New Xade
Tsebe e thokana le metswedi e mengwe go ka netefatswa. (Phatwe 2008) |
New Xade ke motsana yo o bonwang mo bogare jwa kgaolo ya Ghanzi mo Botswana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Lepokole di ne dile makgolo a matlhano le botlhano.[1]
Bonno jwa Phudugo
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1997, morafe wa San (Bushmen) ba le 1739 le baagi ba bangwe ba CKGR (go akaretsa Bakgalagadi) ba ne ba fudusiwa go tswa kwa Central Kalahari Game Reserve ke puso ya Botswana jaaka karolo ya lenaneo le legolo la go fudusiwa le le kileng la dirwa mo nageng. Ba le 1239 bone,ba ne ba fudugela kwa Kg’oesakene (Xade e Ntšha) mme ba le makgolo a matlhano (500) ba fudugela kwa Kaudwane, kwa ntle ga molelwane o o kwa borwa wa CKGR mo kgaolong ya Kweneng. Bonno jwa pele, jo bo neng bo ikaeletswe go bidiwa Kg’oesakene, jo bo rayang “go batla botshelo”, ke baagi, bo setse bo itsege ka leina la jone la tsamaiso, New Xade. Go fudusiwa gape ga baagi ba Kalahari Bogare go ne ga diragala ka 2002.Puso e ne ya buelela go fuduga mo,gore go somarelwe metswedi ya tlholego, go tlamela ka ditirelo jaaka tlhokomelo ya boitekanelo le thuto ka mokgwa o o mosola thata, le go rotloetsa tlhabololo ya baagi mo gare ga morafe wa San. New Xade e ka nna dikilometara di le lekgolo go tswa kwa Ghanzi, motsemogolo wa kgaolo, le dikilometara di le masome a supa go tswa kwa Xade, bonno jwa pele mo CKGR jwa bontsi jwa baagi. Le fa baagi ba ne ba duelelwa dithoto tse di bonalang jaaka mekhukhu ya bone, leruo le mafaratlhatlha ape a mangwe a ba a tlogetseng, baagi ba pele ba Xade ga ba a amogela tuelo epe ya madi kgotsa tshwanelo ya lefatshe le ba le tlogetseng. Le fa go ntse jalo, ba amogela ditsha mo New Xade e e sa tswang go tlhamiwa.
Ditlhopha tsa Merafe le Dipuo Tse di Buiwang
[fetola | Fetola Motswedi]Go na le merafe e e farologaneng e e leng teng kwa New Xade. Ditlhopha tse tharo tsa konokono tsa Khoe tse bonno bo neng jwa tlholelwa tsona, tse tsotlhe di neng tsa fudusiwa go tswa kwa Lefelong la Diphologolo la Bogare la Kalahari, ke G/ui (Dcuikhoe), G//ana (Dxanakhoe), le Bakgalagadi. Dipuo tsa tlholego tse di buiwang ke ditlhopha tse ke G/ui (Dcui), G||ana (Dxana), le Sekgalagadi, ka go latelana. Ka go nna teng ga badiri ba katoloso le thuto e e dirilweng ya bosetšhaba, Setswana se buiwa thata e bile go bua Seesemane sentle go a oketsega. Puisokwalo, le fa go ntse jalo e kwa tlase mo Setswaneng le Sekgowa mme ga e yo mo G/ui le G||ana ka dipuo tse di ise di nne le mokwalo o o dirilweng setheo.
Ka go nna teng ga badiri ba katoloso ba puso le bagwebi, gape go na le palo e e bonalang ya baagi ba Tswana, mongwe le mongwe a na le dipuo tsa gagwe, mmogo le palo e e golang ya baagi ba Naro ba ba tswang kwa mafelong a boagisani le kwa dipolaseng tsa Ghanzi. Bontsi jwa bana ba ba nnang mo hoseteleng ya sekolo se sebotlana sa New Xade ba bua puo ya Naro ka e le ba morafe wa Naro o o nnang mo mafelong a a dikologileng motsesetoropo wa Ghanzi le karolo ya temothuo ya Ghanzi. Bontsi jwa batho ba ba nnang mo dihoseteleng ba ne ba tlosiwa mo maemong a go dirisa bana mo merakeng le mo dipolaseng tsa Maburu kwa Ghanzi ka tiro ya Thuto Isago Trust, e leng porojekete ya go dirisa bana mo go tsa thuto e e kwa Ghanzi. Gape go tshwanetse ga lemosega gore palo e ntsi ya banni ba Bakgalagadi e ne e tswa kwa kgaolong ya Kweneng go tla go akola ditshono tsa kgwebo mo bonnong jo bo sa tswang go tlhamiwa le go nna gaufi le masika a a amegang mo khudusong eo.
Ditlamorago tsa go fudusiwa ga batho ba bangwe
[fetola | Fetola Motswedi]
Go simolola ka ngwaga wa 2000 go fitlhela ka ngwaga wa 2001, thutopatlisiso ya thuto-loago e ne ya dirwa kwa New Xade ke moithuta-loago wa Mojapane yo o bidiwang Junko Maruyama go bona ditlamorago tsa go fudusiwa gape mo matshelong le dikamano tsa loago tsa batho ba ba fudugileng le go bontsha ka fa baagi ba lepalepaneng le seemo se sešwa le tikologo ka teng. Ka nako ya thutopatlisiso, palo ya batho ba bonno e ne e fopholediwa go nna 1100, e e neng e bopilwe thata ke morafe wa San go tswa mo ditlhopheng tsa dipuo tsa G/ui le G//ana. Palo yotlhe ya ditlhopha tse pedi tse mo Botswana e ka nna 2350 le 1550, ka go latelana (Cassiday, 2001). Ka jalo, bonno bo ne bo na le mo e ka nnang sephato sa palo yotlhe ya baagi ba G|ui le G||ana mo Botswana mo masimologong a dingwaga tsa bo 2000, le fa karolwana eo e nnile le kgonagalo ya koketsego mo dingwageng di le thataro (6) tse di fetileng. Go thata go itse palo e e tlhomameng ya batho ba ba leng ba morafe mongwe le mongwe mo kgaolong eo, ka gonne boitshupo bo a fetofetoga mme lenyalo la merafe e e farologaneng le diragala kgapetsakgapetsa mo gare ga Ba-G|ui, Ba-G||ana, Ba-Kgalagadi, le Ba-Naro.
Go ya ka Maruyama (2003), mokgwa wa botshelo le mokgwa wa bonno kwa New Xade o ne wa fetoga thata. New Xade ga jaana e na le dikago di le mmalwa tse di tlwaelegileng mo motseng o mogolo mo Botswana go na le bonno: mo bogareng, go na le kokelwana e kgolo ya segompieno le phaposi ya pelegi (e e sa tlholeng e dirisiwa), sekolo se se potlana, tsamaiso ya merafe le ofisi ya sepodisi, bodirelo, hostele, lefelo la thuto ya bagolo, lebenkele la selegae la tiro ya diatla, leTlhabololo ya Loago le Baagi, Setso le Bašwa, Temothuo, le Lenaneo la Tlhabololo ya Magae. Ofisi ya Tlhabololo ya Loago le Baagi ga jaana e na le porojekete ya go apaya borotho kwa New Xade, e e rekisetsang sekolo se se potlana borotho gangwe ka beke. Tereilara e e tsamaisiwang ke Be-mobile e e nayang ditirelo tsa inthanete le tsa dikhomphiutha e ne ya tsenngwa ka ngwaga wa 2012.
Go ya ka patlisiso e e dirilweng ke J. Maruyama, go na le dilo tse pedi tse dikgolo tse di fetotsweng ka ntlha ya thulaganyo ya go fudusetsa batho ba bangwe ka ngwaga wa 1997. Sa ntlha, le fa phitlhelelo ya baagi ya lenaneo la katlaatlelo loago le itsholelo e tokafetse, phitlhelelo ya bone ya metswedi ya tlholego e ne ya fokotsega thata. Ka ntlha ya moo, batho ba ne ba patelesega go sutisa tsela ya bone e kgolo ya go itshedisa go tswa mo go tsomeng le go phutha go ya kwa tirong e e duelwang le ya go rua diruiwa. Sa bobedi, malapa a morafe wa San a ne a kgaotsa go bopa dikampa tse di neng di dira jaaka kopano ya tlhagiso-tiriso. Mo godimo ga moo, go tsamaya ga bonno go ne ga fokotsega; ba ne ba sa tlhole ba letlelelwa go fudugela gope fela kwa ba ratang teng, jaaka go ne go tlwaelegile.
Kganetsano ya go Fuduga le Kgetsi ya Kgotlatshekelo
[fetola | Fetola Motswedi]Lenaneo la Puso ya Botswana la go fudusa batho ba bangwe le nnile le seabe mo kganetsanong ya mafatshefatshe e e godisitsweng ke mokgatlho o o ikemetseng ka nosi o o kwa Lontone o o bidiwang Survival International. Boipelaetso jo bo tlhagisitsweng ke Survival International (SI) le mekgatlho e mengwe ya boditšhabatšhaba bo ikaegile ka gore batho ba tlholego lefatshe ka bophara ba na le tshwanelo ya lefatshe la borraabonemogologolwane. Mekgatlho eno e bapisitse go tseelwa ditsha ga batho ba morafe wa San kwa Kalahari le ga batho ba bangwe ba tlholego ke dipuso tsa bokoloniale kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, puso ya Botswana ga e amogele kgopolo ya “batho ba tlholego” e bile ga e ise e tlhomamise ditumalano tsa boditšhabatšhaba tse di supang ditshwanelo tsa batho ba tlholego le merafe, jaaka Tumalano ya No. 169 ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Badiri. Go ya ka SI, le fa batho ba San ba sena tshwanelo ya semolao ya go nna mo CKGR (e SI e sa e amogeleng), kwantle ga pelaelo batho ba San ba ne ba na le mafelo a bone a bonno ka letlha la go fuduga. SI o nganga gore batho ba San ba ne ba amogiwa dithoto tseo kgatlhanong le go itlhophela ga bona, mme ka jalo ba na le tshwanelo ya go busediwa mo dithotong tsa bona ka fa tlase ga thuto ya "go amoga", e e neng ya bopa motheo wa ditleleimi tsa SI le Batho ba Ntlha ba Kalahari kgatlhanong le Puso ya Botswana mo kgetsing e e botlhokwa ya kgotlatshekelo. Le fa kgetse ya kgotlatshekelo e ne ya wediwa ka kgwedi ya Sedimonthole 2006 e solegela bakopatshedimosetso ba San, go ile ga ngangisanwa ka gore Puso ya Botswana ga e a latela katlholo mme e thibela ka tsela e e seng ka fa molaong baagi ba pele ba CKGR go boela kwa metseng ya bona kwa CKGR ka go thibela phitlhelelo ya diteseletso tsa go tsoma le go epa sediba.
Puso ya Botswana e ne ya buelela boitshwaro jwa yone ka mabaka a a farologaneng. E biditse tlhokego ya go sireletswa ga diphologolo tsa naga mo Lefelong la Tshireletso; ditshenyegelo tse di thibelang tsa tlamelo ya ditirelo tsa motheo kwa mafelong a bodulo; le keletso ya yona ya go itsise morafe wa San mo setšhabeng se segolo sa Botswana le mo tlhabololong.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2007-12-11.