwe.Bangwe ba ditlhopha (cluster) tsa twantsho borukutlhi ba ne ba kopa tona go ba fa dipitse go lwantsha borukutlhi ka tsone,ba re ga ba kgone go lwantsha dilalome tse di tsamayang ka dipitse di utswa leruo mme bone ba tsamaya ka dikoloi, jaanong ba re go botoka gore ba fiwe dipitse.Ba kopile gape go fiwa kapari ya ma- clusters ba re batho ga ba ba tsee tsia ka ba sena paka.E rile a araba mangwe a matshwenyego a bone Rre Batshu a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo pusong, a tlatsa ka gore megopolo e e tswang mo Batswaneng ke yone bogakolodi jwa boeteldipele.Rre Batshu a re tsamaiso ya lephata la gagwe ke go lekola melelwane gore Batswana botlhe ba sireletsege.O kgothaditse batho ba Nata go lwantsha borukutlhi ba bo pataganetse. O kopile kgosi, mapodisi le morafe go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele go lwantsha borukutlhi.

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]