Oliver Pikati

Go tswa ko Wikipedia
Oliver Pikati
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Oliver Pikati
Maemo Striker
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
1993–2006 Police XI
Setlhopha sa setshaba
1994–2002 Botswana 5 (2)
*Metshameko ya gagwe le dinno

Oliver Pikati (o tshotswe ka Motsheganong a tlhola lesome le boferabongwe ka ngwaga wa 1973) ke motshameke wa pele Botswanamotshameki pele wa kgwele ya dinao yo o neng a tshamekeke kwa pele. O kile a tshamekela setlhopa sa sechaba sa Botswana mo dingwageng tse di fagare ga 1997 le 2002.

Oliver o rotloetsa banana go tsenelela metshameko[fetola | Fetola Motswedi]

Sekgantshwane sa kgwele ya dinao e bong Oliver Pikati o gakolotse banana go tsaya ka tlhoafalo metshameko e e farologanyeng go akaretsa kgwele ya dinao, ka ba ka kgona go felela ba itshetsa ka yone isago.Oliver yo o tumileng ka leina la kgwele ya dinao la Msawawa o boletse seno,mo moletlong wa go baakanyetsa mabelo ka Labotlhano beke e e fitileng kwa kanye o o neng o rulagantswe ke komiti ya Olympic ya Botswana go kopanya banana ka metshameko e e farologaneng.A re fela jaaka mo mafatsheng a mangwe, dikgantshwane tsa metshameko e e farologanyeng ba itshetsa ka yone, mo go ba beileng mo bontleng jwa go amogela madi a a kgotsofatsang.A re banana ba tshwanetse ba tsee malebela mo go bone le gore ba tsee kgwele ya dinao jaaka talente e e nang le bokamoso go sa kgathalesege gore ba simolola mo ditlhopheng tse di senang maina, a re ke yone tsela ya go palamelela kwa ditlhopheng tsa tlhwatlhwa.Fa ke tshwantshanya kgwele ya dinao le dinako tsa maloba, go ntshupegetsa gore motshamiki o ka tshela fela go sena kwa a berekang teng jaaka mo nakong eno ke beile matshelo ame mo setlhopheng sa Olando Pirates FC ko Afrika borwa Mongala a rurifatsa.A re o simolotse a tshamekela setlhopha sa Kanye Happy fighters, a tshamekela Kanye Southern Pirates, a ya kwa Townshiprollers go fitlha a ya go tshameka kwa Aferika Borwa a tshamekela setlhopha sa Silver Stars FC se jaanong se bidiwang Platinum Stars.O tlhalositse fa mo nakong eno a tsabakela ko setlhopheng sa Orlando Pirates FC le sa sechaba sa Botswana.

Ke itumeletse go nna le sebaka sa go tshameka kgwele ya dinao le banana, le go ba kgothatsa go nna Botho ka re itsege ka letshego leo. A re banana ba tsene mo metshamekong yotlhe ka go farologana ka e le tsela nngwe ya go itshidila mmele. Moeteledipele wa lekgotla la Botswana Integrated Sports Association le le simolotseng ka ngwaga wa 1979 Rre Steve Botlhasitse o tlhalositse fa lekgotla le tlhamilwe fa go baakanyediwa metshameko ya mafatshe a selekane.Botlhasetse o boletse fa moono wa Botswana National Olympic Committee e le go baakanyetsa metshameko le gone go e isa ko bathong go sena sekgoreletsi sa dingwaga gore a motho ke ngwana kana ke mogolo.A re metshameko ke tsela ya go itshidila mmele le go nna matlhagatlhaga ka nako tsotlhe.Metshameko ya letsatsi e ne e akaretsa basketball,di aerobics le kgwele ya maoto e ka yone banana ba ileng ba nna le sebaka sa go e raga le Phenyo.Ditlhopha tsa kgwele ya dinao tse di neng di na le seabe ke Tribal team, District Administration (DA), VDC1, VDC2, BOFWA, Kgosing, Raisong Stars,IS le Mabogodika,fa tsa basketball di ne di akaretsa Race B Ballers, Face Ballers, Base B Ballers le sa K Base Ballers.

Mogaka wa kgwelwe ya dinao Oliver Pikati o rotloetsa metshameko[fetola | Fetola Motswedi]

Puso e kopilwe go fetola tsamaiso ya tiriso ya madi a metshameko ya banana e e rotloediwang ke tautona go tila tiriso madi botlhaswa Kgang e e remeletse segolo jang mo bojalweng jo boleng kgatlhanong le moono wa metshameko eo.Se se nopotswe ke monni wa motse wa Gudigwa, Rre Mmolai Emang mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa molaodi wa kgaolo ya Okavango, Rre Lenamile Montsho kwa Gudigwa bosheng.Rre Emang a re go setse go itshupile gore madi a metshameko ya banana ga a dirisiwe sentle mo mafelong mangwe ka jalo go a tlhokafala gore go dirwe ditshekatsheko tse di tseneletseng tse e tlaareng kwa bofelong di rarabolole bothata joo mo go ka solegelang Batswana molemo.A re mo nakong eno ditlhopha dingwe go akarediwa sa Gudigwa ga di dirise madi a metshameko eo sentle ba itontela ka one majwalwa .Rre Emang o dule ka mogopolo wa gore pele ga ditlhopha di ka fiwa madi a tsone go itsiwe pele gore di batla go dira eng ka one gore ba tle ba direlwe thekethe ee rekang kgotsa go itsa go a jela mo ganong jaaka go diragala mo nakong eno.A re fa puso e ka seke e sekegele tsebe ntlha eo madi a setshaba a tla a felela mo phefong a sa diragatse maikaelelo a one e leng go namola banana mo manokonokong a lehuma.A bo a ikuela mo ofising ya ga molaodi wa kgaolo potlana ya Okavango go lebelela ntlha eo ka itlho le le nchocho dilo di ise di senyegele pele.

Rre Emang o gwetlhile ofisi ya ga molaodi go dira thulaganyo e e tlhapileng go thusa ditlhopha tsa kgwele ya dinao ka dipalamo go ba isa kwa mafelong a mangwe go ya go tshameka ka jaana mo motseng wa bone go sena dipalamo tse ba ka di dirisang.A re ba tlhola ba utlwa go buiwa fela ka molomo gore ditlhopha di tshwanetse go thusiwa ka dikoloi tsa puso mo dikgaolong fa go na le maeto a go ya go tshameka kwa mafelong a mangwe, ntswa kwa go bone go sa diragale ka gore bagolwane ba maphata a puso ba batla mokwalo o o rurifatsang mafoko a go nna jalo.E rile a akgela mongwe wa batshameki ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Gudigwa, Rre Boatametse Mukwami a rurifatsa fa ba dirisitse madi ao go nwa ka one bojalwa ka lebaka la go tlhoka bogakolodi jwa baeteledipele ba motse ba tshwana le kgosi le mokhanselara.A re kgosi ya bone le mokhanselara ba ba latlheletse fela kwa tshimologong mme morago ga bokhutlo jwa metshameko bone ba bona go tshwanela gore ba ithube matsadi a metshameko ka go nwa bojalwa ka madi ao.Rre Mukwami o rile ba ne ba utlwisiwa botlhoko thata ke gore ene e are ba kopa bagolwane bao go ba thusa ka dipalamo go ya go tshameka le ditlhopha tse dingwe kwa mafelong a mangwe ba gane go ba thusa mme kwa bofelong ba bo ba tla ka dikgakololo tsa tiriso ya madi ao a setse a fedile.Sebui se sengwe, Rre Mokwengu Kavetu o ngongoregetse lebala la bone la metshameko a re go medile ditlhare mo go lone mme le ba kgoreletsa go ikatisa abo a kopa gore ba thusiwe ka katakata go le tlhabolola.Legale, Mokhanselara wa kgaolwana ya Gudigwa, Olatotse Sarefo o ne a kgwela botlhoko balatedi ba setlhopha seo, o boletse fa ba sa bue nnete fa ba re ba tlhokile bogakolodi jwa go dirisa madi ao.A re o lekile go ba gakolola ka tiriso ya madi ba ise ba a senye gore ba reke ditlhako tsa ikatiso ka one le go beela fa thoko madi a go hira koloi go ba isa kwa mafelong a mangwe fa ba ya go tshameka le ditlhopha tse dingwe mme ba gana, fela ka bane ba batla go a dirisa botlhaswa.A re se se tlhomolang pelo ke gore gompieno ga ba na tsone ditsompelo tsa go tsamaisa setlhopha sa bone ka jalo ba eme eme fela morago ga go kgaritlha madi otlhe.Mokhanselara a re ka bo ene o thusitse setlhopha seo mo makgethong ale mantsi ka go ba isa kwa mafelong a tshwana le Seronga, le gone go ya go ba tseela cheke ya madi kwa Gumare a dira jalo ka ditshenyegelo tsa gagwe.O tlhagisitse balatedi ba ditlhopha tseo gore fa ba ka tswelela ka go dirisa madi ao botlhaswa Tautona o ka nna a emisa ka gore se ba se dirileng se kgatlhanong le moono wa gagwe.Mothusa molaodi o kopile balatedi ba ditlhopha tseo go ya go kopa bogakolodi mo bogoging jwa motse jaaka bogosi, mokhanselara le bodirela puso ka tiriso ya madi ao.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Botswana-footy-bio-stub