Onkabetse Nkobolo

Go tswa ko Wikipedia

Onkabetse Nkobolo o o tshotsweng ka ngwaga wa 1993, kgwedi ya Phukwi e le malatsi a le masome a mabedi le boraro, ke motabogi wa kwa Botswana, o o itebagantseng le go taboga lobelo lwa boleele jwa dimithara di le makgolo a mane.[1] O ne a tsaya karolo mo dikgaisanong tsa World Championship kwa Beijing tsa 2015, mme a retelelwa ke go fetela maemong a seka makgaolakgang. Fa godimo ga foo, o ne a fenya dikgele di le pedi kwa African Games tsa ngwaga wa 2015. Mabelo a gagwe a a gaisitseng mo go one ke lo a tabogileng metsotswana ele masome a mane le botlhano kwa Brazzaville ngwaga wa 2015, le lo a tabogileng metsotswana ele masome a mane le borataro kwa San Sebastian ngwaga wa 2015.

Dikgaisano tsa mafatshefatshe[fetola | Fetola Motswedi]

Ngwaga Kgaisano Lefelo Maemo Boleele jwa lobelo Dintlha
A emetse lefatshe la Botswana
2011 African Junior Championships Gaborone,Botswana Lesome le bosupa 800m 1:55.20
2014 African Championships Marraketch,Morocco Botlhano 400m 46.78
2015 IAAF World Relays Nassau,Bahamas Borobabobedi 4 x 400m relay 3:03.73
World Championships Beijing,China masome a mabedi le boraro 400m 45.17
borobabongwe 4 x 400m relay 2:59.95
African Games Brazzaville, Republic of Congo boraro 400m 45.50
bobedi 4 x 400m relay 3:00.95
2016 African Championships Durban, South Africa maemo a ntlha 4 x 400m relay 3:02.20
Olympic Games Rio de Janeiro, Brazil botlhano 4 x 400m relay 2:59.06
2017 IAAF World Relays Nassau,Bahamas bobedi 4 x 400m relay 3:02.28
World Championships London,United Kingdom lesome le bone 4 x 400m relay 3:06.50
2018 Commonwealth Games Gold Coast,Australia maemo a ntlha 4 x 400m relay 3:01.78
African Championships Asaba,Nigeria borataro 400m 46.83
2019 African Games Rabat,Morocco maemo a ntlha 4 x 400m relay 38.80
World Championships Doha,Qatar --- 4 x 400m relay DQ

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

  1. Onkabetse Nkobolo at World Athletics.Retrieved 25 August 2015.