Noo Saro-Wiwa

Go tswa ko Wikipedia
Noo Saro-Wiwa
Tsalo
Port Harcourt, Rivers State, Nigeria
LetsoBritish-Nigerian
Ke moUnited Kingdom|British, Nigeria
Alma materColumbia University
TiroWriter
Dingwaga tsa a le mo tirong2012 - present
O itsegi kaTravel writing
Notable work
Transwonderland: Travel in Nigeria
Masika
Zina Saro-Wiwa (twin sister)

Ken Wiwa (brother) Ken Saro-Wiwa(father)

Noo Saro-Wiwa ke mokwadi wa kwa Britain le Nigeria, o o kwalang ka maeto a gagwe. Ke ngwana wa molwela ditshwanelo wa kwa Nigeria Ken Saro-Wiwa wa mosetsana.

Thuto[fetola | Fetola Motswedi]

Noo Saro-Wiwa o tsholetswe kwa Port Harcourt kwa Nigeria, a golela kwa Ewell kwa Surrey, England.[1] O tsene sekolo kwa Roedean School, King's College London le Columbia University kwa New York, mo bo gompienong o nna kwa Lontone.[2]

Tse a di kwadileng[fetola | Fetola Motswedi]

Buka ya ntlha ya ga Saro-Wiwa e ne e le Looking for Transwonderland:Travels in Nigeria, e e gatisitsweng ke ba Granta Books ka ngwaga wa 2012.[3] E ne ya tlhophelwa go phadisanela seetsele sa Dolman Travel Book Award,[4] mme ya neelwa tlotla ya go nna buka ya metsamao ya ngwaga wa 2012 ke ba Sunday Times. E ne ya tlhophiwa go nna buka ya beke ka ngwaga wa 2012 ke ba seromamoa sa BBC, e ne ya tlhophiwa go nna nngwe ya dibuka tse di gaisitseng ka ngwaga wa 2012 ke ba Financial Times. Pampiri ya dikgang ya The Guardian e ne ya akaretsa buka e mo go tse di lesome tsa Aforika tse di gaisitseng ka ngwaga wa 2012. E ranoletswe mo dipuong tsa French le Italian. Ka ngwaga wa 2016 e ne ya fenya seetsele sa Albatros Travel Literature kwa Italy.


Ka ngwaga wa 2016, o ne a nna le seabe mo kgobokanyong ya dibuka ya An unreliable Guide to London e e gatisitsweng ke Influx Press, le A Country of Refuge e e buang ka batho ba ba batlang mafelo a botshabelo. Nngwe ya dipolelo tsa gagwe e ne e akaretsa La Felicita Degli Uomini Semplici ya bobedi le ya masome a marataro le borataro, e e mo puong ya Italian e bua ka kgwele ya dinao.


O nnile le seabe mo tshekatshekong ya dibuka, maeto le dikakanyo ka mekwalo mengwe mo dipampiring tsa The Guardian, The Independent, The Financial Times, The Times Literacy Supplement, City AM, La Republica, Prospect le The New York Times.


Makasine wa Conde Nast Traveller o tlhophile Saro-Wiwa go nna mongwe wa bomme ba batsamai ba le masome a mararo ba ba nang le thotloetso e tona ka ngwaga wa 2018.[5]

O na le seabe mo kgobokanyong ya dibuka ya ngwaga wa 2019 ya New Daughters of Africa, e e tlhabolotsweng ke Margaret Busby.[6]


O boletse ditiragalo tsa setshwantsho sa BBC sa Silence Would be Treason,[7] se se supilweng ka ngwaga wa 2022, Firikgong a le lesome le botlhano. Setshwantsho se akaretsa makwalo a a rometsweng ke Ken Saro-Wiwa kwa go Majella McCarron o e neng e le moitlami wa lotso lwa Irish.

Botshelo jwa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

Noo Saro-Wiwa ke ngwana wa mosetsana wa mmoki ebile e le molwela ditshwanelo tsa tikologo Ken Saro-Wiwa, lewelana la gagwe ke motlhami wa di filimi Zina Saro-Wiwa.

Dibuka tsa gagwe[fetola | Fetola Motswedi]

  • Looking for Transwonderland:Travels in Nigeria e e gatisitsweng ke Granta Books ka 2012

Kitso tlaleletso[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Jon Henley, "Nigerian activist Ken Saro-Wiwa's daughter remembers her father", The Guardian, 31 December 2011.
  2. "Noo Saro-Wiwa" at David Higham.
  3. Noo Saro-Wiwa (5 January 2012). Looking for Transwonderland: Travels in Nigeria. Granta Publications. ISBN 978-1-84708-552-8.
  4. "2013 winner". authorsclub.co.uk. Archived from the original on 25 December 2014.
  5. Michelle Jana Chan, "The World's Most Influential Women Travellers", Condé Nast Traveller, 19 December 2018.
  6. Olatoun Gabi-Williams, "After seminal anthology, Busby celebrates New Daughters of Africa", Guardian Arts, The Guardian (Nigeria), 21 April 2019.
  7. "Silence would be teason". The Documentary Podcast. 15 January 2022. Retrieved 18 January 2022.