Netball Afrika Borwa

Go tswa ko Wikipedia

netball South Africa ke lekgotla le le laolang motshameko wa bolo tloa mo Aforika Borwa, mme ntlokgolo e kwa Pretoria. Lekgotla le le laola go tshameka ga motshameko o mo nageng mme gape se okametse Setlhopha sa Bosetšhaba sa Netball.

Fa e sale ka ngwaga wa1992, Aforika Borwa e ntse e tsaya karolo mo dikgaisanong tsa boditšhabatšhaba segolobogolo mo dinageng tsa Commonwealth. E re ka go na le batho ba le bantsi mo dikolong le kwa diyunibesithing, bolo tlowa mo Aforika Borwa e tsere maemo a a kwa godimo ka go simololwa ga Telkom Netball League, mme bontsi jwa batshameki ba tshameka mo league e ya Telkom, mme gape bontsi ba batshamiki ba tshameka kwa dinageng tse dingwe jaaka kwa Engelane, Australia le New Zealand leagues.

Maikemsetso a Netball South Africa ke go golaganya basha le bagolo le setlhopha sa porofeshenale sa motshameko wa bolo tlowa. Ba ikemiseditse go tlhomamisa gore melao e siame, gore bakatise ba katisitswe le go newa tetla, le gore metshameko yotlhe ya porofeshenale e tshamekiwa go ya ka melao ya lefatshe lotlhe.

SPAR Proteas ke setlhopha sa bosetšhaba sa bolo tlowa sa Afrika Borwa. Ba tshegeditswe ke SPAR ka boikgantsho, setlhopha se se na le batshameki ba ba tshamekang mo Aforika Borwa le mo dikgaisanong tsa lefatshe tse di nang le kgaisano go gaisa. SPAR Proteas e beilwe mo maemong a bo 5 mo INF World Rankings mme e beilwe mo maemong a bo 4 mo INF Netball World Cup 2019

Komiti ya botsamaisi ke e e latelang:[1]

  • Poresidente - Cecilia Molokwane
  • Motlatsa Poresidente - Mami Diale
  • Mookamedi - Modiegi Komane
  • Mokaedi wa Tlhopho - Ivy Khumalo
  • Mokaedi wa Dikarolo le Dikago: Claudine Claassen
  • Mokaedi wa Katiso: Annelie Lucas

Bona gape[fetola | Fetola Motswedi]

  • Netball mo Aforika Borwa
  • Sejana sa Netball sa Maungo a a setlhogo
  • Telkom Netball League

Ditshupiso[fetola | Fetola Motswedi]

Dikarolo tse di kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]